Helichrysum Oil

© Alice Notten of Kirstenbosch
Oli ya Helichrysum e tlhotlhiwa go tswa mo ditslhatshaneng tsa monkgo o monate wa tse dimelang kwa mafelong a a gaufi le matshitshi a Afrika Borwa le kwa mafelong a dithaba tsa Free State le Lesotho. Go na le mefuta e ka nna 600 ya dibopiwa tsa Helichrysum mme palo ya go feta 240 ya tsone e mela mono Afrika Borwa fa e le metlhano ya tsone e lemiwa go dira mefuta ya di-essential oil.
Go na le maphato e meraro ya semela se. Go na le Helichrysum Odoratissimum (bontsi bo senoga mo Afrika Borwa). H. Splendidum (e tlholega mo Afrika Borwa) le H.Italicum (peo e e tlile fano go tswa kwa Italy). Ka sekgoa e itsege thata ka leina la “Everlasting” mme ka loleme la senguni e tsege ka leina la “imphepho” (ka seXhosa le seZulu), fa ka seKhoisan le seAfrikaans e bidiwa “Kooigoed”. Tiriso ya sone mo ditumelong tsa ditso dintsi ke go fisiwa mme e biletse badimo ba setso seo le go phepafatsa meya ya batho, go koba meya ee sa siamang mo dihapusing tsa meago ya bo okelo le kwa malapeng a batho.
E kgona le go kgala ditshenekegi mme e dirisiwa mo marobalong e bile e kgona go phekola bolwetse jwa go tlhoka boroko. Go dumelwa fa e kgona go fodisa tlhogo, go gotlhola, mofikela le go fisa ga mmele (fever). E kgona gape go bolaya dikokwanatlhoko (antibacterial) le bolwetse jwa mogare (antiviral). E ka dirisiwa go phekola motho fa a lomilwe ke ditshenekegi jaaka dogokgo, diphepheng ga mme le fa o ka lomiwa ke noga.
Oli ya Helichrysum ke molemo o o bolayang megare le goruruga (anti-inflammatory and anti-biotic). E dirisiwa go thusa malwetse a a tshwanang le matlhoko a mesifa le ramatiki (tendonitis and rheumatism), so fodisa mabadi (scar tissue), diso tsa letlhalo (dermatitis and acne). E na le matla a go tsoseletsa bontlhana jwa ditshedi (cell rejuvenation), mme seo se e dira engwe ya dikarolo tse dibotlhokwa tsa metswako ya dikirimi tsa letlalo le dikirimi tsa go sira letsatsi (skin creams and sunscreens).
Mosi wa yo n e o kgona go kokobatsa go thibana ga mafatlha le bo bereka kgatlhanong le malwetse a go ilwa ke sengwe (allergic reaction), mme fa e dirisetswa aromatherapy e ka kgona go fokotsa stress mme e tiise matla a masole a mmele.
Thobo ya yone e kaediwa ke maemo a bolepi (climate). Fa semela se se ka bona metsi a mantsi se ka abela kotulo kgotsa thobo tse pedi ka ngwaga. Ya ntlha ka paka ya dikgokologo fa e e latelang e ka bonwa ka paka ya gwetla/letlhabula. Semela se se na le matlhare, thito le dithunya tse di dirisiwang di omeletse kgotsa di le bosha, di apeiwe ka tsela ya “steam distilation” go ntsha oli e e mmala o bosetlha jwa mmala wa lephutshe (pale-yellow).
Monkgo wa yone o botlha (pungent) jwa tlhago (earthy and herbaceous). Tshimo ya tsone e ata ka peo, kgotsa go segiwa ga thito e e iseng e thuntse. Go na le balemi ba tsone kwa Clocolan kwa profinsing ya Free State, kwa Gauteng, Bavinaanskloof kwa Kapa Botlhaba (Eastern Cape) le kwa Stellenbosch le Piketberg (Kapa Bophirima).

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Ikalafeng Maedi