Taolô-Jalo ya Khabetšhe

© Louise Brodie

Tikoloso ya Sejalo

Dikolosa ka menawa le dijalo tse dingwe tse di baakanyang nitrogen ka ge khabetšhe ele modirisi o mo golo wa nitrogen. Tshola tikoloso go nna ya dijalo tse di sa tsalaneng go samagana le kagegô ya disenyi tse di tlwaelegileng.

Thôbô - di-tonne mo hekethareng

E e lekaneng: 30 tonnes
E e magareng: 45 tonnes
E e siameng: 65 goya go 80+ tonnes

Kotulo

Kotulo ya khabetšhe gore e rekiswa ele foreshe gantsi e dirwa ka seatla ka thipa kgotsa sekere sa ditlhare go tila go senya ditlhogo. Fa e kotulelwa go phetolwa e kotulwa ka metšhine. Fa go kotulelwa gore e bolokwe, thitô e tshwanetse go segwa ka boleele mme matlhare a kwa ntle a tlogelwe ka bontsi gore a e sireletse.

Poloko

Poloko gantsi e dirwa ka 0 goya go degree centigrade ele nngwe.

Disenyi le Malwetse

Go bona maele a a maleba go rotloetswa gore o bone kgakololô gotswa go motlhankedi wa tsa temô wa gago wa selegae kgotsa gotswa go mogakolodi wa sekema sa dikhemikhale.

Disenyi

Disenyi tse di tlwaelegileng thata tse di fitlhelwang mo khabetšheng ke American bollworm, aphids, diamondback moth le cabbage webworm.

Malwetse

Malwetse a a tlwaelegileng thata ke Blackleg, pôlô e ntsho, phori, cubroot, pôlô e e boleta le pôlô ya Sclerotinia.