Batho ba Baxhosa ba Aforika Borwa

Baxhosa go Tswa Botlhaba ba Aforika

©South African Library

Bosupi jwa hisetori bo tshitshinya gore ka bonako jaaka 1593 go ne go na le batho ba buwang Sexhosa go ya kgole kwa borwa kwa Noka ya Mthatha mo lefelong le le itsegeng gompieno jaaka Kapa Botlhaba, le gore ba ne ba setse ba le mo kgaolong e nako pele ga moo. Go ya ka molomo fela, Bathembu, Baxhosa le Mampondomise ba ne ba nna kwa mafitlhelong a godimo a kwa Kapa Botlhaba kwa Nokeng ya Umzimvubu masika pele ba tla tlase mo lebopong.

Tsotlhe tseno di tshisinya gore difopholetso ka ga bofaladi ba batho ba ba buwang Sexhosa go tswa kwa Aforika Botlhaba mo nakong ye e fetileng ga se nnete, fa e se gore e fosagetse kgotsa sengwe se se bosula. Patlisiso ya thutamarope, gareng ga tse dingwe, ka go tlhoka pelaelo e tla neelana ka tshedimosetso e e oketsegileng mo dipotsong tse di ntseng jaana mo isagweng. Sekao, mesima e e dirilweng ga jaana mo polaseng ya Canasta Place gaufi East London ya gopieno e tshitshinya gore, go tloga ka ngwagakgolo wa bo7 Morago ga Loso lwa ga Keresete, batho ba ba buwang Sexhosa ba ne ba ntse ba tshela gongwe ka go tswelela gaufi le Noka ya Buffalo.

Ka nako ya ngwagakgolo wa bo19 Bahlubi, Bazizi, Batolo le Mabhele ba fudugetse mo kgaolong e morago e ne ya bidiwa Transkei (e jaanong e leng karolo ya Kapa Botlhaba). Batho ba, ba ba feleditseng ka go bidiwa Bamfengu, e ne e le baikaegi ba Kgosikgolo ya Baxhosa Hintsa. Ka 1835 ba ne ba kopiwa ke baromiwa le bothati ba koloniale ba Brithane jaaka 'batshabi go tswa Mfecane', sk. ‘ntwa ya gotlhelele’ ya Kgosi ya MaZulu Shaka ya morago ka bo1820. Ba ne ba ba bewa ka fa tlase ga tshireletso ya bokoloniale thata ka ntlha ya go kokomosa badiri ba ba senyegileng ba ba ipeetsweng.

Dikgosi tsa Baxhosa di Tlhagile Jaaka Barata Naga

Baffengu ba kwa Transkei e ne e le badirisani ba sesole ba batswakwa ba basweu kgatlhanong le Baxhosa mo Dintwa tsa Melelwane tsa 1846-7, 1850-3 le 1877-8. Ka ntlha ya maiteko a bone a go sireletsa Koloni ya Kapa, Bamfengu ba bone go tswa kwa bothating jwa basweu neelo ya lefatshe leo pele e neng e le la Baxhosa. 

Mo kgotlhang e e golang ya molelwane le dithulano tse di latelang le maBorithane le mephato ya bokoloniale, dikgosi tsa Baxhosa, mo gare ga bone e leng Sandile le Maqoma, ba ne ba tlhagelele jaaka barata naga ba ba neng ba lwela go tsweletsa kemonosi ya bone, masimo le balatedi.

Maqoma, mologamaano yo o neng a filwe le motlhabani wa morukhutlhi, o tlhokafetse e le motshwarwa kwa Setlhakatlhakeng sa Robben ka 1873. Sandile o ne a gobadiwa mo mmeleng mo kgotlhang le masole a pateletso a Bamfengu kwa Sekgweng sa Isidenge ka Motsheganong 1878.

Ka ga tlhokofala ga bona, le ya bofelo ba masalela a thibelo ya sesole sa sa Baxhosa mme ba ineela ka fa tlase ga bolaodi ba bakolonile. Mo tshimologong ya bo1880 Mampondo e ne e le ba bofelo ba bogosi ba BaNguni ba Kapa ba go tlisiwa mo pusong ya bokoloniale.

Translated by Lawrence Ndou