Go Tsenya ka fa Metemeng

© Mesa Historical Museum

Go tsenya maunog ka fa metemeng, merogo le dijo tse dingwe tse di jaaka tlhapi le dijo tse di baakantsweng di akaretsa go tswalela dijo thata mo ditshoding le go lebisa ntshokuno e e tsentsweng mo metemeng mo kalafing e e bolelo. Ka nako ya thulaganyo eno, dimaekropo tse di tlholang bolwetsi di a senngwa ka ntlha ya phetogo e nnye ya ntshokuno. Go tsenya ka fa metemeng go atolosa botshelo jwa šelofo jwa dintshokuno sentle go feta setlha sa go nna teng ga ntshokuno e e tlwaelegileng. 

Le mororo lereo ‘go tsenya ka fa metemeng’ go kaya tiriso ya meteme ya tshipi, thulaganyo e dira gape le tiriso ya ditshodi tse di jaaka dinkgo tsa galase, dikgetsana tse di kgomareditsweng, dijana tsa polasetiki le megopo.

Translated by Lawrence Ndou

Maungo Le Merogo Ya Bobolokelwa-Motemeng

Moapei, modira-dimonamone le motlhôtlhi wa Mofora, eleng Nicolas-Francois Appert, o kaiwa fa ele rraago bobolokela-motemeng, ditebogo go bo...more

Bodirelo Jwa Afrika Borwa Jwa Bobolokela-Motemeng

Mokgatlho wa South African Fruit and Vegetable Canners Association o tlhamilwe ka Ferikgong 1954. Mokgatlho o bopiwa ke maloko ale 20 go eme...more