A Kgeru ya Mongongo e ka Thibela Tatlhegelô ya Moriri?

© SAplants
Ditlhare tsa Mongongo (Schinziophyton rautanenii), tse di itsagaleng gape jaaka manketti, di fitlhelwa mo borwa jwa Afrika segolo thata mo mebung ya motlhaba e e boteng ya Kgalagadi. O ntse o diriswa jaaka sejo le mo tlhokomelong ya letlalo (sesireletsa-tsatsi sa tlhagô le setlôtsa-moriri) dingwagangwaga di le di ntsi ke batho ba selegae. O na le esiti e e itlhaotseng e e tsibogelang matlhasedi a UV go bopa boalô jwa tshireletso jo bo seng mafura mo letlalong le mo moriring. Oli ya thapô e na le seelo se se kwa godimo sa zinc (Zn) e e tlaleletsang boleng jwa ona jwa tshireletso.
Leungo la bogolo jwa plum, la boleele jo bo ka nnang 3.5cm, le lebega jaaka mae a a borethe mme le wela fatshe go simolola ka Mopitlwe go fitlha Motsheganong gore le butswe. Le na le boalô jo bo sesane jwa leungokobolwa le le jegang, le kgapa e e tiileng e e nang le dipeo ka mo gare. Leungo le jewa ke tholo le tlou, tse di ‘latlhang’ dipeo tse di ‘phepafaditsweng’ ka mekoa e e botsipa...
Fa o kotulwa ka seatla, leungukobolwa le tlhoka go ka phepafatswa pele kgapa e tšhwetlwa go gamola oli gotswa mo dipeong. Dipeo tse di dikotla thata di ka beswa mme di latswega jaaka almond kgotsa cashews.
Maungo a kotulwa kwa nageng mme a na le bokgoni jo bo gaisang jwa tlhagiso ya oli, fela bothata jwa go gamola thapô ke lengwe la mabaka a a dirileng gore thôbô ya mongongo e lekanyediwe mo malobeng.
Thapô e na le seelo sa protein se se ka nnang 25%, seelo sa mafura se se ka nnang 50% le vitamin E (tocopherol) e e kwa godimo - e e ka nnang 560 mg go 100 gm ya thapô. E na le dimelô tsa bofetola-oli go nna sesepa tse di dirang oli mosola mo go direng disepa.
Oli ya kgeru ya Mongongo e e humileng e kitlane, e a metsifatsa, ntšhwafatsa le go bopafatsa ka ntlha ya seelo se se kwa godimo sa esiti ya linoleic (magareng ga 30% le 54%) mme e diriswa mo tlhokomelong ya letlalo (jaaka setlhatswa, setlôdi le senolofatsa) le mo ditlhagisweng tsa moriri. Seelo se se kwa godimo sa protein le oli se dira oli ya mongongo kalafi e e gaisang ya moriri o o omeletseng o o letshiri mme e ka thusa go thibela tatlhegelô ya moriri. Jaaka oli e e sedilang mmele, oli ya mongongo e retibatsa letlalo le le omeletseng ebile le tleboga, le go thusa go fodisa dintho ka go tlhotlheletsa ntšhwafatso ya togwa.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo