Asparagus ka Kakaretso

© Louise Brodie

Leina la Bonetetshi: Asparagus officinalis
Leina la Tlwaelô: Asparagus

Tlhalosô ya Sejalo

Asparagus ke semela se se tshelang sebaka gotswa lolapeng lwa Asparagaceae. Semela se tlhoga gotswa mo meding ya rhizome ka fa tlase ga lefatshe, e e tlwaelegileng ka go bitswa korone. Matlhogela ale mmalwa a tlhoga gotswa mo koroneng le go tswelela fa godimo ga mmu, mme seno ke karolwana e e kotulwang le go jewa. Matlhogela kgotsa marumo a asparagus a kotulwa fa a ise a butswe mme ale boleta ebile a gautsega, fa a setse a goletse mo magareng ga 15 le 20 cm fa godimo ga lefatshe. Fa marumo a letlelelwa go gola go feta fano a nna thata mme a tlhagise dithitô tse di tiileng le dikalana mme a nne le matlhare a a tshwanang le patadikgagane.
Semela sa asparagus se ka golela kwa boleeleng jo bo fetang di-meter tse pedi. Gotswa mo dikalaneng, meretlwa e mennye e mehibidu e tlile go enya mme yona e gole go nna dipeo tse di dirisetswang jadisô. Fa semela se ija fela thari ka letlhabula kgotsa go sale gale ka mariga, dikalana di ka segwa mme tsa tseelwa dipeo tse di gokaganeng le tsona.

Ditiriso

Asparagus e jewa jaaka morogo e bedisitswe, e phufuditswe, e gadikilwe kgotsa ele tala mo disalateng. E humile ka di-vitamin A, B6, C, E le K mme gape e na le dielo tse di kwa godimo tsa folate, calcium, iron le protein. Go begwa fa e thusa go ka thibela matlapana a philô. Asparagus gape e a timpatswa le go rekiswa ele mo metêmêng.

Ditlhokegô le Paakanyô tsa Mmu

Pele ga jalô, dira sampole le tshekatsheko tsa mmu tsa tshimo yotlhe e e tlileng go jalwa. Asparagus e ka dula e tlhagisa kungô, mo mmung o le mongwe, dingwaga di le 15. Ka ntlha ya lebaka leno, paakanyô ya mmu e botlhokwa thata. Asparagus e dira bontle mo mebung e e motlhaba le ya serokwa ele motlhaba. E ka jalwa mo mebung e e nang le pH ya magareng ga thataro le supa. Kgwedi pele ga jalô, mmu o tshwanetse go ka petlekwa mo boteng jwa bobotlana 600mm go repisa mmu. Fa mebu ele esiti thata mme pH e tshwanetse go fetolwa, lime e tshwanetse go ka tlhakanngwa go isa pH kwa godimo ga thataro.
Mebu jaanong e lengwa ka boteng le go pitikololwa magareng ga boteng jwa 400 mm le 500 mm. Monontsha wa gago wa pele ga jalô ga jaana o ka lemelelwa mo mmung mmogo le lime. Kgwedi morago ga fao fa o siametse go ka jala, tshela monontsha wa gago wa khemikhale wa pele ga jalô, mme o tlhakatlhakanyetse seno mo mmung o o fa bogodimong jwa 20cm ka mogoma wa papetlatsheko. Seno gape se phepafatsa le go lekalekantsha karolo ya gago ya jalô le go ntsha mefero mengwe le mengwe e e tlhogileng. Jaanong o siametse go ka thala mesele ya gago ya jalô le go simolola go ka jala dikorone tsa gago tsa asparagus.

Bosa

Asparagus e ka jalwa mo boseng jo bo atogileng. E dira sentle fa dithemphoritšhara tsa paka ya tlhagiso kgotsa ya kotulo di farologana magareng ga 15°C le 26°C. Dithemphoritšhara tse di kwa godimo di baka fibre e ntsi mo marumong, mme e a dire gore a se eletsege mme ka jalo go sa rekisege. Dithemphoritšhara tse di kwa tlase ga 12°C di baka kgolô e e bonya mme ka jalo thôbô e e kwa tlase.

Dijadi

Mary Washington, California 500, Connover’s Colossa le mefutatswaka ele mentsi e e tlholetsweng dimelô tse di itlhaotseng; jaaka marumo a matelejana a gagametse ale masesanenyana mme a sa tsenwe ke malwetse mangwe. Mefutatswakwa mengwe ke UC66, UC72 le UC157. Mo tlhophong ya mofuta kgotsa e e fetang bongwe, go gakololwa gore o bue le motlhankedi wa gago wa selegae wa tsa jalô kgotsa sekema sa dipeo mo kgaolong ya gago go bona kgakololo.

Translated by Nchema Rapoo