Lethoho le Lentsho la Matlhare le Jam
Lethotho le lentsho (Solanum retroflexum) ke sejalo se se tshwanang le more sa ngwaga le ngwaga se se tlholegileng mo Afrika Borwa.
Le itsagale gape jaaka nastergal, Umsobo, muxe, umsobo wesinja, umosobosobo le lintsontso. Le kaiwa ke batho ba bangwe fa ele ‘mofero’, fela, gantsi le fitlhelwa mo mmung o o humileng ka nitrogen, mme le kaiwa fa ele morogo o o matlhare a matala o o botlhokwa o o lengwang mo malapeng go kgabaganya Afrika Borwa.
Go na le ‘Solanums’ tse dingwe di le di ntsi mo lolapeng lono, mme tse di itshupileng ke Solanum nigrum (lethotho le le tlwaelegileng kgotsa poisonberry), Solanum tuberosum (tapole) le Solanum lycopersicum (tamati).
‘Lethotho’ le na le mefuta ele mentsi mme dikarogano tsa lona di matswakabele. Mo Afrika Borwa americanum, S. nigrum le S. retroflexum ke mefuta e e diriswang thata.
Lethotho le lentsho le golela kwa boleeleng jo bo ka fitlhang go 75cm mme le bopa setlhare se se kgolokwe ka dikalana tse di phepôlenyana le matlhare a a botala jo bo setlhefetseng. Dithunya ga di matswakabele mme di na le diphetale tse tshweu le bogare jo bo serolwana jo bo tlhagisang meretlwa e metala, e e fetogelang go mmala o o phepôle-bontsho fa e butswa. Meretlwa, matlhare a a foreshe le matlhogela a a boleta di ka jewa. O seke wa kopakopanya meretlwa ya Solanum retroflexum le ya lethotho le le kotsi (Atropa belladonna). Meretlwa ya lethotho le le kotsi e a phatsima mme dithunya tsa yona di phepôle, eseng tshweu.
Go Jala Lethotho
Lethotho le lentsho, jaaka sejalo se se bonolo go jalwa, le siame fa le jalwa gotswa mo dipeong le go jalelelwa jaaka matlhogela. Temô ya lethotho le lentsho ka matlhogela e ka ntsha thôbô ya leungo ya 1.2 kg/m2. Le itshokela mebu ka bontsi le maêmô a a makgwakgwa, fela le rata mmu o o bometsi. Ga le kgone go mela mo moriting.
Dipatlisiso di bontshitse fa lethotho le tlhoka nitrogen (N) le phosphorus (P). Seno se ka rebolwa ka mokgwa wa monontsha wa khemikhale, jaaka 2: 3: 2 kgotsa 3: 2: 1 ka seelo sa 40 g/m. Komiki ya tee e e tlwaelegileng e tsenya monontsha o o ka nnang 200g, ka jalo seno se tla khurumetsa 5m. Tshela monontsha mo forong mme o tswakanye le mmu pele o jala.
Lefapha la Temôthuo, Dikgwa le tsa Ditlhapi le rotloetsa se se latelang: fa go diriswa mosutele wa kgogo kgotsa kolobe, tshela kgamelo ya 10lt mo moleng o o ka nnang bophara jwa 20cm mo boleeleng jwa 15m. Selekanyetso se se tshwanang sa mosutele se diriswa le ka mosutele wa lesaka tota, go khurumetsa karolo ya boleele jwa 5m.
Morago ga go jala, khurumetsa ka kobelo e e jaaka bojang jo bo omileng go tshola bometsi. Le fa lethotho le lentsho le kgonana le komelelô, le tlhoka metsi ka ge seno se tla tokafatsa thôbô - bonnye 4 litre mo 1 m².
Disenyi tsa lethotho le lentsho, ditshoswane, aphids tse ntsho, maritshe, ditsie le dikhukhwane, di laolwa ka tikoloso-jalô kgotsa molora wa logong o o tlhotlhorelwang mo matlhareng. Tlhopha dijalwa-mmogo tse di jaaka eiye le garlic, tse eleng dikoba-matsêtsê tsa tlhagô.
Lethotho le lentsho le tshaba blight (blight ya go sale gale le blight ya letlhare), megare, e e jaaka kgweleanô ya letlhare, tshika e e serolwana, mmogo le mouta o mosetlha le phori. Maêmô a kgolô a a magareng le maêmô a mmu a a siameng a ka thusa mo phokotsong ya malwetse.
Sekai se se Dirisegang
Lethotho le lentsho le le ka etsang 2 hectares le ne la jalelwa kgwebisano mo polaseng magareng ga Memel le Newcastle. Matlhogela a ne a jalwa mo botharing jwa Diphalane, ka mela e mebedi mo boalông. Mealô e ne e katogane ka 5m go letla ntshô-mofero ka motšhine. Mola mongwe le mongwe o ne o na le senosetsi sa rothisô mme o ne o khurumeditswe ka boalô jwa polasetiki jo bo phuntsweng diphatlha tsa matlhogela. Go phatlhalatsa kotulo ya moretlwa, matlhogela a ne a jalwa ka nakwana-magareng ya beke tse tharo.
Thôbô e ne e ka nna 1.5 t/ha, fela katoganô e e atumelaneng e ne e ka ntsha 2,5 tons tsa meretlwa mo hekethareng.
Basadi ba selegae ba kgetlile meretlwa ka seatla mme ba ne ba putswetswa kilogram nngwe le nngwe e ba e kgetlileng. Di-jam (ka Afrikaans ‘nastergal konfyt’) di ne tsa rekiswa jaaka Umsobo, leina la seZulu la lethotho le lentsho.
Go Ja Lethotho le Lentsho
Tsela e e gaisang ya go kotula matlhare a lethotho ke go sega letlhogela lotlhe, ka seno se tsosolosa kgolôseša. Kotulo ya ka metlha ya matlhogela a maša le go ntsha makungwa go rotloetsa matlhogela a a phaphaletseng mme go atolosa paka ya kotulo. Matlhare a ka kotulwa go fitlha meretlwa e simolola go tlhoga. Morago ga seo, matlhare a nna letlalo.
Fa le diriswa jaaka morogo o o matlhare, matlhare le matlhogela a a boleta a lethotho a ya kotulwa le go apewa, fela matlhare a ka jewa a le matala. Matlhare a a apeilweng gantsi a tshôlwa jaaka seshabo.
Bokotsi jwa lona ga bo a tlhapa fela meretlwa e metala (e e sa butswang) e na le solanine, e e bakang bontlhanyana jwa botlhole. Meretlwa e kgetlwa ka seatla fa ele phepôle-bontsho, gantsi go tloga ka Ferikgong go fitlha Moranang. Meretlwa e tlhoka go kgetlwa ntle le calyx (‘phetale’ ya kwa ntle e e thata ya moretlwa e okareng komiki) kgotsa e tshwanetse go ntshwa pele e apewa. (Tshwara meretlwa mme o gogele calyx kwa matlhakoreng).
Meretlwa e ka jewa ele metala kgotsa e apeilwe, fela tatso e tokafala ka kapeô. Leungo le fitlhetswe fa le le monate, le fa le le lennye, fa go bapiswa le Solanum nigrum var. guineense e e tshwanang le lona, le na le tatso e e tswina. Meretlwa gantsi e a phetolwa go dira jam, e e leng sejo-nate se se sewelo mme gantsi se fitlhelwa kwa marekisetsong a balemirui.
Meretlwa e e tšhwetlilweng ya lethotho le lentsho e ka diriswa gape jaaka salsa kgotsa salad-dressing: tsenya meretlwa e e tšhwetlilweng ya lethotho mo garlic le eiye tse di gadikilweng, caraway le dithôtsê tsa sesame, oli ya olive le balsanic vinegar. Dirisa le matlhare a lethotho a a gadikilweng mme o tshele feta mo godimo.
Mo go le lengwe, a tshele mo godimo ga tlhapi, fa ele tala.
Ditiriso tsa Kalafi tsa Lethotho le Lentsho
Matlhare a ka diriswa jaaka setlotsi go alafa disô, dinthô le leucoderma (bolwetse jo mo go bona mmala o latlhegang mo dikarolong dingwe tsa letlalo, mme seno se bake dipatso tse tshweu).
Dipatlisiso di netefaditse fa Solanum nigrum e na le dimelo tsa twantsho ya herpes. E dirisetswa go simolola mofufulelô, ke seokobatsa-setlhabi le seritibatsi, fela ga go a tlhapa gore a seno ke selemo sa Solanum retroflexum.
Elatlhoko: Kotulo ya dimela tsa naga tse di jegang e ka nna kotsi mme e tshwanetse go dirwa fela ke mokotudi yo o maitemogelo mme ana le kitso. Bosetlabošweng ba ka lwala kgotsa ba tlhokafala ka ntlha ya go ja semela se se sa sismang.
Boitatolô jwa tsa Phôlô
Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.
Translated by
Nchema Rapoo