Jalô ya Asparagus

© Louise Brodie

Jadisô

Jadisô ke gotswa mo peong.

Mokgwa wa Jalô

Jalô ya dipeo tsa asparagus ka tlhamalalô mo mmung e ka dirwa, fela go botoka go jala dipeo mo kagông ya dijalo mme dikgwedi tse di ka nnang lesome morago ga fao o ka jalolola fela matlhogela a a nonofileng go gaisa. Thala mosele o o bulegileng wa sebopego sa V mo boteng jo bo ka nnang 200mm mo lefelong la jalô, mme o jale matlhogela (kgotsa dikorone tse diša) mo meseleng le go a khurumetsa ka 50mm ya mmu. Fa matlhogela a sena go tsepama mme dikorone tsa dijalo di bopegile, jaaka sejalo se gola, khurumetsa ka mmu o o epolotsweng wa mesele o o setseng, go netefatsa fa korone e khurumeditswe ke 150mm ya mmu.

Katoganô

Dijalo di tshwanetse go ka kgaoganngwa sekgala sa 20 goya go 30 cm mo meleng e e katogantsweng sekgala sa 150 cm goya go 200 cm. Seno ke dijalo tse di mo magareng ga 20 000 le 30 000 mo hekethareng.

Nako ya Jalô

Jala dipeo thari ka selemo go fitlha go sale gale ka letlhabula, mme dikgwedi di le lesome morago matlhogela kgotsa dikorone tsa gago di tlabe di siame go ka jalololwa.

Nako ya Jalelelô

Jalelelô e dirwa go sale gale ka dikgakologo go fitlha go sale gale ka selemo. Go simolola ka Phatwe go fitlha kwa bofelong jwa Ngwanatsele mo Afrika Borwa.

Paka ya Kgolô

Dijalo tsa asparagus di ka tshela go fitlha dingwaga di le 15. Paka ya kgolô fa marumo a tlhagiswa le go kotulwa ke go simolola ka Diphalane goya go Mopitlwe. Thari ka dikgakologo go fitlha go sale gale letlhabula.

Kumiso

Pele o jala, tshekatsheko ya mmu e tshwanetse go ka dirwa go tlhotlhomisa ditlhokegô tsa dikotla. Fa mebu ele esiti thata, lime e tshwanetse go ka tshelwa le go lemelelwa mo mmung ka bobotlana kgwedi pele ga jalô. Pele ga jalô e ka simolola tshêlô ya mosutele wa kgogo kgotsa bobotlana 1000 kg ya motswako wa NPK 2:3:2 e tshwanetse go ka lemelelwa mo mmung o o fa bogodimong jwa 400 mm.
Fa dijalo di sena go tsepama, mme matshwaô a ntlha a marumo a bonagala, tshela 800 kg e nngwe ya 2:3:4 mo hekethareng. Fa marumo a ntlha a sena go kotulwa, tshêlô e nngwe ya nitrogen ka sebopego sa 150 kg ya LAN mo hekethareng e ka gasaganngwa go ikala le mela ya jalô. Tshêlô ya bofelo ya morago ga kotulo ya 150 kg ya LAN mo hekethareng e ka rebolwa dibeke di le thataro morago ga paka ya kotulo.

Nosetsô

Nosetsa 25 mm goya go 30 mm ya metsi ka beke go fitlha modithulaganyo o tlhoga sentle, mme morago ga fao nosetsô tseno di ka atolosetswa go malatsi mangwe le mangwe ale 14 mo pakeng yotlhe ya kotulo. Fa pula e ka na dinosetsô tseno di ka khutshwafatswa mme mo komelelông e e kgolo thata kgotsa mo bongôleng jo bo kwa tlase jo bo bothitho, dinosetsô tseno di ka oketswa. Ka tsela efe kgotsa efe netefatsa fa o diragatsa tlhokomelo ya kgatelelô ya mmu ka go dirisa neutron probe, dilekanya-kgatelelô kgotsa ka mokgwa wa seatla ka go dirisa garawe kgotsa augur.

Translated by Nchema Rapoo