Badimo ka Setso sa seXhosa

Tumedi ya Badimo

©Dr Peter Magubane

Mewa e e nonofileng kgotsa meriti gantsi ke baswi ba banna ba bagolo ba setlhopha sa losika lwa banna. Mathosa e kaya badimo jaaka iminyanya, fa ba Mampondo a ba bitsa amathongo. Ka tebego banna ba ba nang le maatla le tlhotlheletso mo matshelong a bona, meriti e ne e le baeteledipele ba tse di latelang – basimolodi ba losika, baeteledipele ba losika le dikgosi ba bokgakale jo bo fetileng – ba ba nnang mo maemong a a kwa godimo a popego ya kamano le le ditlogolwana tse di dintsi.

Tumedi ya badimo ke tumedi e e botlhokwa thata ya kopano ya selegae, losika lo lo atolositsweng. Jaaka kgolagano e e tshelang magareng ga ditokololo tsa bonno le badimo ba setlhopha sa losika la banna, monna wa tlhogo ya lelapa o tsaya botsamaisi ka meetlo, ka boena kgotsa o ka moemedi.

Moswi wa tlhogo ya lelapa e tsennywa ke basimane ba gagwe jaaka sedimo fa bonnong, thulaganyo e gantsi e e ka akaretsang go dira ditlhabelo tse pedi. Lwa ntlha (umkhapo), podi e tshweu kwa ntle le selabe e a tlhabiwa go felegetsa (ukukhapa) mowa wa moswi go ya kwa meriting.

Mo sa bobedi (umbuyiso), pholo e a tlhabiwa go busetsa (ukubuyisa) mowa wa moswi jaaka sedimo go elama mo godimo ga mathudi le serepodi sa bonno. Le fa ka dinako tse di fitileng dikgosi ka dinako tse dingwe di ne di fitlhwa mo lotshitshign lwa noka kgotsa kwa sekgweng, ditlhogo tsa malapa di ne di bolokiwa mo lesakeng la dikgomo gaufi le kgoro.

Go nna Mowa wa Sedimo

©Dr Peter Magubane

Batsofe botlhe ba ba neng ba tlhokafala, basadi ba ba seng kwa tlase ga banna, ba nna mewa ya badimo mme ba ka tlhotlheletsa matshelo a batlogolo ba bona, go tlhaeletsana le bona ka ditoro le ditlhodi. Mosadi a ka nna mowa wa sedimo go bana ba gagwe le bana nkgonne wa gagwe.

Le fa badino ba le setlhopha sa banna mo a belegetsweng teng o tswelela go tlhotlheletsa mosadi morago ga lenyalo, mosadi yo o nyetsweng le fa go ntse jalo go akanywa gore o tlhotlhelediwa ke badimo ba monna wa gagwe gape. Se se tshwaragantswe ka sesupo ka nako ya moletlo wa lenyalo la setso (umdudo), fa monyadiwa a tlhaba ka lerumo, le e leng la ga rraagwe monyadi, go tsena mo kgorong ya dikgomo tsa gagwe (ukuhlalsa umkhonto).

Fa mosadi a lwala kgotsa a bidiwa go nna ngaka, tlhogo ya bonno koo a belegetsweng teng, kgotsa moemedi, o patelesega go dira ditlhabelo tse di tlhokegang mo boemong jwa gagwe.

Meetlo ya Setso

©Dr Peter Magubane

Kwa ntle thata le bolwetse le madimabe, meetlo ya setso (amasiko) a direwa ka nako nngwe le nngwe ya leboo la botshelo, go tswa kwa botsalong go kgabaganya bokawana kgotsa boroba, lenyalo le go khutla ga modikologa wa go bona kgwedi go ya losong. Banguni ba kwa Kapa ba dirisa bokgoni jwa dipapiso go tlhalosa badimo le lefatshe la semowa.

Gongwe dipapiso dingwe tsa bogologolo tse di dirisiwang tsa badimo ke phefo (umoya), lefoko le le neng la amogelwa semmuso ke baromiwa ka Mowa o o Boitshepo mme le dirisitswe kwa ditlhanolong tsa Sexhosa tsa Baebele go tloga fa e sale.

Meetlo ya setso e sa ntse e dirisiwa thata gompieno, le fa e le ka popego e e fetotsweng thata le go okobadiwa, bobedi kwa magaeng le kwa metsesetoropong ya Aforika Borwa le kwa ditoropokgolong.

Translated by Lawrence Ndou