Bodirelo Jwa Afrika Borwa Jwa Bobolokela-Motemeng

©Glenneis Kriel

Mokgatlho wa South African Fruit and Vegetable Canners Association o tlhamilwe ka Ferikgong 1954. Mokgatlho o bopiwa ke maloko ale 20 go emela maphata a maungo a a tlhotlhoregang, phaenapole, merogo le ditamati. Maungo magolo a bobolokela-motemeng a a tlhagisiwang mo Afrika Borwa ke diperekisi, diapolekosi, dipiere, guava le diphaenapole. 

Dikgaolo-Tlhagiso Tsa Maungo a Bobolokela-Motemeng

©Louise Brodie

Bodirelo jwa Afrika Borwa jwa phaenapole bo bonnye goya ka jwa lefatshe, ka molemi ale esi kwa Kapa Botlhaba ga jaana yo o tshotseng mo go ka nnang 70% ya tlhagiso-kakaretso ya Afrika Borwa. Diphaenapole di tlhagisiwa gape kwa KwaZulu-Natal. Bodirelo bo itemogetse matlhotlhapelo ka 2007 fa metlhala ya cadmium e ne e fitlhelwa mo diphaenapoleng tse di neng di romelwa kwa Yuropa, mme seno se ne sa baka gore balemi botlhe ba dule ntle le mmaraka wa ditlhagiswa tsa bona. Kgotlhelego e ne ya golaganngwa le balemi ba se kae, ba ba neng ka go sa itse ba dirasa monontsha o o neng o na le metale yo o bokete yo. 

Afrika Borwa ke moromela-ntle yo mogolo go gaisa wa diapolekosi tsa bobolokelwa-motemeng, mme e tshotse mo go ka dirang nngwe-tharong ya thomelo-ntle ya lefatshe. Bontsi jwa diapolekosi tseno di tlhagisiwa kwa Klein Karoo ya Kapa Bophirima. Batlhagisi, fela, ba ne ba tshwanela ke go latlha mo go ka dirang 500 tons ya diapolekosi tsa Bulida le go epolola ka medi ditlhare di le di ntsi ka motsi o bodirelo bo neng bo itemogela tlamelo e e feteletseng ka setlha-tlhagiso sa 2013/2014. 

Le bontsi jwa dipiere le diperekisi tsa bobolokekwa-motemeng tsa Afrika Borwa bo tlhagisiwa kwa Kapa Bophirima, fa guava e tlhagisiwa kwa Kapa Bophirima, Mpumalanga le Limpopo. 

Dithekiso

Bodirelo jwa bobolokela-motemeng bo tota no gaisenelwa thata mme bo dirisa madi thata, mme seno se baka gore e nne fela baphetodi ba boditšhabatšhaba ba le mmalwa ba ba laolang mmaraka. Batlhagisi ba Afrika Borwa, gantsi ba nna le konteraka ya thomelo ya paka-magareng goya go ya paka-telele le a le esi wa baphetodi ba le bararo ba ba dirang mo nageng. Baphetodi bano ba romela-ntle go feta 80% ya maungo a bobolokelwa-motemeng ano go ralala lefatshe, gotswa Yuropa goya Botlhaba jo bo Kgakala. 

Tiriso

©Marinda Louw

Maungo a bobolokelwa-motemeng a ka itumelelwa jaaka sejo-iketlo, a diriswa mo go apayeng, go beikheng kgotsa dessert. Maungo le merogo ya bobolokelwa-motemeng di na le fibre ya dijo e e kwa godimo mme dipatlisiso ka Lefapha la Bonetetshi jwa Dijo le Kotlo ya Batho la Yunibesithi ya Illonois di fitlhetse a le foreshe fela jaaka balekane ba ona ba ba foreshe. Patlisiso e ne ya atolosiwa le go ntšhafatswa ka 1997. Patlisiso e ntšha, The Nutrient Conservation in Canned, Frozen and Fresh Foods, e sekasekile seemo sa dikotla sa maungo le merogo ya bobolokelwa-motemeng ele 35, ga mmogo le ditlhapi. 

Maungo mo patlisisong, a akareditse diapole, diapolekosi, moretlwa-montsho, blueberry, grapefruit, dinamune tsa mandarin, diperekisi, dipiere, diphaenapole, plum, setorooberi, cherry, ditamati tse di kgabetleletsweng le tse di feletseng ga mmogo le motlhware. Merogo e ne e akaretsa asparagus, dibete, digwete, mmidi, dinawa tse tala, mabowa, dinawa, lephutshe, sepiniši, dipotata le ditapole. 

Dipatlisiso tse dingwe, fela, di weditse ka gore tsamaiso ya kgotetso e senya dikotla tse di rileng, jaaka vitamin C le esiti ya folic ga mmogo le di-antioxidant.

Translated by Nchema Rapoo