ya Butternut

© Louise Brodie

Leina la Bonetetshi: Cucurbita Moschata
Leina la Tlwaelô: Butternut

Tlhalosô ya Sejalo

Butternut ke karolo ya lolapa lwa merogo lwa cucurbit. Di-cucurbit tse dingwe di akaretsa makgomane, cucumber le maphutshe. E tlhoga ka go rapalala mo mmung mme dithitô le dikalana di gola gonna merara e e seng mentle. Sejalo se na le matlhare a magolo a a kgolokwe a sebopego sa pelo. Sejalo se monoecious, seno se raya gore dithunya tsa tona le tsa tshegadi ka bobedi di tlhoga mo sejalong. Dithunya tsa tshegadi tse di tlhagisang leungo di kgolo mo dithunyeng tsa tona tse di sa tlhagiseng leungo. Leungo le bopegile jaaka selennere mme le kukumoge kwa bofelong mo phatlheng ya peo eleng teng.

Ditiriso

Leungo le le butswitseng la butternut le ka jewa le besitswe, le bedisitswe le siletswe sopo kgotsa le phetotswe le go tsenngwa mo lebotlolong kgotsa kotikoting. Ke motswedi o o siameng wa fibre, e tletse dikotla mme e humile ka Calcium, Vitamin A, C le E. Matlhare le dithunya le tsona di ka jewa jaaka merogo ka botsona kgotsa di kopantswe le merogo e mengwe kotsa di-protein.

Ditlhokegô le Paakanyô ya Mmu

Butternuts, jaaka di-cucurbits tse dingwe, di rata mebu ya serokwa se se motlhaba goya go e e serokwa, e e nang le kelometsi e e siameng mme e na le seelo se se kwa godimo sa monontsha o e seng wa maitirelo. pH ya mmu e tshwanetse go nna magareng ga 6 le 6.8. Fa mmu o le esiti thata, tsenya lime mo mmung pele ga temô ya ntlha ya tshimo.
Simolola go baakanya mmu dibeke di le thataro pele ga letlha le o ikemiseditseng go jala ka lona. Fa go na le kitlano mo mmung, go gakololwa gore mmu o tlhatlhamololwe ka mogoma wa subsoiler go repisa kitlano. Fa monontsha kgotsa lime di tlhokega, jaanong lime, motshotelo kgotsa mosutele di gasaganngwa mo godimo ga tshimo mme di lemelelwe ka motsi ono.
Mmu o lengwa mo boteng jwa 300 mm goya go 400 mm le go o tswakanya le motshotelo le lime. Go molemo go lema gabedi gore mmu o tlhakatlhakanyege sentle. Temô ya bobedi e ka dirwa ka angle e e farologaneng le ya ntlha.
Goga êga mo godimo ga tshimo go thuba mebu ya ditlhaga le go lekalekantsha lefatshe. Seno se thusa gape go tlhagola masaledi mangwe le mangwe a mofero gotswa mo tshimong. Malatsi ale mmalwa pele ga jalô, tshimo e ka lengwa ka êga ya papetlatsheko go tlhagola gape mefero e e simolotseng go tlhoga le go rethefatsa lefatshe. Morago ga seno mela ya dijalo e ka dirwa meboto le go rethefatswa kgotsa ya phaphathwa go baakanya boalô jo dipeo tsa butternut di tlileng go jalelwa mo go bona.

Bosa

Butternut ke sejalo sa bosa jo bo bothitho, ka jalo go jala go kokoantswe mo dikgakologong le dikgwedi tsa go sale gale ka selemo. Mo Afrika Borwa seno ke go tloga ka Phatwe go fitlha Sedimonthole. Sejalo se tshaba segagane thata mme dipaka tse di telele tsa dithemphoritšhara tse di kwa tlase ga 4°C di ka bolaya dijalo.
Ga fela paka ya kgolô ya sejalo sa butternut e sa itemogele malatsi ale mantsi a dithemphoritšhara tse di kwa godimo ga 35°C (seno se oketsa thunyô ya dithunya tsa tona tse di sa enyeng maungo) kgotsa dithemphoritšhara tse di kwa tlase ga 12°C (seno se diegisa kgotsa mo gongwe ebile se emisa kgolô le tswelelopele), butternut e ka jalwa go simolola ka bogaufi jwa Phukwi go fitlha ka bothari jwa Tlhakole.
Themphoritšhara e e siameng ya medisô ke 20°C goya go 30°C, mme dithemphoritšhara tse di gaisang tsa kgodisô ke 22°C goya go 32°C motshegare, ka dithemphoritšhara tsa bosigo tse di seng kwa tlase ga 16°C.

Dijadi

Apollo, Arela, Atlas, Carmela, Cosmos, Pilgrim, Pluto, Sheba, Titan, le Waltham eleng mofuta wa kwa tshimologong wa butternut.
Go na le mefuta e meša ya butternut e potlana e e tsenang mo mmarakeng jaaka wa Barbara.

Translated by Nchema Rapoo