Hoodia go Fokotsa Mmele?

© Alice Notten of Kirstenbosch
E batlelwa thata dimelô tsa kalafi tsa yona, Hoodia gordonii ya selebego se se gakgamatsang e bitswa gape ghaap e e botlha, Kalahari cactus, ‘bokhorings’ (manaka a podi ka seAfrikaans) kgotsa khobab (ka seKhoisan). Semela se a obolwa mme se jewe se le se tala mme se itswe ka dimelô tsa sona tsa kgatelelô ya keletsô-dijo, jaaka se diriswa ke batsumi ba Basarwa ba ka nako dingwe ba tsamaileng malatsilatsi ntle le dijo le metsi.
Dipatlisiso ka ga semela seno di simolotse ka dingwaga tsa bo-1960 mme ka 1977, setswakwa, P57, se ne sa tlhaolwa gotswa go Hoodia gordonii ke South African Council for Scientific and Industrial Research (CSIR). Setswakwa seno gatwe se romela tlhaeletsanô kwa bobokong go thusa mmele gore o ikutlwe o ‘kgotse’, mme se rekiswa jaaka dipilisi tse di gatelelang keletsô-dijo go thibela keletsô ya dijo. Dipatlisiso dingwe mo diphologolong di fitlhetse ditlamorago tse di jaaka koketsego ya go betsa ga pelo.
Hoodie e fitlhelelwa jaaka seeledi, lorole, pilisi, tee, dimonamone le capsule.
Sehupa-metsi seno se mela mo maêmông a a farologaneng (mebu e e motlhaba goya go e e matlapa) mme se kgona go itshokela mogote (go feta 40℃) le serame (-3℃). Hoodia e botoka fa e mela gotswa mo peong. Malomo a mmala o o pinki goya go phepôle a a nkgang bosula a tlhagiswa ka Lwetse go fitlha Diphalane, mme a ngôka dintsi tse di dirang jaaka didulafatsi. Di-capsule tsa thapo tse di lebegang jaaka manaka a podi (ka jalo leina la seAfrikaans - ‘bokhorings’) di tlhagelela go sale gale ka selemo. Hoodia e fitlhelwa gantsi kwa dikgaolong tsa Kgalagadi tsa Afrika Borwa (Kapa Bokone), Namibia le Botswana.
Temoso: Mefuta yotlhe ya Hoodia e kwadisitswe jaaka ditshedi tse di sireleditsweng ka fa tlase ga Environmental Conservation Ordinance No.19 ya 1974 mme lekwalo-tetla le a tlhokagala go jala, go kotula, go kgobakanya dipeo kgotsa go gweba ka sedirwa sengwe le sengwe sa Hoodia.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo