Go Jala Jinja

© Louise Brodie

Go Atisa

Go atisa jinja ke go tswa jalong gape ya thitomodi e e beilweng go tswa mo thobong e e fetileng. Dithitomedi tsa go jalwa gape di ka rekwa go tswa kwa batlameding kgotsa mafelong a go godisa dimela.

Mokgwa wa go Jala

Thitomodi ya jinja e robiwa go nna dikarolwana tse dinnye mme tse di dirisiwa jaaka didirisiwa tsa dimela. Dikarolwana tse di tshwanetse go ka nna digeramo tse di 50 go ya go 75 ka bogolo tse di jalwang mo tikologong ya go jala mo boteng jwa disentimetara tse di 15.

Go Katogana

Dijalo tsa jinja di tshwanetse go katoganywa disentimetara tse di 25 go katogana mo meleng e e leng disentimetara tse di 30 ka go katogana. Se se lekana le go ka nna dimela tse di 100 000 go ya go 120 000 ka heketara. Ditselana tsa ditiriso le diterekere di tlogetswe mo meleng e mmalwa mengwe le mengwe mme se se ikaegile ka bophara ba diterekere kgotsa ditiriso tse di dirisitsweng.

Nako ya go Jala

Jala jinja mo tshimologong ya dikgakologo go ya go tshimologo ya selemo. Mo Aforika Borwa, go tloga mafelelong a Phatwe go ya go Diphalane ke nako e e gaisang.

Nako ya Go Mela

Jinja e tsaya dikgwedi di le robedi go ya go di le robongwe go ntsha thitomodi ya bogolo jo bo siameng kgotsa ya bosegwere ya thobo ya jinja ya bogareng jwa setlha ka Moranang le Motsheganong ya mmaraka o foreše. Jinaja ya morago ga nako e robiwa mo go ka nnang ngwaga morago ga go jalwa ka Seetebosigo le Phukwi. Jinja ya morago ga nako e rekisiwa e le foreše mme gape e omile mme mmung kgotsa go dirisiwa go gamola dioli. Jinja ya pele ga nako e robiwa ka Tlhakole le ka tshimologo ya Mopitlwe dikgwedi di le tlhano go ya go di le thataro morago ga go jalwa pele ga thitomodi e nnile le nako ya go oketsa tlhale. Jinja ya pele ga nako ka tlwaelo e robiwa ka diatla go thibela go senya le go gobatsa dithitomedi mme e ka dirisiwa mo go tlhokomeleng.

Go Nontsha

Jinja fa e jetswe kwa kgobeng e ka nna mofepi o o bokete ka ntlha ya go jalwa ka bontsi go netefatsa gore bokana ba kumo bo bo siameng. Jaaka gale, dira gore mmu wa gago o sekwasekwa ka tshwanelo go tlhomamisa ditlhokego tsa dikotla tsa di nepagetseng. Go a gakololwa go lemela bokana ba dilo tsa tlhago jaaka monotsha kgotsa motshetelo kgwedi pele ga go jalawa.
Jaaka kaedi ditiriso tse di latelang tsa menontsha di ka dirisiwa.
Morago ga go jala, fela fa dithitomedi di setse di ntse morago ga nosetso ya ntlha e e ka nnang beke go ya go malatsi a lesome morago ga go jala dirisa magareng ga dikilogeramo tse di ka nnang 350 le 500 ka heketara ya 2:3:4 (30) go bapa le mela ya dijalo tsa jinja. Motswako o o tshwanang o ka dirisiwa mo dibekeng di le 10 morago ga go jala mme gape mo dibekeng di le 16 le go ya go dibeke di le 24 morago ga go jala. Baya kgolo leitlho le tswelelo ya thitomodi mo tsamaong ya nako yotlhe ya setlha sa go mela. Dintlha tsa digasi le tsona di siame go netefatsa boitekanelo ba go mela ga sejalo.

Nosetso

Ke tiragalo e e siameng ya go dirisa khupetso go bapa le mela ya dijalo. Se se tshola mmu gore o se latlhegelwe ke mongola le go laola go mela ga mefero. Jinja e dira sentle mo dikgaolong tsa pula e e nang e e kwa godimo, ka jalo go nosetso e botlhokwa thata mo pakeng yotlhe ya go mela. Thulaganyo ya go nosetsa e e ka nnang dimillimetara di le 45 go ya go di le 50 ka beke e eleditswe. Go eleditswe gape go tsenya dilemosi tsa bongola sensors go laola diteng tsa bongola jwa mmu.

Translated by Lawrence Ndou