Leina la rragwe kgotsa lein la leloko le le dirisiwang ke mogolo wa monna kgotsa wa mosadi wa Moxhosa le bonwa go tswa go rre le botokololo jwa setlhopha se se rileng. Le fa go ntse jalo, leloko e ne e le setlhopha se se bophara thata go feta setlhopha sa bonna, se gantsi se neng se na le botlhokwa thata ka selegae. Ditokololo tse di farologaneng tsa leloko le le lengwe gantsi thata di ne di nna mo mafelong a a farologaneng mme e ne e le balatedi ba baeteledipele ba ba farologaneng ba meloko gammogo le dikgosi.
Baeteledipele ba meloko ba ba neng ba na le balatedi ba le bantsi mo bogosing bo bo rileng ba ne ba emetse balatedi ba bona mo khuduthamageng le go nna le seabe mo ditshweetsong tsotlhe tse di amang bogosi. Maloko a bogosi e ne e le ditlogolwana tsa thulaganyetsoruri ya rremogologolo yo o tshwanang, le fa e lego seno se ne se ka se pakelwe. Ditokololo tsa leloko le le lengwe be ne ba sa nyalelane mme mosadi o ne a nna le leina la leloko la gagwe morago ga lenyalo.
Leina la leloko le sa ntse le le botlhokwa gompieno jaaka kaelo ya loago. Fa batho ba ba sa itsaneng ba kopana, ka gale ba iketsesi ka go umaka maina a meloko ya bona ka bobedi. Ka tsela e dikgolagano le dikamano tsa loago di a supiwa.
Bonno ba Baxhosa mo tikologong e e rileng bo ne bo wela ka fa tlase ga taolo le bothati jwa kgosi ya selegae e leng gona mo nageng eo leng mo go yona. Lefelo le Legolo la kgosi le ne le akaretsa, loago, tsamaiso, bosiamisi le bogare ba sesole.
Le fa bothati ba bokhuduthamaga ba kgosi kwa bofelong bo ne bo le mo diatleng tsa lekgotlha la kgosi e seng ka boene, kgosi le fa go ntse jalo e ne e le setshwano sa tlhogo, rre le morwala bonna ba bogosi. O ne a bitsa go tsoma, go roba, ntwa le go rupa — tsotlhe tsa selegae tse di amang le tiriso ya didiriswa tsa tshipi tse d bogale jaaka marumo le dipetlwana.
Didiriswa tsotlhe tse di ne di amanngwa ka bogaufi le sekgwa kgotsa naga le meriti (mewa), mmogo le ditumelo tsa meetlo tse di amanang le bophepa le go ila (ukuzila) go tswa go nama, mašwi a a bodila, nnotagi, motsoko le thobalano. Ditiro tse tsa selegae ka jalo di ne di amana le meetlo e e kgethegileng ya setlhabelo le/ kgotsa go alafa ka melemo.
Dingaka le boraditlhare go tswa kwa lowe e ne e le baeemedi ba kgosi, ba ba neng ba nesa pula ka nako ya komelelo, ba alafa batlhabani pele ga ntwa, ba alafa ditshimo tse di jetsweng go netefatsa kumo e e pila, bo nkgetsa baloyi le go alafiwa bolwetse le bomadimabe mo bathong le diphologolo.
Balatedi ba kgosi e ne e le motswedi wa banna ba ba nonofileng ba ba neng ba dira jaaka batlhabani mo sesoleng, ba sireletsa bogosi kgatlhanong le bagaisani kgotsa dikgosi tsa dinaga tse di mabapi kgotsa go sutlhelela melelwane ke batswa kwa ntle. Ditefelo tsa loso le kotlo ya polao kgotsa boloi di ne di duelwa kwa kgosing ka dikgomong. Matlalo otlhe a nkwe le bontlhanngwe ba aefori e e neng e bonwe fa go tsomiwa di ne di fiwa kgosi, yo e neng e le fela motho a le mongwe yo o neng a letleletswe go apara kobo ya letlalo la nkwe (umnweba) le sebaga sa seatla sa aeffori (umxhaka).
Ke 1831 Grahamstown e ne e romela £50,000 ya dithoto ka ngwaga, e e leng gore £27,000 e ne e diriwa ka meno le £3,000 ya aefori e e rekiwang kwa Maxhoseng. Maxhosa kwa morago ba ne ba sa bone fela dithoto ka ga kgwebisano ya tlwaelo (dikobo, morumo le tshipi), mme gape le dipitse le dithunya.
Balatedi ba kgosi ba ne ba tlaleletsa ka dikgomo mo letlotlong la monyadiwa (lobola) Mosadi o Mogolo wa kgosi. Ba ne ba tsenela tshekatsheko ya ngwaga le ngwaga ya sesole kwa Ntlong e Kgolo ya Segosi, fa e le gore sesole se ne se alafiwa ke ngaka ya ntwa (itola.). Moletlo wa maungo a ntlha (ulibo) o ne o tshwarelwa ka nako e le nngwe, moo dijalo di ne di latsiwa ka moetlo ke kgosi pele ga fa di robiwa mo masimong.
Le mororo dikgosi tsa Baxhosa di ne di le karolo ya segosi sa ntlo ya amaTshawe, se ne se sa kaye gore ba ne ba amane ka sepolotiki le mo mererong yotlhe ka dinako tsotlhe.
Dikamano tsa sepolotiki di ne di ka fetoga go ya ka morero o o leng mo tafoleng. Sekao, ka nako ya leroborobo la bolwetse ba matshwafo la dikgomo le tiragalo ya go Bolayang Dikgomo e e neng ya e latela ka 1856 — 7, dikgosi dingwe tsa Baxhosa di ne di tshegetsa boikuelo jwa Kgosikgolo Sarhili, bo bo neng bo ikaegile mo diporofetong tsa ngwagakgolo tsa ga Mhlakaza le Nongqawuse, go senya dikgomo le mabele otlhe, mme ba bangwe ba ne ba gana go dira jalo, Balatedi ba ba neng ba sa anngwa ke kgosi e e neng e sa amogelesege ba ne ba ka fetola kamano ya bona kwa kgosing e e rategang.
Fela jalo, motlotlegi, yo o neng a na tshegetso e e lekaneng ya sepolotiki le ya sesole, o ne a ka itseela bogosi ba ga morwarragwe kgotsa o ne a ka tloga a tsamaya, a gapa lefelo le lešwa le go tlhama bogosi bo bontšhwa ba gagwe. Go ya ka setso sa Sexhosa sa molomo fela, Tshawe o ne itseela bogosi jwa ga morwarragwe Cirha. Ka ntlha ya tiragalo e, Tshawe, wa kwa ntlong e e potlana ya Nkosiyamntu, go tloga fao o e ne e le ntlo ya segosi mo gare ga Baxhosa.
Morago ga moo, ka ngwagakgolo wa bo18, Morwa wa Motlhankedi mogolo Rharhabe wa Kgosi Phalo o ne a tsghela Noka ya Kei le balatedi ba gagwe morago ga noka ya thulana ya sesole le morwarragwe o monnye Gcaleka, yo o neng a le mojaboswa wa bogosi. Rharhabe o tlhomile bogosi jwa gagwe bo bontšhwa kwa Dithabaneng tsa Amabele, mme Sexhosa sa kwa Ciskei se ne sa bidiwa jaaka maRharhabe, leina la ga rre le le santseng le le maleba le gompieno.
Translated by Lawrence Ndou