Ke eng Lebelebele?

Tlhaloso le Tlholego

©Shanmugamp7
Lebelebele (Pennisetum glaucum) ke bojang jo bo telele jo bo itshokelang komelelô, jo bo golelang kwa bogodimong jo bo fitlhang go 3m ka matlhare a maleele a okareng magare, medi e e boteng thata le ditlhogwana tsa peo tse eketeng motsitla. Medi e e boteng e dira gore sejalo se kgonane le komelelô le go nna boitshoko ka ge se kgona go fitlhelela metsi gotswa kwa boteng jwa lefatshe. Lebelebele le tlhagisa dithoro (dipeo) tse di jewang ke batho, mme sejalo sotlhe se ka diriswa jaaka sefepi sa diphologolo.
Go dumelwa fa le tlholegile kwa dikgaolong tse di kwa bophirima tsa sekaka sa Sahara mo Afrika, dingwaga di ka nna 4 000 tse di fetileng. Le itsagale gape jaaka motsitla, manna (Afrikaans), leotsa (Sepedi), nyalothi (in Sesotho), inyouti (isiNdebele), mhuga, mhungu (Shangaan) kgotsa unyaluthi, unyawoti and unyawothi (isiZulu).
E jalwa gantsi ka seelo sa go itshedisa kwa metse-magaeng ya Borwa jwa Afrika, kwa dikgaolong tse di mogote tse di omeletseng tsa tshologo tse di sa tsepamang tsa dipula.

Ditiriso tsa Lebelebele

Kwelotlase mo temông ya lebelebele, le go lengwa ga mmopo mo boemong jwa lona, e bakwa ke mabaka a a farologaneng: maiteko a dipatlisiso a dirile gore mmopo o tlhagisege go feta lebelebele, mme phetolo e e bonolo e dirile gore mmopo o dirisege bonolo. Seno se isitse kwa goreng mmopo o lemiwe kwa dikgaolong tse o seng matshwanedi kwa go tsona, le kwa o sa kgoneng go diragatsa. Ka fa go sa tshwaneng le fao, lebelebele le ntsha thôbô ka tsepamo kwa dikgaolong tse di leng mogote thata mme di omeletse thata go ka tshegetsa dintshô tse di tsepameng tsa ka metlha tsa mmopo (kgotsa le mabele tota).
Go na le kakanyo ya gore dithoro tsa lebelebele di dirisetswa gantsi phepô ya diphologolo, mme ga di a siamela ope ntle fela le batlhoki ba ba tshwerweng ke tlala. Seno ke phosô. Lebelebele ke sejo se se dirang go le gontsi, se se nang le bonnye 9% ya protein, diesiti tsa amino tse di farologaneng le oli e e fetang ya mmopo. Ebile gape le jega bonolo go feta mabele ka ge le sena tannins, karolwana e e borokwa e e latswegang bosula. Lebelebele le diriswa jaaka thoro e e feletseng jaaka reisi, le thugilwe kgotsa jaaka bopi jwa rotis, mo dijong tse di bedisitsweng, magobe, couscous, dinô le dijo tsa boiketlo.
Lebelebele le ntsha thoro ya peo e e senang gluten, e e kwa godimo ka maatla fela ele kwa tlase ka glycemic index (low GI). Le kwa godimo ka mafura, protein, iron, zinc le phosphorus (P) - P e botlhokwa thata mo kgolông ya marapo. Dipeo di ka jewa jaaka dithoro tse di apeilweng, tsa diriswa go titiela bojalwa kgotsa tsa silwa go dira bopi. Jaaka sefepi sa diphologolo, lebelebele le jalelwa go tlhagisa silage, furu kgotsa go fulwa ka tlhamalalo fa le le tala.
Jaaka sefepi sa diphologolo, dipeo di ka fiwa dikgogo, semela se se tala sa dirisetswa phulô kgotsa sa dirisetswa tlhagiso ya silage le furu. Seresemela se se omeletseng se ka dirisetswa go loga ditlatlana, mo thulelong le go aga magora a a botlhofo.

Translated by Nchema Rapoo