Dimela tsa Dijo tsa Selegae mo Afrika Borwa

© Shem Compion
Tshekatsheko ya dijalo tsa kgwebisano tsa dijo mo lefatsheng e bontshitse fa Afrika e tsentse letsogo go utlwala ka mefuta ya dijalo ele 119. Seno se bapisega sentle le di le 126 tsa Europe, 68 tsa Amerika Bogare le di le 97 tsa Amerika Borwa. Mo dijalong di le 119 tsa Afrika tse di dirilweng tsa kgwebo, di le 16 di tlholega mo borwa jwa Afrika: tsona ke gum Arabic (acacia gum), mowana, buchu, waterblommetjie, rooibos tea, sour fig, mokapana (Cucumis metuliferus), honeybush tea, finger millet, palm wine (Hyphaene coriacea), lebelébelé, Livingstone kgotsa lotsane, morula, mabêlê, Bambara groundnut le cowpea.
Dimela tsa selegae tsa dijo tsa Afrika Borwa di kaya dimela tse di tlholegileng mo Afrika Borwa mmogo le dimela tse di tlisitsweng mo nageng mme ga jaana di kaiwa fa ele dimela tsa setso. Dimela tseno di tlhagiswa le go fitlhelwa di mela mo nageng mo maemông a a farologaneng a bosa, mme bontsi jwa tsona bo fitlhelwa kwa sekgweng.
Dimela tsa selegae di kgaogantswe ka ditlhopha di le tharo; dithoro, merogo le maungo. Afrika Borwa ga e a tsepamisa tlhaloganyo go le kalo mo dimeleng tsa dijo tsa selegae, fela dinaga tsa lefatshe kwa ntle di setse di simolotse go lebogêla boleng jwa tsona. Apole ya Kei (Dovyalis caffra) e ntse e jalwa kwa California, mekapana (Cucumis metuliferus) e tlhagisetswa kgwebo kwa France, Israel, California ga mmogo le New Zealand kwa e itsagaleng jaaka kiwano.

Dimela tsa Selegae tsa Thoro

Dimela tsa selegae tsa thoro ke dithôtsê tse di humileng ka starch tse di ungwisitsweng ka protein mme di siametse go ka jewa. Dimela tseno di kgaogantswe goya pele ka dithorophitlholo le dinawa.
Dithorophitlolo: Mabelebele, dithoro tsa mabele
Dinawa: Cowpea, bambara groundnut, mungbean, nawa ya marama (dithôtsê)

Dimela tsa Selegae tsa Merogo

Dimela tsa selegae tsa merogo ke dimela tse mo go tsona go kotulwang matlhare le dikalana tse di boleta mme di diriswe mo go direng dijo. Dimela tseno di kgaogantswe ka medi/digwere le merogo ya matlhare.
Matlhare: lerotho, cowpea, thepe, blackjack, Thelele
Medi/digwere: cassava, amadumbe, nawa ya marama (segwere)

Dimela tsa Selegae tsa Maungo

Dimela tsa selegae tsa maungo ke dipopego tse di leungo tse di nang le thapo, tse di tswina ebile di jega di le tala. Dikai tsa maungo anô ke morula, moretologa, ntsala le sour fig. Mo godimo ga boleng jwa ona jwa kotlô jo bo kwa godimo, maungo a selegae ana le bomolemô jo bongwe jo bo botlhokwa: a ungwa le fa dijalo tsa phepô ya motheo di retela (sekai, ka motsi wa komelelô), mme a ka thiba ‘phatlha ya tlala’ ka dinako tsa tlhaelô ya dijo.

Dikgaolo-kgolo tsa Tlhagiso mo Afrika Borwa

Thepe, black jack, lerotho le thelele di diriswa gantsi ke merafe ya kwa metse-selegaeng mme di kotulwa kwa nageng.
Bambara groundnut, cowpea di mela kwa diporofenseng tsa Mpumalanga, Bokone Bophirima, Gauteng, KwaZulu-Natal le Limpopo.
Lerotho, thelele, thepe di fitlhelwa kwa diporofenseng tsa Mpumalanga, KwaZulu-Natal, Bokone Bophirima le Gauteng.
Morula, moretologa, wild plum di mela kwa diporofenseng tsa Mpumalanga, KwaZulu-Natal, Limpopo le Eastern Cape.

Ditiriso tsa Dimela tsa Selegae tsa Dijo

Dijo tsa selegae di jewa di bedisitswe, di omisitswe mme nako dingwe jaaka merogo e e besitsweng mme di diriswa gape jaaka seshabo le mo disopong.
Diphotlwa tse di iseng di butswe di a omiswa kgotsa di bediswe fa dithapo tse di sa butswang di silwa go dira bopi. Digwere di diriswa mo boemong jwa dijo tse di humileng ka starch jaaka reisi le phaletšhe. Mefuta ya maungo e jewa e butswitse kgotsa e omisitswe kgotsa manôkô, mme e ka phetolelwa mo go nneng jam, jelly le matute.

Bomolemô jwa go Jala Dimela tsa Selegae

Ditlhokegô tse di kwa tlase tsa tseô - di dirisa metsi a mannye go feta dimela tsa ‘Bophirima’.
Di dikotla thata - di ka tsenya di-vitamin le diminerale tse di ntsi go phepô e e ikaegileng thata ka starch.
Di kgonana le komelelô, disenyi le malwetse.

Translated by Nchema Rapoo