Go Jalwa ga Seleri

© Louise Brodie

Go Atisa

Go atisa ho tswa mo peogn ya Seleri.

Mokgwa wa go Jala

Go jala Seleri go ka dirwa ka tlhamalalo ya go jala peo mme bajada ba bantsi ba rata go dira ka matlhogela le go jala dijalo tse. Peo ya Seleri ke e nnye thata ka jalo go jala ka go lekalekana go bokete mme peo e tshwanetse go jalwa ka go se boteng that aka dimilimetara tse di ka nnang 3 go ya go 4. Go jala go dirwa ka diatla kgotsa ka go dirisa sediriswa sa go jala.

Go Katogang

Dimela di tshwanetse go katoloswa ka disentimetara tse 15 kgotsa 20 mo bogareng jwa tsona mo meleng e e leng disentimetara tse di 30 mo gareng ga tsona, ditselana di tshwanetse go tlogelwa ka ntlha ya ditiro tsa diatla le dijanaga ka go kgatsha le metšhene ya go roba. Se se ka nna magareng ga 100 000 le 150 000 ya dimela tsa seleri ka heketara go ya ka thulaganyo.

Nako ya go Jala

Jala seleri mo teng ga ntlo mo meleng ya ditherei tsa setlhogela ka kgwedi ya Phukwi mme o jale peo ka tlhamalalo mo kgaolong ya go jala ka mafelelo a kgwedi ya Phatwe. Seleri e e ntšhwa ga e a tshwanela go tlhagiswa mo serameng e e morago ka fa se se ka bolaya dijalo. Matlhogelwa ka tlwaelo a siametse go jalwa gape mo dibekeng di le 6 go ya go tse 8 go tswa mo jalong.

Nako ya go Jwala

Nako e e siameng ya go jala ditlhogela tsa seleri ke bogareng jwa kgwedi ya Lwetsi botsididi bo bo maswe fa bo fedile le segagane. Se se tla naa nako e e lekaneng go roba pele ga tshimologo ya mogote o o tseneletseng wa selemo.

Nako ya Go Mela

Seleri e ka tsaya dibeke tse di magareng ga 12 le 16 go tswa fa matlhogela a jalwa gape mo masimong go kgona go siamela thobo. Fa go jala go go tlhamaletseng go dirwa ka jalo e tla nna dikgwedi tse di ka nnag di le nne pele ga dijalo di tla siamela go robiwa.

Go Nontsha

Difosefore tse di kgolo di a dirisiwa mme di akareditswe fa mmu o baakanywa le go lengwa kwa tshimologong mo dibeke tse di ka nnang tse di robedi pele ga go jwala. Mo bekeng ya bofelo pele ga go jalwa, motswako wa Naeterojene le Potasiamo o ka dirisiwa mo meleng ya go jala le diharaka tsa sediko tsa disentimetara tse di 20 mo godimo ga mmu. Se e ka nna mo sebopegong sa dikilogeramo tse 500 go ya go 750 sa 1:0: (1) 36 mme se se tla naya matlhogela dikotla go rarabolola le go etleetsa tlhabololo ya medi le go mela ka nako ya kgwedi ya ntlha ya go mela.
Dibeke tse nne morago ga jala seleri tiriso e nngwe ya dikilogeramo tse 300 ya 1:0:1 (36) e ka dirisiwa go bapa le mela ya dijalo. Morago ga dibeke tse dingwe tse di nne pele ga nako ya go roba, tiriso ya bofelo ya dikilogeramo tse 300 ya 1:0: 1 (36) e ka dirisiwa go bapa lemola wa dijalo tsa seleri. Nosetso e tshwanetse go latela ka ponyo ya leitlho morago ga tiriso ya menontsha.
Tiriso ya menontsha gape e ka dirisiwa ka ditsamaiso tsa mekgwa ya go nontsha ka go rotha go ya ka dikatlanegiso tse di neetsweng ke diteko tse di tserweng mo mmung.

Nosetso

Nosetso e ka nna ka sebopego sa dikgatshi tse di emeng, dikgatshi tsa tsamaiso yatikoloso, dimista tsa sefofane se sennye kgotsa tsamaiso ya go rotha mo boalogodimong ba mela kgotsa mo mabakeng a mangwe dirothisi tsa fa tlase ga mmu go bapa le mela ya dijalo.
Letsatsi pele ga go jala seleri, dirisa nosetso e e ka nnang 20 mm go tlisetsa mmu mo bogolong jwa tshimo mme ka ponyo ya leitlho fela morago ga go jala matlhogela a dijalo tsa seleri a ka nnang 10 mm go rarabolola. Fa go jala peo ka tlhamalalo go a dirwa ka jalo netefatsa gore mmu o o godimo oo tsholwa o le bongola, dinako tse di kwa tlase tsa nosetso go fitlha fa peo e tlhagelelang le go mela mme di na le medi. Jaaka matlhogela a tswelela go maatlafala, dinako tse ditelele tsa go nosetsa di ka simolola. Fela fa dimela di setse di ntse sentle, tlwaedi ke e e ka nnang dimilemetara tse di 25 go ya go 35 tsa go nosetsa ka beke. Ka ntlha tsamaiso ya medi e e seng e boteng, go botokwa go nosetsa dijalo ka ditiriso tse pedi tsa go nosetsa ka beke.

Translated by Lawrence Ndou