Dimela tsa Kalafi tsa Afrika Borwa

© Marinda Louw

Ditiriso tsa Setso tsa Dimela tsa Kalafi tsa Afrika Borwa

Tiriso ya kalafi le ya boitlosô bodutu ya dimela le dioli tsa tlholego-selegae e leretswe go bathibeledi ba pele ba ma-Dutch ke merafe ya selegae, mme e ne e akaretsa dimela tse di jaaka buchu, Aloe ferox (motswalae Aloe vera wa moAfrika) le Cape chamomile.
Dimela tseno di ne di tlhafunwa (Sceletium tortuosum jaaka seoketsa-maikutlo), di inelwa mo bojalweng kgotsa binikeng go alafa mathata a tshidilo ya dijo le dibokwana (buchu), di a fiswa mme mosi wa teng o hemiwe (setlhare sa moologa sa tlhogo e e opang) kgotsa di titielwa jaaka tee e e alafang le molemô (Sutherlandia frutescens le Athrixia phylicoides). Dioli tsa tlholego-selegae tse di botlhokwa di dira sentle. Oli ya rosemary e e tlhaga ke selwantsha-megare mme oli ya helichrysum e dirisetswa go alafa melongô ya noga le sekgogo, fa oli ya buchu e dirisetswa bothibela-kgotelo jwa yona.
Basotho ba dirisa matlhare a matala a Cape rose geranium jaaka setlôlô go fodisa dintho le ditlhagala, matlhare a a dirilweng lorole a Moretologa (Ximenia caffra) a dirisetswa go alafa botlhoka-pelegi le letshoromo, fa modi wa ona o o dirilweng lorole ele aphrodisiac e e tumileng. Dimela tsa selegae di ka jewa di le tala (Mhawa, morula, num num), tsa dirwa jam, dikgeru tsa beswa le go jewa (dithapo tsa mowana le dinawa tse tala) mme matlhare a jewa jaaka merogo (kgengwe, morogo le matlhare a dinawa).

Boalafi jwa Dimela tsa Tlholego-Selegae

Bogale jwa Dimela tsa Kalafi tsa Afrika Borwa bo amogetswe ke madirelo a boditšhabatšhaba a melemô, dijo le ditlôlô mme di diriswa mo ditirisong tse di farologaneng. Sengaparile se tumetse bothibela-kgotelo jwa sona mo kalafong ya arthritis, Buchu e dirisetswa go neela tatso ya blackcurrant mo madirelong a dijo, fa dioli tse di gatseditsweng tsa seAfrika jaaka Mowana le Mongongo (e e itsagaleng gape jaaka manketti) di diriswa ka bophara jaaka ditlôlô tse di siameng thata le diphetodi tse di tsosolosang letlalo.
Boalafi jwa Dimela tsa Kalafi tsa Afrika Borwa bo atologela kwa malwetseng a a kotsi. Cornell University Medical College e bone fa Gemere ya Afrika e ka thibela go swa mhama, Sutherlandia frutescens (‘cancer bush') le Lengana (Artemisia afra) di tumile ka go thusa go lwantsha kankere le bolwetse jwa sukiri, fa setlhare sa Molaka se se mo kotsing se dirisetswa malwetse a thobalano le malaria. Motswako o o dirilweng gotswa mo Lippia javanica le Knysna lily o diriswa ke baZulu go alafa kankere, bolwetse jwa sukiri, matshwao a HIV/AIDS le TB, mme dipatlisiso tsa sešweng di fitlheletse fa mogasane e ka nna kalafi ya bolwetse jwa Alzheimer.
Dimela tsa Kalafi tsa Afrika Borwa le dijalo tsa tlholego-selegae tsa dijo gantsi di gola bonolo, di ka kotulwa kwa nageng mme di ka tsenngwa mo ditshingwaneng tsa fa gae le mo dithulaganyong tsa temô. Di ka fodisa matswao a malwetse, tsa tsenngwa mo diphepông go oketsa dipharologanyo le dikotla mme di ungwele phôlô boitekanelo tsa mongwe le mongwe yo a di dirisang.
Fela, go tshwanetswe go lemogwa, gore tiriso ya dimela le dioli tsa kalafi ga e a tshwanela go nna mo boêmông jwa kgakololô e e botlhale ya phôlô le phepô.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo