Taolô-Jalo ya Butternut

© Louise Brodie

Tikoloso ya Sejalo

Go tota go siame go dikolosa le dijalo tse dingwe tse di jaaka dithoro, alliums le merogo e e matlhare.
Thôbô (di-tonne mo hekethareng)
E e lekaneng: 15 tonnes
E e magareng:20 tonnes
E e siameng: 30+ tonnes

Kotulo

Kotulo e simolola malatsi a ka nna 90 morago ga jalô ya dipeo, kgotsa malatsi a ka nna 30 morago ga go enya ga leungo. Kotula fa letlapi la kwa ntle la butternut kgotsa lekapê di simolola go nna thata. O seke wa tlogela butternut gore e butswe gotlhelele pele o ka e kgetla, ka ge seno se emisa ntshô-tlhagiso ya sethunya le go fokotsa thôbô. Sega kgotsa goga butternut ka karolo e potlana ya thitô, ka ge seno se oketsa botshelo jwa yona jwa pele ga tiriso le jwa poloko. O seke wa senya letlapi ka ge seno se rotloetsa malwetse le go bola. Kotulo e ka tswelela sebaka se se ka nnang sa kgwedi. Balemi bangwe ba letlelela sejalo go tswelela go thunya mme ba ka kotula sebaka le go roba jalô tse pedi mo tshimong.

Poloko

Butternut e ka bolokwa go fitllha dikgwedi tse di ka nnang tharo mo diphaposing tse di nang le tsamao e e lekaneng ya mowa le kelomowa mo magareng ga maungo. Pele ga poloko di-butternut di tshwanetse go ka alafiwa ka tshwanelo. Seno se dirwa mo tshimong malatsi a ka nna 12 fela fa go sena pula mme maêmô a bosa a le bothitho le go omelela, kgotsa mo diphaposing tse di nang le sethuthafatsi sa maitirelo mo themphoritšhareng e e ka nnang 26°C le bongôla jwa 80%. Morago ga go alafa butternut, themphoritšhara ya paka-telele ya poloko e tshwanetse go nna 10°C goya go 11°C, ka bongôla kwa 70%.

Disenyi

American bollworm, Red spider, pumpkin fly, ladybird, vine borers, aphids, nematodes

Malwetse

Anthracnose, Downy mildew, Fusarium, Powdery mildew, Leaf spot, Sclerotinia, Fruit rot, Mosaic virus
Go gakololwa gore o bone kgakololô gotswa kwa motlhankeding wa tsa jalô wa gago wa selegae kgotsa mogakolodi wa dikhemikhale ka ga lenaane la tshireletso ya dijalo la taolo ya disenyi le malwetse.

Translated by Nchema Rapoo