Baxhosa

© Dr Peter Magubane

Leina Xhosa ke lereo la kakaretso, le le dirisediwang mefutafuta ya maloko a a tlotlegileng a losika lwa BaNguni, Mapondo, Mabomvana, Bathembu le Baxhosa ka bo bona.

Batho ba ba buang Sexhosa kgotsa BaNguni ba ba bannang kwa Kapa Botlhaba, go tswa KwaZulu-Natala mo molelwaneng kwa Kapa Botlhaba Zuurveld. Go tswa bogologolo e le batsomi, badisa neng le balemirui ba ba iphedisang, ba ba neng ba rulagantswe ka go ka nna ditlhopha tsa bogosi ba dipolotiking tse di ikemetseng ka nosi, sengwe le sengwe se lemoga kgosikgolo. Baxhosa, jaaka BaNguni, ke loleme mo boemong jwa leina la lotso, e ne diteme tse di buiwang mo melapo ya Fish, Keiskamma le dinoka tsa Buffalo.

Setlhopha sa ntlha sa bafodogi ba BaNguni se gorogile mo Aforika Borwa se ne se na le morafe wa Sexhosa (se akaretsa bo Gcaleka, Ngqika, Ndlambe le masika a Dushane), Bathembu le Mapondo. Moragonyana setlhopha babuwi ba SeNguni ba gorogile KwaZulu, mme ba ne ba lelekiwa ke Kgosi Shaka. Ba ne ba itsiwe jaaka Bamfengu mme ba tsenngwa mo teng ga setšhaba sa Baxhosa. Bafodogi ba ba pele ba ne ba dira mokwatla wa setšhaba sa Baxhosa, setlhopha sa batho sa bobedi se se neng se le kgolo go gaisa mo Aforika Borwa. Ka tshwanelo ke morafe o o motlotlo, jaaka ba ise ba diriwe makgoba kgotsa go fenngwa ke morafe ope.

Translated by Lawrence Ndou

Badimo ka Setso sa seXhosa

Mewa e e nonofileng kgotsa meriti gantsi ke baswi ba banna ba bagolo ba setlhopha sa losika lwa banna. Mathosa e kaya badimo jaaka iminyanya...more

Lenyalo le ka Baxhosa

Lenyalo ka setso le ne le le la go nyalelana kwa ntle ga setlhopa se le sengwe (balekane ba lenyalo ba ne ba bonwa ka kwa ntle ga setlhopha ...more

Baxhosa ba ba Fetogang

Baxhosa ba kwa molelwaneng wa kwa Kapa Botlhaba e ne e le bogosi ba ntlha ba BaNguni ba ba neng ba senolelwa batlhotlhomisi ba kwa Yuropa, b...more

Batho ba Baxhosa ba Aforika Borwa

Bosupi jwa hisetori bo tshitshinya gore ka bonako jaaka 1593 go ne go na le batho ba buwang Sexhosa go ya kgole kwa borwa kwa Noka ya Mthath...more

Meloko le Bogosi ba Baxhosa

Leina la rragwe kgotsa lein la leloko le le dirisiwang ke mogolo wa monna kgotsa wa mosadi wa Moxhosa le bonwa go tswa go rre le botokololo ...more

Meetlo ya Setso sa Baxhosa

Le fa e le tlhotlheletso e e golang ya setso sa Bophirima, Baxhosa ba le bantsi ba sa ntse ba dira ka dingwao le ditso tsa bona tsa setso....more

Meetlo ya Setso sa seXhosa ya Phetisetso

Dingwaga tse di ka nnang 150 tse di fetileng kgotsa go feta, magosi otlhe a borwa jwa Aforika le maKhoi-San ba ne ba obamela mekgwa ya go ru...more