Jalô ya Butternut

© Louise Brodie

Jadisô

Jadisô ya Butternut ke gotswa mo peong.

Mokgwa wa Jadisô

Dipeo di jalwa ka seatla le ka metšhine ya jalô. Dipeo tsa butternut di jalwa ka tlhamalalô mo meleng ya jalô e e baakantsweng. Dipeo di jalwa ka boteng jwa 2.5 cm goya go 3 cm. Mo lefelong lengwe le lengwe la peo, jala dipeo di le 2 ka katoganô ya 10 cm go netefatsa phasalatso. Matlhogela a tlaleletso a ka ntshwa le go jalwa felo gongwe fa dipeo ka bobedi di medile. Letlhogela le le nonofileng go gaisa le ka tlogelwa.

Katoganô

Dijalo di tshwanetse go ka katoganngwa ka 30 cm goya go 40 cm, mo meleng e e katoganeng ka 120 cm. Seno ke magareng ga dijalo tsa butternut di le 20 000 le di le 30 000 mo hekethareng.

Nako ya Jalô

Butternut ke morogo wa bosa jo bo bothitho, ka jalo jalô e direga go simolola go sale gale ka dikgakologo go fitlha mo bogareng jwa selemo. Mo Afrika Borwa jalô e simolola ka Phatwe fa dithemphoritšhara di setse di simolotse goya godimo morago ga mariga. Mo dikgaolong tse go nang le kgonagalo ya segagane le dithemphoritšhara tse di kwa tlase tse di santseng di ka diragala, jalô e tla simolola fela ka Lwetse. Jalô e ka atologela kwa tshimologong ya Sedimonthole fa dithemphoritšhara tsa mo gare ga selemo di sa fete 35°C kgapetsa kgapetsa.

Paka ya Kgolô

Paka ya kgolô ya butternut gantsi ke magareng ga dibeke di le 12 le di le 15 morago ga jalô ya dipeo go fitlha fa butternut tsa ntlha di siamela go ka kotulwa.

Kumiso

Simolola go baakanya lefelo la jalô ka bobotlana kgwedi pele ga jalô. Fa mmu o tlhoka motshotelo, simolola ka go tshela 20 m³ to 30 m³ ya mosutele kgotsa motshotelo mo hekethareng, le go lemelela seno mo mmung o o fa bogodimong jwa 300mm. Mmu jaanong o tlogelwa go tsepama le motshotelo mme mela ya jalô e baakanngwe. Fela fa dipeo di medile mme matlhogela a maša a itlhomile, tshela magareng ga 400 le 600 kilograms ya 2:3:4 (30) mo hekethareng go ikala le mela ya dijalo. Tshêlô ya bofelo ya nitrogen mo sebopegong sa 250 kilograms ya LAN (Limestone Ammonium Nitrate) e tshwanetse go ka dirwa dibeke di le tlhano goya go di le thataro morago ga jalô go nonotsha kgolô ya leungo fa butternut tsa ntlha di sena go enya.

Nosetsô

Butternut e na le modithulaganyo o o totang ole boteng, ka medi e mengwe e e golelang kwa boteng jwa methara fa mmu o siame ebile o baakantswe sentle, mme seno se kgonisa sejalo go itshokela le seelo se se rileng sa kgatelelô ya metsi, fela go santse go le botlhokwa go netefatsa fa mmu o nna ole metsi. Notsetsa magareng ga 25 mm le 35 mm ka beke ka paka ya kgolô. Metsi a a lekaneng mo meding a botlhokwa go thunyô le enyô tse di siameng.

Translated by Nchema Rapoo