Meetlo ya Setso sa seXhosa ya Phetisetso

Ditirelo tsa Go Rupa tsa Banna

©Dr Peter Magubane

Dingwaga tse di ka nnang 150 tse di fetileng kgotsa go feta, magosi otlhe a borwa jwa Aforika le maKhoi-San ba ne ba obamela mekgwa ya go rupa go katisa baša, banna le basadi, ka ditiro tsa bona tsa isago mo setšhabeng sa bagolo.

Mo letlheng le le fetileng le le sa itsegeng, bogosi ba Baxhosa bo amogetse go rupa jaaka moeteledipele wa senna sa bogwera ba banna, gongwe go tswa kwa motheong wa Basotho, mme e setse e ammanngwa gaufi thata le bona fa e sale.

Mo tsamaong ya nako thata ka ntlha ya tlhotlheletso ya Sexhosa, go rupa go amogetswe ke dikgosi tsa boagisani tse di jaaka Thembu, Mfengu, Bomvana, Xesibe, Mpondo le Mpondomise.

Nnete ke gore, go rupa kwa tshimologong e ne le botlhokwa ba sesole, jaaka bothata ba tshwanelo go bašwa ba basimane ba ba neng ba go dira jaaka batlhabani pele ba nna le tshiamelo ya go nyala. Fa Dingiswayo, yo o tlileng pele ga Shaka, a itsisitse thulaganyo ya sesole ya kwa Zulu, go rupa ga seZulu go ne go fedisiwa.

Morupisiwa wa Moxhosa

©Dr Peter Magubane

Mo nakong e e fetileng, morupisiwa mongwe le mongwe wa Moxhosa o ne a mewa marumo le dithepe tsa ntwa ke rraagwe le rangwanagwe kwa moletlo wa go tswa (umgidi) o o neng o tshwarwa go tsenngwa barupisiwa (abakhwetha) mo setšhabeng go tswa kwa sekgweng fa ba ne ba sena beeletswe kwa thoko.

Go rupa go tswelela go dirwa mo boemong bo bo okobaditsweng ke babuwi ba Sexhosa, bobedi kwa ditoropong le kwa dikgaolong tsa metseselegae, le fa e le gore nonofo ya yona e ga jaana e sa amogeleseng ya kgopolo ya boitekanelo.

Fa e sale tshimologo ya bo1990, palo ya barupisiwa ba banna ba ba lwalang ka marara a bongaka le malwetse a tlhaloganyo, tota le go swa ka ntlha ya tiro ya go rupisiwa e ntse e oketsega ngwaga le ngwaga. Tharabololo ya mathata a a rebotsweng ka go bonala sentle mo go beeng tiro ya go rupisa e mo diatleng tsa badiri ba bongaka jwa sekgowa ba ba katisitsweng.

Translated by Lawrence Ndou