Dikgaolo tsa Tlhagiso

©Chris Daly

Free State e kile ya bonwa jaaka tlatlana ya senkgwe ya Afrika Borwa, fela ga jaana ga e tlhagise korong go le kalo ka ntlha ya fa balemirui ba itlhophela dijalo tse di nang le dipoelo tsa maruo mme di na le bokotsi jo bo golaganngwang le tlhagiso jo bo kwa tlase.

Gompieno bogolo jo bo ka etsang 75% jwa korong ya rona bo tlhagisiwa ka fa tlase ga maêmô a lefatshe le le omeletseng mme 25% ka fa tlase ga nosetsô. Korong ya mariga e e tlhagisiwang mo lefatsheng le le omeletseng kwa Kapa Bophirima e dira go ka nna 50% ya palogotlhe ya tlhagiso ya naga, fa bogolo jwa korong ya selemo e tlhagisiwa ka fa tlase ga nosetsô go ikala le dinoka tse kgolo kwa Kapa Bokone.

Ditiriso

©Glenneis Kriel

Korong e dirisetswa tlhagiso ya folouru le senkgwe, fa korong ya durum e dirisetswa go tlhagisa pasta. 

Mananeo a Jadisô

©Glenneis Kriel

Mananeo a jadisô mo Afrika Borwa ka tlwaelô a ne a tsepamesitse mogopolo mo go direng korong e e nang le boleng jo bontle jwa go beikha le jwa tshilô. Le fa tlhagiso go heketare e oketsegile mo go utlwalang mo dingwageng tse di ntseng di feta, ka ditebogo go tiriso ya technology tse di ntšhwa, tse di jaaka mefuta ya dijadi e e tokafaditsweng, temô e e totileng jalo le jalo, lotseno gotswa mo tlhagisong lo ntse lo lo ka fa tlase ga kgatelelô e kgolo ka ntlha ya motswako wa matshosetsi a bosa, ditlhwatlhwa tse di bokoa tsa boditšhabatšhaba le ditshenyegelo tse di oketsegang tsa tsenyô. 

Dipoelo tsa moruo tse di bokoa tsa tlhagiso ya korong do isitse kwa leanong la bodirelo jwa korong, mme nngwe ya maitlhomo a go tiisa lotseno ele go tlhama ga mefuta ya dijadi e e nang le thobo e e kwa godimo mo heketareng, tse di tlhokang ditsenyo di le mmalwa, jaaka monontsha le diboloya-tshenyi kgotsa tse di kgonang go itshokela komelelo. Kakanyo ke go tokafatsa dintlha tseno, ntle le gore diphetogo di nne le ditlamorago tse di sa siamang mo boleng jwa korong. 

Mefuta

©Chris Daly

Mefuta ele mentsi ya dijadi e teng, e e arogantsweng ka ditlhopha di le tharo, eleng dijadi tsa tlhagiso ya mo lefatsheng le le omeletseng kwa bokone, tsa tlhagiso ya selemo kwa borwa le tsa nosetsô. Go tlhopha mofuta o o matshwanedi, balemirui ba tshwanetse go akanyetsa ka fao mofuta o diragaditseng ka teng mo ditekong tsa tshekatsheko ya sejadi gaufi le polase ya bona, mme gape ba buisane le balemirui ba bangwe ka ga maitemogelo a bona ka mofuta oo.

Mofuta o o tlhophilweng, fela, ga o a tshwanela ke go nna matshwanedi fela go maêmô a gago a bosa le a mmu, fela o tshwanetse gape ke go tlhagisa boleng jwa korong jo bo batliwang ke ditshilo le babeikhi.  

Se se gaisang ke go jala mefuta e e farologaneng go phatlhalatsa matshosetsi a tlhagiso le go itshwarelela ka dijadi tse di dirilweng diteko. Mefuta e mentšhwa e tshwanelwa ke go dirwa ditekô pele ka bonnye go bapa le ya kgale go bapisa tiragatso ya yona. Le gale tlhopho ya sejadi e tshwanelwa ke go fetofetolwa le maêmô a a fetogang a bosa kgotsa a tlhagiso, mme go dirwe phatlha ya mefuta e mentšhwa e e tokafatseng.

Translated by Nchema Rapoo