Dintshakuno tsa Motlhware

© Roger de la Harpe

Metlhware ke maungo a mannye a a feto-fetogang, di dirisiwa go dira mefutafuta ya dintshokuno tsa boleng ba theko, kwa ntle le go ntshakuno ya oli ya motlhware – ntshokuno e kgolo ya go bapiswa le motlhware mo Aforika Borwa. Dintshokuno tse dingwe tse di bapiswang le motlhware di akaretsa metlhware ya tafole, dijo tse di diragaditsweng, jaaka sekgomaretsi sa motlhware le dintshokuno tse di tlhokomelang sefatlhego tsa motlhware.

Oli ya motlhware e ka dirwa go ya ka maemo a a farologaneng, a boleng bo bo gaisang ba oli ya motlhware e e sekileng e e okeditsweng, eo gape le yona e nang le mesola ya boitekanelo.

Dioli le tsona di ka tsenywa tatso kgotsa go tswakanywa le ditswaki tsa tatso go tlhama dintshokuno tse di kgethegileng jaaka oli ya thrafole, oli ya motlhware e e tsentsweng ka fanele kgotsa pherefere le dioli tsa konofele.

Metlhware ya Tafole

Metlhware e foreše e ya baba e tshwanetse go alafiwa go fofora sukiri e e tlhabang go tswa mo leungong pele fa ge le ka jewa. Go na le mekgwa e e farologaneng ya go alafa metlhware: go alafa ka letswai go akaretsa go ama thulaganyo ya titielo ya mo mašing – go ineela metlhware mo gare ga metsi a letswai mo lebakeng le letelele. Metlhware le yona e ka alafiwa ka go e phuthela mo letswaing, go e ineela mo metsing le go di tsokotsa gantsi mo tsamaong ya dikgwedi di le dintsi le go alafa ka molora wa moupeledi - mokgwa wa kwa Spain o dirisiwa mo metlhwareng e metala. 

Dijalo tse di tumileng go feta tsa ntshokuno ya metlhware ya tafole mo Aforika Borwa ke Manzanilla, Mission le Kalamata.

Manzanilla e e bonama le go nna tšhotlho (‘apole e nnye’ ka seSpain) ke e e farologaneng e e kwa godimo thata ya go dira motlhware o motala mme e na le karolelano ya mo go tswa mo peong go ya kwa diteng. E siametse go dirisiwa jaaka motlhware o o nang le peo kgotsa motlhware o o katelwa, fela e na le diteng tse di kwa tlase tsa oli.

Mission ke motlhware o mo nnne go feta Manzanilla. Mofuta wa motlhware o o jetsweng go feta mo Aforika Borwa – dihektare tse 659 fa go bapisiwa le dihektare tse 133 tse di jetsweng kwa go Manzanilla. Ke e siameng ya ntshokuno ya motlhware wa tafole o montsho, fela e ka dirisiwa gape mo oling ya motlhware.

Metlhware ya Kalamata e a oketsega mo Aforika Borwa ka dihektare tse 161 e e jetsweng. E dirisiwa mo metlhwareng e mentsho mme e na le diteng tsa oli e e kwa fatshe go feta Mission.

Dintshokuno tsa Motlhware wa Tafole

Metlhware e ka tsenywa mo metsing a letswai, fa gare ga bhinika kgotsa e pakelwe mo gare ga oli mme e ka tsenngwa tatso e e ‘phepa’. Metlhware e tswakilweng ka mogwapa, metlhware eo e tswakilweng ka ditlama, tse di tlhakantsweng le ditamati tse di omisitsweng ka letsatsi le tšhese ya feta kgotsa pesto ke metlhala yotlhe ya dintshokuno tsa motlhware wa koketsa mosola.

Metlhware ya tafole e ka phuthelwa mo metsing a letswai, oli kgotsa e e phepafaditsweng ka naethrotšene mo dikgetsaneng tsa polastiki, dikane kgotsa dijeke tsa galase. Bogolo bo bogolo ba motlhware jaaka 5 kg le 15 kg di phuthetswe mo dipaketeng tsa polastiki. Metlhware e e tsentsweng mo dikaneng e na le go latlhegelwa ke mosola wa dikotla mo thulaganyong.

Metlhware e ka omisiwa ka go swa dikgapetla, go omisiwa ka mowa o o borethe, go omisiwa mo letswaing kgotsa go omisiwa ka letsatsi.

Dintshokuno tsa Motlhware tse di Diragaditsweng

Metlhware e ka kopantshwa le ditswaki tse dingwe, tse di jaaka dieie le pherefere go dira dishebo, tšhatni le dijamo, kgotsa di ka inelwa mo bhinikeng le go maatlafatswa ka konofele ya kwa nageng kgotsa ditlama.

Sekgomaretsi sa motlhware ke phesta ye e dirilweng ka peo ya motlhware o montsho le metlhware e e gatiketsweng, e tlhakantshitsweng le dinoko le oli ya motlhware. E ka tswakiwa le ditlhapi, swiri le thyme le go ka dirisiwa jaaka sekgomaretsi mo borothong kgotsa go tsenywa mo tlhaping, phasta kgotsa dijo tsa merogo.

Sekgomaretsi sa motlhware se dirwa ka metlhware e e gatikilweng, eo e ka tswakwang kgotsa e phepafetse.

Tlhokomelo ya Letlalo ya Tlhago

Oli ya motlhware e dirisitswe jaaka sediriswa sa thibelatwatsi, sephepafatsi, senolafatsi le oli ya go sidila letlalo, manala le moriri diketekete tsa mengwaga. Ditiriso tsa segompieno tsa oli ya motlhware le go e tswaka mo disepeng, digohli, ditlolo le dibotoro, dintshokuno tsa motlhware tsa tlhokomelo ya bana le ditlolo tsa thibela dikhunkhwane.

Oli ya motlhware e na le didirisiwa tse di mmalwa tse di nang le mosola, go akaretswa le bhithamini ya E, seedi sa oli e e silafetseng se ntshwakuno ke dišaka, dikhemikhale tseo di leng mo veineng e khibidu mmogo le mefutafuta ya diesiti tsa mafura a a ‘gaisang’ - thata esiti ya oleik 75% - fela gape, esiti ya loneiki, esiti ya linoleniki le esiti ya palmitiki. 

Dikhemikhale tseo di leng mo veineng e khibidu di ka nna le maikarabelo go tse dingwe tsa dithoto tsa boitekanelo tsa oli ya motlhware tse di akaretsang thibela thurugo, thibelamegare le ditiragalo tsa go nna le bokgoni ba go fetosa kgotsa go laola ditiro tsa masole a mmele. 

Go dumelwa gore oli ya motlhware go ka direga e nne fela motswedi o o theilweng mo sejalong sa seedi sa oli e e silafetseng se se ntshwakunong ke dišaka le seedi sa oli e e silafetseng se ntshwakuno ke dišaka. Metswako e, gape e bonwa mo sebeteng sa dišaka, dimonolafatsi tsa tlhago tseo di ka fokotsa matsutsuba, mabadi le malafatsi.

Diesete tsa oleiki (omega 9) di itsewe go tlosa meriri sekelfere le go tlhotlheletsa kgolo ya moriri. Diesete tsa linoleiki (omega 6) di tsamaisa pholo ya dintho, go okobatsa thala le go tlhatlosa poloko ya monola mo letlalong le moriri. Esiti ya linoleniki (omega 3) e fokotsa thurugo le bhithamini ya E e e nang le maatla a motswako a mantsi mo oling ya motlhware e e foreše.

Ela tlhoko: Tshedimosetso ke ya thuto le merero ya tshedimosetso fela mme ga e a tshwanelwa go tsewa jaaka keletso ya kalafo. Tshedimosetso ga e a ikemisetwa go tlosa keletso ya kalafo ye e neelwang ke badiredi ba tlhokomelo ya botshelo bo bo phepa.

Translated by Lawrence Ndou