Meetlo ya Setso sa Baxhosa

©Dr Peter Magubane

Le fa e le tlhotlheletso e e golang ya setso sa Bophirima, Baxhosa ba le bantsi ba sa ntse ba dira ka dingwao le ditso tsa bona tsa setso. Baxhosa ba simologile e le badisa ba dikgomo bao ka setso ba dirang ka natla mme ba kgona go tswelela pele. Malapa a le mantsi a na le bonno ba badimo mo mefelong a a jaaka Kapa Botlhaba a Aforika Borwa, mme ba dira mo ditoropong le ditoropokgolo tse di tlhabologileng jaaka Motse Kapa le kwa Johannesburg.

Baxhosa ba na le dingwao tse di farologaneng tsa setso tse ba di obamelang; ditiragatso tse dingwe tsa setso di akaretsa go rupisiwa ga banna, fa ba le mo dingwageng, se se ba akaretsang gore ba ye kwa komeng (‘thaba’), go amogela dithuto tse di boitshepo go tswa mo go bagolo ba bona le banna ba ba simololang.

Tiragalo e nngwe ke bogadi, e leng tuelo e e diriwang ke monna yo o batlang go nyala mosadi. O tshwanetse go neela rraagwe mosadi tuelo ya lelapa ka popego ya diruiwa kgotsa dilo tse dingwe jaaka nkgo ya metsi ya lenyalo. Lenyalo ka bo lona le akaretsa gape meetlo le meletlo eo bontsi jwa Baxhosa ba santseng ba di obamela.

Dintsho le ditiratso tsa phitlho le tsona di a dirwa ka tsela ya setso. Baxhosa ba segompieno ba na le go rephisa mo dingwaong tse di rileng, fa bagolo gantsi ba gatelela mo go tsholeng ditso le dingwao di ntse di tswelela mo lelapeng.

Manno

©Dr Peter Magubane

Go ya ka hisetori, manno (imizi) a Sexhosa a ne a tlwaetse go gasakiwa mo mafeloselegae mme a ne a nnetse mo mebotwaneng go tlhomamisa kelelatshila le tshireletso ya sesole. Manno a ne a akaretsa leparego le le sediko la dipalo le ditlhatshana, tse di neng di obilwe le go kopanywa ka popego ya motshitshi wa dinotse gape di tentswe bojang go tswa godimo go ya kwa tlase ga bojang. Go netefatsa gore di futhumadiwa sentle, ka fa gare ga bojang go ne go ditswe ka motswako wa seretse le boloko go tswa kwa tlase go ya bogodimong jwa legetla.

Bodilo ba bonno bo ne ditswe ka motswako wa seretse le boloko. Sediko sa kgatelelo se se kwa tlase, se se nang le matlhakore, se le mo bogareng ya bodilo bo ne bo dira jaaka leiso. Mofuta o wa bonno (ungquphantsi) bo ne bo na le mpjako wa kwa tlase mme motho o ne a tshwanelwa ke go obama go tsena mo go yona. Ka nako ya tsimologo ya bo1820 thulaganyo e e ne e tla emisiwa ka mofuta wa leruri o o popota, o o neng o na le mositsana o o sediko le lebota le le ditsweng (go tsenyeletsa mekgwa ya go aga ye e neng ya tlhagisiwa ke baromiwa jaaka Dc J. T. van der Kemp), e e tshegetsang marulelo a bojang ntlha e e lebileng kwa godimo.

Manno a a neng a na le bonno ba ka gale a ne a kgobokantswe jaak sediko a lebane le lesaka la dikgomo le legolo la ditlhatshana, le le tla nnang le lesaka le le lengwe le lennye kgotsa go feta tse di leng mo mathokong go tsenya dipodi. Sediba se le sengwe kgotsa go feta sa sebopego sa lebotlolo sa go boloka mmidi ka gale di ne di le ka fa tlase ga bodilo jwa lesaka la dikgomo.

Didibana tsa mabele di ne di ditswe sentle mme tsa tswalelwa ka lefika le legolo, go kgona go thibela tshenyego ya metsi le ka go dira jalo go senyega ga mmidi ka go simolola go bela le go bola. Ka nako tse di gaisang, mmidi o o neng o bolokilwe mo didibaneng tse e ne e na le monko wa mouta le tatso e e bosula, fela e ne e le itshokelwa, le go itumelelwa, bogolosegolo ka nako ya ditha tse mmidi o neng o tlhaela.

Gape o ne o beilwe kwa ntle, kwa morago ga kgotsa go bapa le matlo, di ne di kgoreleditswe go tswa mo mafelong a boapelo, le lefelo la go besa le le dirilweng ka mmopa la go besa borotho ba mmidi (isonka) gammogo le kgamelo e le nngwe kgotsa go feta tsa letlhaka tse di dirilweng ka ditlhatshana go boloka mmidi mo piding. Lefelo le le feelwang mo gare ga mojako wa ntlo le ntlo e kgolo le kgoro ya lesaka la dikgomo e ne e itsege jaaka lelapa (inkunda). Fa e ne e le gone fa dikgetse di ne di reediwa gone kwa Ntlong ya Bogosi e Kgolo ya kgosi kgotsa kgosikgolo.

Bonno e ne e ditlamo tse di neng di itlamela ka ikonomi, le dikgoboketso tsa diruiwa le ditshimo go lema le go tsoma. Bonno bo ne bo na le palo ya matlo a a mo go ona monna, basimane ba gagwe ba ba nyetseng, basadi le bana ba boona baneng ba nna gone.

Monna wa mohumi kgotsa kgosi e e nnang le metlhape ya dikgomo e mentsi ba ne ba ka nna le badirisi ba e seng ba leloko le malapa a bona le bona ba ba nnang kwa bonnong. Badirisi ba jalo ba ne ba aba ditirelo tsa motho (ukubusa) kwa go kgosi kgotsa tlhogo ya lelapa, ba disa loruo lwa gagwe ka go bona tetlelelo semmuso mo mašwing le bana, mašwi a ne a bopa motheo wa metlhape ya bona.

Melao ya Boswa

©Dr Peter Magubane

Melao ya boswa e ne e dirisiwa fela mo gare ga ba lelapa: morwa wa maitsebolo wa Mosadi o Mogolo yo o neng a tla amogela diruiwa tsa ga rragwe. Fa go nyala ka lefufa go ne go dirilwe, barwa botlhe ba maitsebolo ba basadi ba monna ba ne ba tla amogela diruiwa tsa gagwe, go tswa mo go lone ba ne ba aga metlhape ya bona.

Go ya ka hisetori lefatshe le ne le abelwa go ya ka bathati ba sepolitiki — sk. ya kgosi kwa khuduthamageng — mme e seng go ya ka mabaka a letso la ditlhopha. Le mo mabakeng a tirisanommogo e e anameng mo magareng ga manno, sekao, fa ba dira tiro e e sa rulaganywang go thusa mo go jaleng, go tlhagola le go roba, tshika e ne e se botlhokwa go gaisa bogaufi ba lefelo.

Setlhopha sa bonna (sk. ba e leng masika ka tsamao ya monna) e bopilwe ke setlhopha se se e leng losika ka bonna sa ditlhogo tsa malapa le bana ba bona ba ba nnang mo lefelong le le rileng. Jaaka fa banna ba e le ditlogolwana tsa rremogologolo, ba ne ba le mo mogopolo wa setlhopha moo e leng losika.

Setlhopha e se ka farologana go tswa go 2 le 3 go ya go ditlhogo tsa malapa tse di ka nnang 20. Lefatshe le leruo ga se la tlhakanelo ke maloko a setlhopha, fela di tshwerwe ke bonno bo le nosi mo mannong. Ditlhopha tse di na le ditiro tse di botlhokwa di le pedi, mme fela di lekanyeditswe: sa ntlha, go rarabolola dikgotlhang magareng ga ditokololo tsa setlhopha, mme sa bobedi, go bopa phuthego ya tumedi ya badimo tumedi.

Translated by Lawrence Ndou

Baxhosa ba ba Fetogang

Baxhosa ba kwa molelwaneng wa kwa Kapa Botlhaba e ne e le bogosi ba ntlha ba BaNguni ba ba neng ba senolelwa batlhotlhomisi ba kwa Yuropa, b...more

Batho ba Baxhosa ba Aforika Borwa

Bosupi jwa hisetori bo tshitshinya gore ka bonako jaaka 1593 go ne go na le batho ba buwang Sexhosa go ya kgole kwa borwa kwa Noka ya Mthath...more