Jalô ya Khabetšhe

© Louise Brodie

Jadisô

Gotswa peong.

Mokgwa wa Jalô

Jalô ya peo ka tlhamalalô mo mmung e ka dirwa mmogo le jalelelô ya matlhogela. Lefatshe le tshwanetse go ka phepafatswa le go lengwa boteng jwa 450 goya 600 mm e ka nna kgwedi pele ga jalô, mmu o tshwanetse go ka phepafatswa ka khemikhale go bolaya di-nematode pele ga nako ya jalô fa go tlhokega. 50% ya tlhokego ya dikotla e tlile go ka tsenngwa le yona pele ga jalô mme e lemelelwe ka mogoma wa papetlatsheko go lekalekantsha mmu le go o baakanyetsa jalô.

Katoganô

Mo lobakeng lwa dijadi tsa ditlhogo tse di kgolo, dijalo di tshwanetse go ka katoganngwa ka 400mm mo meleng e e katoganeng ka 700 mm. Seno se lekana le dijalo tse di ka nnang 40 000 goya go 50 000 mo hekethareng. Mo lobakeng lwa dijadi tsa ditlhogo tsa bogolo jo bo mo magareng, dijalo di tshwanetse go ka katoganngwa ka 300mm mo meleng e e katoganeng ka 500 mm. Seno se lekana le dijalo tse di ka nnang 60 000 goya go 65 000 mo hekethareng.

Nako ya Jadisô

Jadisa dipeo mo makiding ka mo gare ga kagô ya dijalo e e sireletsegileng nako nngwe le nngwe go ralala ngwaga.

Nako ya Jalô

Jalô ya matlhogela e diragala malatsi a ka nna 30 morago ga jadisô ya dipeo fa matlhogela ale boleele jo bo ka nnang 100 mm. Khabetšhe e ka jalwa ngwaga otlhe mo Afrika Borwa ntle fela le kwa dikgaolong tse di itemogelang serame se se tseneletseng kgotsa dipaka tse di bothitho thata.

Paka ya Kgolô

Malatsi ale 100 goya go 120 morago ga jalo.

Kumiso

Go tlhotlhomisa ditlhokegô tsa dikotla, tshekatsheko ya mmu e tshwanetse go ka dirwa. Khabetšhe ke seji se se golo mme go kopanya monontsha o o tlwaelô le mosutele le/kgotsa motshotelo go tlile go rebola dipoelo tse di ntle. Menontsha ya tlhokakhabone le yona e ka diriswa.
Kgakololô-kakaretso: Pele ga jalô, lemelela ka mogoma wa papetlatsheko bonnye jwa 1000kg ya 2:3:4 (27) go netefatsa fa dijalo di bona thagogô e e siameng.
Mme o tshele manyôrô wa fa godimo wa nitrogen mo meleng ya jalô.

Dibeke tse Pedi morago ga jalô – 250 kg LAN mo hekethareng
Dibeke tse Nne morago ga jalô - 350kg LAN mo hekethareng
Dibeke tse Thataro morago ga jalô – 500kg LAN mo hekethareng

O seke wa tshela monontsha thari thata ka ge seno se ka baka phatlhogô kgotsa ditlhogo tse di senang sebopego.

Nosetsô

Nosetsa matlhogela gangwe ka letsatsi mo dikgweding tse di rurufetseng mme gabedi ka letsatsi mo dikgweding tse di thuthafetseng, go fitlha a siamela go ka jalololwa. Nosetsa le go metsifatsa karolo e go tlilweng go jalelwa mo go yona gore matlhogela a jalelwe mo mmung o o metsifetseng. Fela fa a sena go jalelelwa nosetsa ka gangwe gore dijalo di kgone go tsepama mo tikologong e ntšhwa. Morago ga fao nosetsa magareng ga 30 le 40 mm ya metsi ka beke goya ka themphoritšhara le mofuta wa mmu.

Translated by Nchema Rapoo