Dijadi tsa Avocado tsa Afrika Borwa

© Chris Wessels Photography

Goya ka South African Avocado Growers’ Association (SAAGA), 80% ya ditlhare tsa avocado tse di tlhagisiwang kwa majalelong mo Afrika Borwa ke Hass ya letlapi le le fifetseng le dijadi tsa mofuta wa Hass tse di jaaka Carmen, Gem, Lamb-Hass le Maluma. 

Dijadi tsa avocado ya letlapi le le tala tse di jaaka Fuerte, Pinkerton, Ryan le Reed di bopa 20% ya tlhagiso ya ditlhare tsa kwa majalelong. Sejadi se se jalwang ka go anama thata mo Afrika Borwa ke Hass mme e selwe morago ke Fuerte. 

Dingwe tsa dijadi tseno di tshabelelwa bonolo ke malwetse a a rileng mme tse dingwe di ka farologana mo temeng ya ditlhokego tsa dikotla, fa mekgwa-tiriso ya tshimo e e jaaka go kera le tshwarô ya morago ga kotulô ya dijadi e tshwana.

Dijadi mo Afrika Borwa

©Louise Brodie

Bacon 
Sejadi seno se ntsha leungo la bogolo jo bo nnye goya go jo bo magareng le le kgolokwe goya go sebôpegô sa lee, ka letlapi le le borethe le le tala. Phatlhapeo e bopega ka bonako. 

Reed 
Reed Round ya thari mo setlheng e na le leungo le le kgolokwe la bogolo jo bo magareng goya go jo bo golo. Leungokobolwa le bonôkô go se nene mme ga le fifale fa le segwa. Peo ya yona e bogolo jo bo nnye goya go jo bo magareng mme setlhare se tshaba maruru. 

Edranol
Avocado ya Edranol e e humileng ya tatsô ya lenoko ke avocado ya bogolo jo bo magareng goya go jo bo golo, ya sebôpegô sa lee goya go sa piere. Letlapi le le tala le na le ditotomatotoma tse okareng lekwati. E nna teng go tloga ka Seetebosigo go fitlha Lwetse. E bolokele mo +6 ℃ goya kwa godimo. 

Fuerte
Fuerte ke avocado e e itsagaleng thata mo Afrika Borwa. E sebôpegô sa piere ka molala o moleele le letlapi le le borethe, le le sesane le le tala fa e butswitse. Leungokobolwa la Fuerte le senyega bonolo mme e butswa mo sebakeng sa malatsi ale 7 morago ga kotulô. Go butswa ga go sale gale - e nna teng go tloga ka Tlhakole go fitlha Phatwe. Bolokela avocado eno mo +5 °C goya kwa godimo. Dikôlô tse ntsho di bonagala mo letlaping fa e bolokwa mo marurung a a feteletseng. Fuerte ke sejadi se se enyang ka go kabakanya. Go enya ga maungo go oketsega ka tulafatso ya dinotshe

Hass 
Hass ya sebôpegô se se kgolokwe goya go sa lee ke avocado e potlananyana ka letlapi le le tala le le thata le le kgwethe mme le fetogela go bontsho-phepole fa le siametse go jewa. Hass e na le tatsô e e humileng e e lenoko mme e nna teng go tloga ka Motsheganong go fitlha Diphalane. E siame fa e bolokwa mo go +5°C goya kwa godimo. E na le tshelo-poloko e ntle. Setlhare se golela ka bonya mme leungo le ka nna nnye mo dikgaolong tse di bothitho kgotsa fa ditlhare ele tsa bogologolo. 

Pinkerton
Avocado ya Pinkerton e na le 'molala' o o tlhomameng fa go bapisiwa le di-avocado tse dingwe mme e na le letlapi le le tala le le makgwakgwa le fa e butswitse. Ke avocado e kgolo ka tatsô e e tswina go se nene le peo e nnye. E na le setlha se se khutswane mme e teng fela magareng ga Seetebosigo le Phukwi. E tsholele mo go +7°C goya kwa godimo. Ditlhare ke dienyi tse di mafolofolo. 

Ryan
Ryan ke avocado ya thari mo setlheng ya sebôpegô sa lee, e nna teng go tloga ka Phatwe go fitlha Diphalane. Ke leungo le le golo ka letlapi le le makgwakgwa le le tala, mme e gaisa fa e tsholwa mo +5 °C goya kwa godimo. Poloko ya morago ga kotulo e mo magareng. Ditlhare tsa Ryan ke dienyi tse di maatla mme di itshokela mouwane.

Translated by Lawrence Ndou