Khabetšhe

© Louise Brodie

Leina la Bonetetshi: Beta vulgaris var. cicla
Leina la Tlwaelô: Khabetšhe

Tlhalosô ya Sejalo

Rosette ya matlhare a matala e e ithatetsang mo thitông e khutshwane go bopa kgwele kgotsa tlhogo e e mo bogareng. E na le modithulaganyo wa botswantle, seno se kaya gore medi e tlhoga gotswa mo thitông kgotsa serwê tsa letlhare mme eseng gotswa mo pelwaneng ya modi.

Ditiriso

E ka apewa kgotsa ya jewa ele tala jaaka salate.

Ditlhokegô le Paakanyô ya Mmu

Khabetšhe e ka jalwa mo mefutafuteng ya mebu fela e dira sentle mo mebung ya serokwa e e nang le kelometsi e e siameng mme e kgona le go tshola metsi, e e tshelwang menontsha sentle. Ga e gole sentle mo mmung wa esiti e e kwa godimo. pH e e eletsegang ya mmu e farologana gotswa go 5.5 goya go 6.5 mme ga e a tshwanela go letlelelwa goya kwa tlase ga 4.5. Mo mebung ya pH e e kwa godimo ga 6,5 matlhare a ya fifala mme masitlhare a ya swaba. Dijalo tse di mo mebung e e letswai le tsona di tshabelwa ke blackleg.

Bosa

E gola ka go gaisa mo boseng jo bo rurufetseng bo le bongôla. Matlhare a nna manono ka go itshupa mme boleng jwa tlhogo bo a koafala mo boseng jo bo omeletseng. Tatso e e boleta le yona e a latlhega ka fa tlase ga maêmô ano. Thôbô le boleng di bokoa ka selemo, mme gape go thata go laola ditshenekegi tsa disenyi. Dithemphoritšhara tse di siametseng kgolô le kgatelôpele ke tse di simololang go 18°C goya go 20°C.
E kgonana sentle le segagane mme e ka falola dithemphoritšhara tse di kwa botlaseng jo bo jaaka -3°C ntle le go senyega. Khabetšhe gape e tlwaetswa maêmô a bosa a a farologaneng ka bophara mme e ka jalwa ngwaga otlhe kwa dikgaolong ka bontsi.

Botelele jwa Letsatsi

E ka jalwa ngwaga otlhe fela boleng bo angwa ke bosa jo bo omeletseng bo le bothitho thata.

Dijadi

Mefuta ele mmalwa ya khabetšhe e kgaogantswe ka ditlhopha tsa conical kgotsa sugarloaf-headed, ballheaded le drum-headed, goya ka sebopego sa tlhogo le savoy.
Ditlhopha goya ka setlha ke tse di latelang:
Letlhabula le dikgakologo - Conquestador le Gladiator
Dikgakologo le thari ka selemo - Tenacity le Conquestador
Thari ka selemo - Hercules, Drumhead le Grand Slam
Thari ka selemo le letlhabula - Megaton
Di ka kgaoganngwa gape goya ka mmala le kgolô-tsheko tsa tsona. Matlhare a ka nna matala kgotsa khibidu le borethe kgotsa matsutsuba. Mefuta ya savoy e itshokela maêmô a a tsididi mme e na le matlhare a a botala jo bo tseneletseng a a boteng ale matsutsuba.

Translated by Nchema Rapoo