SQLSTATE[HY000]: General error: 144 Table './aatc/tiger_page_view' is marked as crashed and last (automatic?) repair failedDintlhakaelo tsa Itlhaolô

Dintlhakaelo tsa Itlhaolô

Ke mang a tshwanetseng go itlhaola?

Boitshola ka tlhaolô jwa COVID-19 coronavirus bo tshitshinyetswa batho ba ba amaneng le mogare ka tlhamalalo kgotsa ba ba etetseng kwa dikgaolong tse go nang le palo ele ntsi ya batho ba ba tshwaetsegileng, gore go thibelwe tshwaetsego goya pele.

Dikgato tsa boitshola ka tlhaolô

Nna kwa gae. Tswela kwa ntle ga legae fela fa o tlhoka tlhokomelo ya kalafi.
Lekola ditshupabolwetse tsa gago: Letshoroma, kgotlholo, phelelo-mowa
Bona thuso ya kalafi ka bonako jo bo kgonegang fa o ka bobola.
Netefatsa fa o itse, le go sela morago, dikgato tsa go senka tlhokomelo.

Dikgato tseno ke:
Leletsa lefelo-kalafi la gago mogala mme o ba bolelele fa o setse, kgotsa o santse, o tlhatlhobelwa COVID-19 coronavirus.
Rwala sesira-sefatlhego pele o tsena mo lefelong-kalafi.
Kopa motlhankedi wa kalafi wa gago go itsise NICD.

Mekgwatiriso ya boitshola ka tlhaolô

O seke wa ya kwa tirong, sekolong, kgotsa mafelong a botlhe. Tila tiriso ya dipalangwa tsa botlhe, kgotsa ditekisi.

Ikgaoganye go batho ba bangwe le diphologolo mo legaeng la gago. Fa o kgona, dirisa phaposi tlhapelo e e farologaneng.

Disira-sefatlhego di tshwanetse go ka diriswa go thusa go thibela kanamô ya bolwetse goya go ba bangwe. Gotlholela kgotsa ethimolela mo momenong wa sejabana sa gago. Ka mokgwa mongwe, khurumetsa molomo le nko ya gago ka tukwana ya pampiri fa o gotlhola kgotsa o ethimola.

Phepafatsa diatla tsa gago gangwe le gape. Ka sesepa le metsi, ka bobotlana metsotswana ele 20, kgotsa ka setlhatswa-diatla se se ikaegileng ka khemikhale ya tagi se se nang le 60-95% ya khemikhale ya tagi.

Tila go ikgoma matlho, nko, le molomo ka diatla tse di sa tlhapiwang.

Phepafatsa bodilô jo bo jaaka dikhaontara, ditafole, mehubu ya mabati, dilwana tsa phaposi ya botlhapelo, mantlwana-boithusetso, difounu, di-keyboard, di-tablet, le ditafojana tsa fa thoko ga bolao, tsatsi lengwe le lengwe.

Translated by Nchema Rapoo