Di-Avocado

© Photo courtesy of the California Avocado Commission

Leungo le le fetofetogang bonolo le le dikotla, di-avocado di tlhagisiwa kwa dikgaolong tse di mogote di le dipula tse di phefo e e bongôla tsa Afrika Borwa, ka go itshupa thata kwa diporofenseng tsa Limpopo le Mpumalanga mo dikgweding tsa Mopitlwe le Lwetse.

Avocado ke Eng

©Liz West

Avocado (Persea americana) e itsagale gape jaaka alligator pear, aguacate le palta ka Spanish, kgotsa avokado ka Afrikaans. E tlotlomaditswe ke ditšhaba tsa bogologolo tsa kwa Amerika Bogare ka ntlha ya boleng jwa yona jwa dikotla le botsosolosa matlhagatlhaga a thobalano, leina 'avocado' le katswa le tswa mo lefokong la se-Aztec ‘ahuacatl’ le le kayang 'thala'. 

Avocado ke leungo la kgaolo e e mogote ya dipula le le ungwileng ka dikotla, ka letlapi le le tala le thapo ele esi e e thata. Leungokobolwa le le bobôtôrô ka botala jo bo setlhefetseng goya go mmala wa lobebe le na le fibre ya dijo (e e kwa godimo go maungo otlhe), mafura a a sa lowang le di-vitamin tse di fetang 20. Avocado gape e na le folate, vitamin K, pantothenic acid le copper ga mmogo 6% ya seelô sa tsatsi le tsatsi se se tshitshinngwang sa vitamin E, 4% ya vitamin C le di-carotenoid: lutein le zeaxanthin. 

Di-avocado di jewa gantsi di le foreshe mme di ka phetolwa go ntsha boleng jo bo manontlhotlho jwa oli e e sa loyang, lemi ya avocado e e diriswang gantsi go dira guacamole, mme gape e ka segelelwa manathwana le go gatsetswa.

Tlhagiso ya Di-Avocado

©Photo courtesy of the California Avocado Commission

Setlhare se se golelang ka bonako sa avocado ke setlhare se se kitlaneng sa motalafelaruri se se tshwanetseng maemô a a rurufetseng a phefo tse di bongôla a bosa jwa subtropic. Setlhare se tshaba mouwane le kgatelelô ya metsi - tshologô-pula ya ngwaga le ngwaga ya 1 000 mm e a eletsega. 

Dikgwethe tsa dithunya tse di serolwana-tala di le 200 - 300 di tlhagelela ko dikgweding tsa selemo mme di dulafatswa ke dinotshe le dintsi tsa sethunya, fela ke dithunya fela di le pedi kgotsa tharo tse di fetogelang kwa gonneng leungo. 

Di-avocado ga di butswe fa di le mo setlhareng mme di tshwanelwa ke go kgetlwa fa di le kima mme di feditse go gola. Di tlile go butswa mo sebakeng sa beke ele esi goya go di le pedi mo themphoritšhareng ya phaposi, mme ga di a tshwanela go bewa mo dithemphoritšhareng tse di kwa tlase ga 5.5°C. Go butswa go ka laolwa ka poloko e e laolwang ya tikologo le tsamaiso.

Hisetori ya Avocado

Avocado go akanngwa fa e tlholegile kwa Mexico mme gotswa kwa teng temô e katswa e anametse goya borwa kwa Amerika Bogare go fitlha Peru, mme ya ya kwa West Indies. Kgoroso ya yona lefatshe ka bophara e ne gongwe e tlhofofaditswe ke bagwebi ba baYuropa ka bo-1519.

Ka go tshwana, go dumelwa fa matlhogela a avocado a ntlha a tlisitswe mo Afrika Borwa ke bagwebi kgotsa bathibeledi ba metlheng. Jalô ya avocado ka katisodimela e simolotse kwa Amerika ka bo-1890 mme dijalo tsa kgwebo tsa ntlha di simolotswe kwa Israel ka 1908, mme dijadi tsa ntlha go theiwa maina: Fuerte le Dickinson, di jadilwe ka 1924.

Hisetori ya Tlhagiso ya Avocado mo Afrika Borwa

©Chris Wessels Photography

Tlhagiso ya avocado mo Afrika Borwa e simolotse ka dingwaga tsa bo-1930 ke Dr Hans Merensky yo o tlhomileng masimo a avocado a ntlha kwa Westfalia Estate kwa Porofenseng ya Limpopo. Lephata la botegeniki la setlamo seno: Westfalia Technological Services (WTS), ga jaana le fetogile mokgatlho wa bobatlisisi jwa maungo a subtropic o o tshegetswang ka matlole a poraefete o mogolo go gaisa mo lefatsheng. 

South African Avocado Growers Association (SAAGA) e tlhomilwe kwa botharing jwa dingwaga tsa bo-1960 go tokafatsa tlhagiso le thekiso ya di-avocado. Boloko jwa SAAGA jwa bajadi ba ba fetang 500 bo bopa go feta 95% ya tlhagisetso thomelo-ntle ya avocado ya Afrika Borwa. 

Bodirelo jwa avocado jwa Afrika Borwa bo godile gotswa go 2 000-ha kwa tshimologong ya dingwaga tsa bo-1970 goya go 12 000-ha ka 2003. Ka Ferikgong 2019 go ne go ka nna le 17 500-ha e e jadilweng mo Afrika Borwa, ka koketsego e e lebeletsweng ya bobotlana 1 000-ha goya go 1 500-ha e e tla jalwang ka ngwaga.

Translated by Lawrence Ndou