Go Diriwa Bolemirui ba Dabokado Jang

© Edrean

Temo ya abokado e e tshwanetseng e kwa maemong a bosa a boboatsatsi a monola ka palogare ya letsatsi le letsatsi ya 20 - 25 ℃.

Mo Aforika Borwa, dikgaolo dingwe di siametse temothuo e e kwa godimo go gaisa ya abokado, fela fa maemo a bosa e le a a siameng. Dikarolo tse di akaretsa diporofense tsa Limpopo le Mpumalanga mmogo le dikarolo tse dingwe tsa kwa KwaZulu-Natala, Kapa Botlhaba le Kapa Bophirima.

Go Tlhopha Ditlhare tsa Abokado

Go tlhopha setlhare se se siameng sa abokado go ikaegile bogolosegolo ka togamaano ya papatso, ditlhokego tsa mmaraka, le maemo a bosa a poolase le go nna teng ga metsi. Mefuta e e rileng ya ditlhare e ka kgona go emelana botsididi bo bo lekanetseng le serame sa gangwe le gape. Fela jalo, ditlhare tse dingwe di mo tlhokegong go gaisa go romela ntle kgotsa mo mebarakeng ya selegae mme ka jalo, tlhopho e tshwanetse go dirwa magareng ga mefuta ya letlalo le le tala letlalo le lentsho. Mo godimo ga moo, tlhopha setlhare se se tla umang pele kgotsa morago ga nako go netefatsa kabelo e e kwa godimo fa go nna teng go lekanyeditswe.

Go botlhokwa go reka thoto e e gaisang ya boleng ya sebopego se se setseng se thatafaditswe go tswa kwa mafelong a a godisang dimela a a tlotlegang.

Go Jalwa ga Diabokado

©Subtrop

Mo balemiruing ba ba simololang, go botlhokwa go gakologelwa gore ditlhare tsa diabokado, go ikaegile ka gore thoto ya sejalo e e dirisitsweng, go ka tsaya dingwaga di le 7 go ya go di le 10 go nna e e ntshangkuno ka botlalo. Ditlhare tse di lomagantsweng di senkiwa go tswa kwa lefelong le le godisang dijalo le le tlotlegang gantsi di uma dimela tse dinnye tsa ntlha mo ngwageng wa boraro morago ga go jalwa.

Diabokado di dira botoka mo mebung e e nang le diteng tsa mmopa wa 20 go ya 40% mo mebung e e tlhokang metsi sentle go laola go bola ga medi, e e tlholwang ke mouta wa Phytophthora cinnamomi. Tshekatsheko ya mmu e e tseneletseng pele ga go jalwa e tla supa ditlhaelo tse di ka diragalang tse di ka baakanngwang ka nako ya go jala.

Sekgala sa go jala se tla ikaega ka tlwaelo ya kgolo ya ditlhare. Sekao, Fuerte e ka bontsha kgolo e tona le go anama, fa Hass e le momedi o o emeletseng. Mo godimo ga moo, thulaganyo ya ditlhare tsa maungo e tla ikaega ka mokgokolosa le dintlha tse dingwe, jaaka fa e le gore e lebeletse kwa bokone kgotsa kwa botlhaba, mofuta wa mmu, mekgwatiriso ya go dira tshesane gammogo le phitlhelelo ya didiriswa. Go na le go tsamaela go ya kwa setlhoeng fa o baakanya mmu ka dijalo tse di ntšhwa, mme seno se se ikaegile ka go nna teng ga matlole le mofuta wa mmu.

Tsamaiso ba Ditlhare tsa Maungo a Afokado

Ditiragatso tsa bolemirui mo ntshokunog ya afokado di tla ikaega ka dintlha tse dintsi jaaka motsamaisi le mokgwa wa tsamaisoo ya kgwebo, bogolo jwa tiragatso ya kgwebo le go nna teng g matlole. Ditiragalo dngwe tsa bolaodi di akaretsa nosetso, go poma, le monontsha. Ditiro tse dingwe di akarediwa fa tlase.

Ditlhare tsa abokado di masisi mo maemong a matleputlepu mmogo le kgatelelo ya komelelo le nosetso e tshwanetse go laolwa go tila dingwe kgotsa dingwe tsa tse di feteletseng. Ka ntlha ya maemo a tlhaelo e e kwa godimo ya metsi mo Aforika Borwa, nosetso ya morwalela ga e a atlenegisiwa. Nosetso ka bonnye e dirisiwa thata mme go na le tsamao e e maatla ya go nosetsa ka go rothela ka ntlha ya tiriso ya yona ya metsi ke e sentle.

Go poma go tlhokega ka nako ya mariga morago ga thobo mme e ka latelwa ka go poma go go bofefo gape ka selemo. Mekgwa ya go poma e farologana go tswa mo stlhareng sengwe go ya kwa setlhareng.

Fa makala a magolo a le mo poepeneng ya marang ka ntlha ya go poma, a tshwanetse go sirelediwa go tswa mo tirisong ya pente ya PVA kgotsa pente e e dirilweng ka totobalo ya tshireletso ya phiso ya letsatsi.

Tiriso ya monontsha wa diabokado e tla ikaega ka dipholo tsa ditlhatlhobo tsa mmu le dijalo. Dikotlakgolo tse di tlhokegang di ka akaretsa naeterojene, fosoforo, potasiamo, sebabole, kalsiamo le maganesiamo. Dikotlonnye tse di tlhokegang di jaaka borone, senke, koporo, maemo, tshipi, le manganese. Dijalo tsa khurumetso di ka dirisiwa go tlamela ka mefutafuta ya ditshedi mo tshimong ya maungo go rotloetsa dibatana tsa tlhago, go thibela tatlhegelo ya bongola mo mmung le go bopa tshireletso ya dijalo ya tlhago.

Diabokado ga di dulafatswe ke phefo mme di tlhoka phetiso e e matlhagatlhaga ya mmudula go tlamel tiragatso a e e siameng ya maungo. Khansele ya Dipatlisiso ya Temothuo (ARC) e atlanegisa dikolone tse pedi go ya go tse nne tsa dinotshe ka hektare go dulafatsa abokado mo go siameng.

Disenyi le Malwetse a Diabokado

©Photo courtesy of the California Avocado Commission

Go bola ga medi go tlholwang ke Phytophthora cinnamomi fa e diragala mo ditlhareng tsa mo ditshimong tsa maungo mo lefatsheng ka bophara. Mo Aforika Borwa, ke e nngwe ya malwetse a magolo a amang ditlhare tsa abokado. Ditshupo di akaretsa go nna serolwane le go wa ga matlhareng le go nna bontsho ga medi. Boletsi ba mouta ba diafokado ke bolwetsi bo bongwe bo botlwaelegileng bo bo tlholang dipatso tsa go bola mo diteng tsa leungo le le buduleng. 

Nngwe ya sebopego sa Mouta wa senwamadi o tlhola makakauwe a kutu ya ditlhare tsa afokado. Patso ya mouta wa senwamadi o o santseng o gola o o tlholang ke meuta Pseudocercospora purpurea, e e tlholang dipatso tse di tlhagelelang ka go sekama mo matlhareng le dipatso tse di borokwa mo leungong.

Dikgapetla tse di boegileng jaaka pelo ke motshwenyi o o kgethegileng mo setlhareng sa Hass le fa e le gore e ntsi ya maungo le motoutwane wa apole e e santseng e gola e e maaka e senya leungo la afokado, taolo ya tsona e ka ikaelelwa mo go somareleng tebegontle ya maungo. Tshimo ya maungo ya Aforika Borwa tse di senang disenyi tsa ditshenekegi a ka ntlha ya manaba a ditshenekegi tsa tlhago. Tiriso ya dibolayadisenyi mo tshimong ya maungo ya afokado gantsi e lekanyeditswe dikgatsho tsa serai kgatlhanong le ntsi ya maungo mme fa tiriso ya dikhemikale e tlhokega. Bojadi ba diafokado ba rotloediwa go dirisa mekgwa ya go laola disenyi (IPM).

Translated by Lawrence Ndou