Ditshekatsheko tsa mmu di tshwanetse go ka dirwa dingwaga dingwe le dingwe di le mmalwa, go kaetsa ditshweetso tsa kumisô le go baakanya ditlhôkô-tekatekanô le ditlhaelô tsa dikotla pele korong e ka jalwa. Lenaane la kumisô le tla tshwanelwa ke go dirwa gore go akaretswe dipharologano tsa mmu mo dikarolong tse di farologaneng tsa polase ga mmogo le mo lefatsheng le le lengwe, go akaretsa go ungwa ga mmu, maêmô a bosa, thôbô e e totilweng, mokgwa wa temôlelo ga mmogo le dijalo tse di neng di jadilwe mo legatong le le fetileng la tikoloso-jalô.
Balemirui ba tshwanela ke go lekalekanya ditlhokegô tsa kumisô le tlhwatlhwa ya seno go netefatsa fa tlhagiso e nna le lotseno. Ga go fe tlhogo go dirisa madi ale mantsi mo kumisông go feta a lotseno lwa lefatshe le le totilweng.
Moremogolo wa kumisô ke go netefatsa fa dijalo di nna le phitlhelelo ya dikotla e e lekaneng go golola bokgoni jwa tlhagiso jwa tsona ka botlalo. Tlhaelô-dikotla e ka nna le seabe se se sa siamang mo kgolông mme ya bakela sejalo kgatelelô, selo se kwa morago se dirang gore dijalo di tlhaselwe bonolo ke ditshenekegi le go runya ga malwetse.
Korong ga keletso e tshwanetse go ka tlhagiswa mo mebung ya seêlô sa pH sa magareng ga 5.5 goya go 6.5 mo sekaleng sa calcium chloride. Dikotla tsa mmu tse di rileng di ka se nne teng fa pH e wela kwa tlase ga 4.5. Lime e ka diriswa go oketsa dielô tsa pH pele go ka jalwa, mme dielô tse di tlhokegang di ikaega mo seêlông sa pH le mofuta wa mmu.
Motswedi wa lime o tshwanelwa ke go tlhophiwa ka tshwanelo. Goya ka Agricultural Research Centre Small Grain Institute’s Guideline. Production of Small Grain in the Summer Rainfall Area, dolomitic lime e tshwanetse go diriswa fa selekanyetso magareng ga calcium le magnesium se le kwa godimo ga 10:1. Calcific lime e tshwanetse go diriswa fa selekanyetso magareng se le kwa tlase ga 10:1 mme magnesium ele kwa godimo ga 40 mg/kg (ppm), mme go diriswe dolomitic lime fa magnesium ele kwa tlase.
Lime e tshwanetse go tshelwa dikgwedi di ka nna tharo goya go nne pele ga go ka jalwa mme e tlhakatlhakanngwe sentle le mmu ka mogoma wa offset kgotsa wa papetlatsheko mme e lemelelwe, kwa boteng jwa 200 mm goya go 400 mm. Balemirui ba ka jala mefuta ya dijalo e e nang le itshokelo e e siameng ya aluminium, go retibatsa ditlamorago tsa mebu e e esiti mo tlhagisong.
Nitrogen, phosphorous le potassium tsotlhe di na le seabe se se golo mo tlhagisong. Balemirui ba tshwanetse go golagana le moitseanape wa bonetetshi jwa mmu kgotsa Grain SA go bona ditshêlô tse di tshitshinngwang le go ba thusa go fetofetola ditshitshinyo tseno goya ka ditlhokegô tsa lenaane la tlhagiso la bona le tikologo. Gape go gontle go buisana le balemirui ba bangwe mo kgaolong ka ga maitemogelo a bona a kumisô, go bapisa dipholo tsa gago kgatlhanong le tsa ba bangwe.
Seêlô se sa fetang 20 kg sa nitrogen se tshwanetse go ka tshelwa ka motsi wa jalô, ka ge nitrogen e kgona go fisa peo mme e na le ditlamorago tse di sa siamang mo melông, goya ka Agricultural Research Centre Small Grain Institute’s Guideline. Production of Small Grain in the Summer Rainfall Area. Ditshêlô tse di kwa godimo di tshwanetse go ka dirwa pele ga jalô kgotsa nitrogen e tshwanelwa ke go bewa kgakala le peo ka motsi wa jalô fa go feta 20 kg/ha go tlile go tshelwa.
Balemirui ba le bantsi ba dira ditshêlô di le pedi goya go tharo tsa nitrogen go thibela kgogolego le go netefatsa fa dijalo di fitlhelela nitrogen e e lekaneng ka nako e e tshwanetseng ya kgolô. Ditshêlô di tshwanetse go fokotswa fa sejalo, se se jaaka menawa, se se tsenyang nitrogen mo mmung se ne se jadilwe mo setlheng se se neng se feta, fela di oketswe fa thôbô e e kwa godimo e ne e tlhagisitswe mo setlheng se se fetileng kgotsa fa go na le masaledi ale mantsi a a sa repetlwang mo mmung ka nako ya jalô, selo se se ka isang kwa pakeng e e maswe ya nitrogen.
Ditshêlô tsa phosphate di tshwanelwa ke go kaelwa ke tlhagiso e e rulagantsweng go heketara nngwe le nngwe le seêlô sa phosphate se se leng teng mo mmung. Potassium ga se gole gantsi e nna sebaki sa thôbô e e bokoa mo Afrika Borwa, fela ditlhaelô di ka diragala mo mmung o o motlhaba wa alkaline e e kwa godimo, ka fa tlase ga maêmô a mmu a a tsididi, a a metsi le/kgotsa a a omeletseng le mo mmung o o nang le dielô tse di kwa godimo thata tsa magnesium le kgotsa calcium.
Ditshêlô tsa dielemente-potlana, tse di jaaka copper, zinc, manganese, iron, molybdenum le boron, di ka se nne botlhale mo lobakeng lwa moruo mo tlhagisong ya mo lefatsheng le le omeletseng kgotsa mo mafatsheng a thôbô e e kwa tlase ga selekanyô, ka jalo balemirui ba tshwanela ke go balelela tshenyegelo eno ka kelotlhoko pele ba tshela dikotla tseno. Fela fa matshwao a tlhaelô-dikotla a sena go iponatsa, gantsi go a be go setse gole thari go busetsa tshenyô kwa morago, fela digasi tsa mo letlhareng di ka thusa go thibela ditatlhegelô goya pele.
Translated by Nchema Rapoo