Go Ja Lebelebele

Lebelebele ke thorofitlholo e e ikgatolositsweng, fela e tletse dikotla mme e jalwa ka seelo sa itshidiso kwa metse-magaeng ya Afrika. Dipeo di jewa ke batho, fa diphologolo di itumelela seresemela se se tala ga mmogo le dipeo.

O Ja Jang Lebelebele

Lebelebele ke thorofitlholo e e dikotla e e kwa godimo ka zinc, vitamin B le A. Le na le iron e e fetang ya mmopo ga raro le calcium e e fetang ya mmopo ga tlhano, mme le na gape le potassium, phosphorus, magnesium, zinc, copper le manganese. Thoro ya lebelebele e kwa godimo ka mafura mme protein e 9% go feta bontsi jwa dithorofitlholo tse dingwe. Mo ditekong tsa phepô kwa India, lebelebele le bontshitse fa le le dikotla go feta reisi le korong.
Bopi bo tlhagiswa gotswa mo lebelebeleng ka mokgwa-tsamaiso wa kgatô-pedi. Dithoro di swila pele ka metsi go tlhagisa sere se se kgomarelang, mme seo se omiswe le go silwa go tlhagisa bopi. Bopi jono bo dirisetswa bogobe kgotsa jaaka setswakwa mo dijong tsa setso tse di jaaka couscous le diphaphatha.
Kwa India, bopi jwa lebelebele bo diriswa go dira senkgwe se se senang tlhabego se se bitswang chapati. Dithoro gape di thuntswa jaaka di-popcorn (ka tatsô ya senkgwe se se fisitsweng) mme ditlhogwana tsa peo tse tala di a beswa mme di jewe jaaka merogo kwa dikgaolong tse dingwe.

Lebelebele gape le diriswa jaaka momela wa bojalwa. Ka motsi wa go dira momela, thoro ya lebelebele e tlhogelela goya go 25mm, e fetola starch go nna sukiri. Thoro e e tlhogeletseng jaanong e omiswa ka letsatsi mme e silwe go nna bopi jo bo magwata. Bopi jaanong bo tlhakanngwa le metsi mme bo tlogelwe gore bo bele go tlhagisa bojalwa. Lebelebele le ka dirwa momela mo boemong jwa momela wa mabele mo titielong ya bojalwa jo bo letobo, fela thoro e potlana ke bokoa mo madirelong a magolo a momela.

Lebelebele jaaka Sefepi sa Diphologolo

Lebelebele le siametse go diriswa jaaka sefepi se se tala sa leruo jaaka le golela ka bonako, le na le matlhare a a hupang metsi, mme a ka segwa kgapetsa-kgapetsa, mme le tiller ka kgololosegô. Tillering ke melô ya matlhogela a a tlhagisang tlhogwana ya thoro.
Mafulo a lebelebele a ka fulwa fa ale boleele jwa 40-50cm (go simolola mo malatsing ale 40-50 morago ga jalô ya peo), fela ga a tshwanela ke go fulwa fa ale kwa tlase ga 15-30cm. Ikhutsise mafulo sebaka sa dibeke di le 5 pele a ka fulwa gape. Thôbô tsa dry matter di ka farologana gotswa go 0.25-3 t/ha (mo boseng jwa seka-sekaka) go fitlha go 27 t/ha le 40 y/ha tota, ka fa tlase ga maêmô a a eletsegang.
Fa o fepa dithoro tsa lebelebele go diphologolo, di tshwanetse tsa bo di sitswe ka bosesane. Tshilô e e magwata e ka baka go phatsega ga matlapi, mme seno se bakele dikgomo le dikolobe go babelwa ga ka fa gare. Mo dikgomong, thoro ya lebelebele e itshupa fa ele kwa godimo ga mabele, fela ele kwa tlase ga mmopo fa go tliwa mo boleng jwa phepô. Lebelebele le le sa silwang le ka fepwa dikgogo tsa mae, fa dikolobe tse di fepilweng lebelebele di fitlhetswe fa di fitlhelela bokete jwa mmele jwa tlhabô malatsi ale 10 pele ga nako.

Translated by Nchema Rapoo