Tsamaiso ya Dijalo tsa Jinja

© Louise Brodie

Go Dikolosa Dijalo

Tikoloso ya dijalo eleditswe go thibela go tlala ga disenyi. Ga go botlhokwa fa lefatshe le tlhokega ka go tswelela go ntshakumo ya jinja le fa lenaneo la tshireletso ya dijalo le latelwa go lwantsha disenyi tse le malwetsi.

Bokana ba Kumo - Ditone ka Heketara

Kelotlhoko: 20 ditone
Palogare: 35 ditone
Siameng: 50 ditone

Go Roba

Thobo ya jinja ya fa gare ga setlha gantsi ke ya mo tshimologo ya Letlhabula ka Moranang le Motsheganong mme jinja ya kwa morago ga nako ka Seetebosigo le Phukwi fa matlhare a sejalo a suleng kwa morago mme omile. Thobo ya jinja ya fa gare ga setlha le ya morago ga nako ka tlwaelo e dirwa ka metšhine le sekuka ditapole. Dithitomedi tsotlhe di tshwanetse go robiwa ka gonne di tla simolola go mela gape fa maemo a bosa a simolola go thuthafala gape.
Jinja ya pele ga nako e e tlhokegang ka go tlhokomelwa mme e tlhoka go nna le tlhale e robiwa morago ga dikgwedi di le tlhano go tswa go jalwa ka seatla go se senye dithitomedi. Seno ka tlwaelo ke ka Tlhakole mo Aforika Borwa.

Poloko

Jaaka jinja e e foreše e jewa thata, dithitomedi tsa jinja di a omisiwa morago ga thobo ka go gatelela mowa o o bothito mo dikereiting kgotsa metomo. Komiso ya dijalo e tsaya nako e e ka nnang beke e le nngwe.
Poloko ya ginger e ka dirwa ka katlego go go fitlha dikgwedi di le 12. Thempheretšha ya poloko e tshwanetse go nna 15°C ka phufuding e e tsamaelanang le 80%.
Disenyi le malwetsi a a amanang le ntshokumo ya jinja di a farologana mo tsamaong ya ditikologong tse dintsi go ralala le lefatshen. Mathata a a tlwaelegileng a umakilwe ka fa tlase.

Disenyi

Dinematodes, Khunkhwane ya Mopo, Dingadule le Seepa letlhogela.

Malwetse

Go bola ga Fusarium, Go bola ga dibakateria, tshwabo ya Dibakateria, lebala la letlhare.

Translated by Lawrence Ndou