Tsela ya Bolemirui ka Dipidipidi

©Marinda Louw

Bolemirui jwa pidipidi jo bo totileng tlhagiso ya nama ke bodirelo jo bo nnye fela jo bo golang mo Afrika Borwa. Dikgwetlho tse di ka tlholegang di golagana le taolô ya malwetse (segolobogolo mohikela wa dinonyane), tlhabologo ya mmaraka le ditlhagiswa tse di rekilweng kwa ntle ga naga. 

Bolemirui jwa dipidipidi jwa tlhagiso ya bobowa-tlase le mafofa ke thulaganyo-thuo e e itlhaotseng go tlhagiso ya nama. Tshedimosetso e e fa tlase eno ka bofefo e leba tlhagiso ya nama mme gape e akaretsa botlhokwa jwa metsi a dipidipidi, go sa kgathalesege maitlhomo a tlhagiso a polase.

Dithulaganyo tsa Bolemirui jwa Pidipidi

Dipidipidi tsa nama di ruiwa fela ke batlhagisi ba le mmalwa mo Afrika Borwa, gantsi ka go kopanya dithulaganyo tsa ka mo gare ga kagô le tsa kwa ntle. 

Dipidipidi di ka ruelwa mo ditlamêlông tsa dikagô tse di kgolo jaaka ele lobaka kwa Yuropa le UK, kwa balemirui ba dipidipidi ba tlhokang go tlamela litter (eleng sere sa semonyedi go monyela mantle) le phitlhelelo ya metsi a a bulegileng. Kwa USA, dipidipidi gantsi di ruelwa ka mo gare ga kagô ka bodilo jo bo dirilweng ka go paragana go letla mantle go ka wela fatshe mo diphatlheng le go ntshiwa. 

Mo Afrika Borwa, dipidipidi tsa nama gantsi di tlhagisetswa mo dithulaganyong tsa bolemirui jwa free-range - kopakopano ya mafelo a kgodiso a ka mo gare ga kagô le mafelo a kwa ntle a go thumela le go topatopa. Mo tiragatsong, seno se raya gore dipidipidi tse di kgolwane di gololosegile go sasanka kwa ntle, di thume le go topatopa, fela dipidipitsana tsa bonnye jo bo kwa tlase ga dibeke di le tharo di tsholwa le go fepelwa ka mo gare ga kagô go fitlha di tia mo go lekaneng go ka tswela kwa ntle. 

Dipidipidi di lerwe ka mo gare ga kagô bosigo jaaka boiphemêlô kgatlhanong le bosa jo bo tsididi, ditlhasedi le bogodu.

Dipidipidi le Metsi

©Marinda Louw

Batlhagisi ba ba tshwenyegileng ka itekanelo ya diphologolo tsa bona ba tshwanetse go leba dikopakopano tsa metswedi ya metsi e e eletsegang le bophêpa. Seno ke go lekanyetsa kgolô ya bacteria le maemô a a bometsi eleng dilo tse di ka isang kwa bolwetseng jwa tlhakwana, fela go tsweletswa tlamelo ya metsi a a lekaneng go letla phepafatso le thumo. 

Dipidipidi ke dinonyane tsa metsi tse di tlhokang metsi. Eseng fela gore di nwe mme gape le go itlhapisa le go thuma. Metsi a dirisetswa gape go laola themphoritšhara ya mmele mo dinakong tsa kgatelelô le mogote. Go tlaleletsa, dipidipidi di ikaega mo metsing go tshola mafofa a tsona ale mo seêmông se se ntle le go tshola matlho le masobana a dinko a tsona ale phepa ka go ina ditlhogo tsa tsona ka fa tlase ga metsi. 

Dipidipidi di nwa dielô tsa metsi tse di kwa godimo fa di ja, mme jaaka dipatlisiso di bontshitse, di rata go dira seno gotswa mo motsweding wa metsi o o bulegileng. Ka ntlha ya go nwa metsi go go kwa godimo ga tsona, mantle a dipidipidi a na le go nna metsi. Seno se isa kwa tlhokagalong ya sere sa semonyedi ka mo dihôkông tsa tsona tsa ka fa gare ga kagô. Manyakgong a neelana ka monyelo e e manontlhotlho ya bometsi jo bo feteletseng, fela, o seke wa dirisa maphatlho a magolo a logong ka ga seno se ka gobatsa menotolotha ya tsona. Boalô jo bo metsi bo ka diriswa jaaka motshotelô mo ditshingwaneng tsa merogo tsa fa gae kgotsa mo polaseng.

Bolemirui ka Dipidipidi

Dipidipitsana tsa bolemirui jwa nama di ka rekwa gotswa go motsadisi kgotsa di ka tsadiswa mo polaseng. Gantsi, dipidipidi tsa tsadiso ga di tlhabelwe mmaraka wa mabenkele ka ge di godile thata go dira tlhagiso ya nama e e boleng. 

Moento wa dipidipitsana kgatlhanong le bolwetse jwa Newcastle o a tshitshinngwa, tota le mo ditikologong tsa dithulaganyo tsa free-range le tsa tiriso e e lekanyeditsweng ya khemikhale. Dr Andrew van Wijk, ngaka ya diphologolo ya thuonong, o begile fa dipidipidi gantsi ele ditshodi tsa mohikela wa dinonyane mme ebile di ka se bontshe tshupabolwetse epe. 

Dipidipitsana di nna sebaka se se ka dirang dibeke di le tharo ka mo dintlwaneng tse di kgethegileng tsa themphoritšhara e e laolwang mme di fepiwang sefepi sa tshimologô se se kgethegileng sa di-pellet. Metsi a a foreshe le didiriswa tsa go nwa tse di phepa di botlhokwa mme dinwelo tsa bêlê di diriswa ka go gaisa go thibela dipidipitsana go ka tshamekela mo metsing a a nowang a tsona. 

Diphuka tsa dipidipitsana tse di nnye ga di ise di nne bokganêla-metsi ka botlalo mme ga di letlelelwa go gobua mo metsing a a boteng, diphuka di ka nna metsi thata le go nna bokete mme go ise kwa go nweleng ga dipidipitsana. 

Morago ga dibeke di le tharo, phepô ya tsona e fetogela go di-pellet tsa kgodiso mme dipidipidi di letlelelwa goya kwa ntle go thuma le go sasanka. Diphepô tsa dipidipidi gape di ka tlaleletswa ka difepi-tala. Dipidipidi di siamela go ka phetolwa mo bogolong jwa malatsi ale 49 - 52 kgotsa fa bokete jo bo ka nnang magareng ga 2.3 le 3.2 kg bo fitlhelelwa, go ikaegile ka bong le mofuta wa letsopa. Seelô sa phetolo ya sefepi mo bogolong jono e ka nna 2.9 kg ya sefepi go 1 kg ya bokete jwa tshelô. 

Ditshenyegelo tse kgolo tsa tlhagiso mo bolemiruing jwa pidipidi di akaretsa tlhwatlhwa ya dipidipitsana, leokwane, sefepi le ditshenyegelo tsa botlhabelo jwa tlhabô.

Translated by Nchema Rapoo