Dithuntshwane di jalelwa ka mo teng ga dikagô tse di kgolo tse mo go tsona seelô sa carbon dioxide, bongôla le themphoritšhara se laolwang ka kelotlhôko. Ke tsamaiso e e totang ele botegeniki thata, e e baakanyeditsweng tlhagiso ka mogoso ya dithuntshwane, segolobogolo mo lobakeng lwa dithuntshwane tsa konopo le tse di borokwa – tsotlhe eleng maloko a Agaricus spp.
Temô ya dithuntshwane ke tirelo ya bonetetshi e e tlhokang botshola-rekhoto jo bo tswileng diatla go fitlhelela dipholô tse di tsepameng, mme e tlhoka tiriso ya madi e e kwa godimo. Mo godimo ga seo, e tletse botegeniki jo bo kwa godimo mme e tlhoka mefutafuta ya dilekanyetso tse di leng mo tekatekanyong e e siameng gore e tlhagise dithuntshwane tsa boleng jo bo siameng, go bua Dr Martmari van Greunen wa Sylvan, eleng setlamo se se tlamelang spawn sa thuntshwane.
Dikgwetlho tse dingwe mo temông ya thuntshwane di akaretsa kgano ya setso ya go jewa ga dithuntshwane ga mmogo le tshelo-poloko e e totang ele khutshwane e e bakang tlhokegô ya tsamaiso-tsidifalo gotswa kwa polaseng go fitlha kwa lebenkeleng.
Motshotelô o o kgethegileng o phatlhalatswa mo makiding, dishelofong kgotsa o tshelwa mo dikgetsaneng tsa polasetiki. Mme morago ga fao dipeo tsa thuntshwane mo sebôpegông sa ‘spawn sa thuntshwane’ di thuthuswa mo motshotelông le go letlelelwa go ka bopa dikgokagano tsa mycelium – eleng ‘medi’ ya thuntshwane. Tsamaiso enô ya go bopa kgokagano ya mycelium le go thopa motshotelô e bitswa ‘motsamao wa spawn’ mme e tsaya malatsi ale 15-19.
Go kgotlhokgotsa mycelium ya thuntshwane go fetoga gotswa go legatong la melô goya go la katisô, boalô jwa 5 cm jwa sere se se kgethegileng – kgapa – bo tsenngwa fa godimo ga motshotelô. Boalô jo jwa kgapa gantsi bo akaretsa motswako wa boriba jwa peat, o o lerweng gotswa kwa Ireland kgotsa Netherlands. Pith ya ngôba (setswatlhagisong sa tlhagiso ya pampiri gotswa mo ngôbeng) e tswakanngwa le boriba jwa peat go tllhatlhosetsa pH e e esiti go seelô se se mo magareng kgotsa go alkaline pH e e ka nnang 7.5. Boalô jwa kgapa bo neelana ka bometsi le bosa-nnye jwa tikologo jo bo matshwanedi go ditlhogwana tsa thuntshwane gore di gole.
Bajadi ga jaana ba fokotsa themphoritšhara ka mo gare ga diphaposi tsa kgodisetso ka go dirisa dilekanyetsi tse di matswakabele tsa taolô-bosa. Tlaboso enô ya thuthafatso e baka gore dithuntshwane di simolole go enya le go bopa dithuntshwane mo tsamaisong e e bitswang ‘pinning’. Ka motsi wa pinning, bogolo jwa dithuntshwane bo oketsega gabedi mo diureng dingwe le dingwe di le 24, mme di tshwanelwa ke go lekolwa tsatsi le tsatsi go netefatsa kotulô e e magoletsa.
Go enya ga thuntshwane go diragala ka go thunya-thunya. Seno se simolola malatsi a ka nna 17 morago ga go tsenngwa ga kgapa mme se tswelela pele ka dinakwana-magareng tsa beke le beke. Ka kakaretso, dithunyo di le tharo di a kgetlwa pele ga motshotelô o o dirileng o ntshiwa go dira phatlha ya jalô e e latelang.
Dithuntshwane tse di jewang di le foreshe gantsi di kotulwa ka seatla, di tlhaolwe le go pakiwa ka mo gare ga ditlatlana tse di nnye kgotsa di pakwa ka bontsi (go fitlha go 5 kg) ka mo teng ga ditshodi tsa khateboto. Bobolokelo jo bo gaisang jwa dithuntshwane ke ka mo gare ga phaposi e e tsididi ya themphoritšhara ya 2-4°C ka bongôla jo bo kwa godingwana.
Dithuntshwane tse di mo maemông a bobedi ka boleng (sekai, tse di butswitseng go feta selekanyô kgotsa tse di sebala) di a segelelwa le go diriswa fa godimo ga pizza, le mo disopông jalo le jalo. Dithuntshwane tsa bobolokela-motemeng gantsi di kgetlwa ka motšhine.
Spawn sa thuntshwane ke sere (se se jaaka rye e e tlhekwisitsweng kgotsa pelo ya mabele) se se tsentsweng dikapeo tsa mofuta o o rileng wa thuntshwane. Spawn sa thuntshwane se dira jaaka ‘peo ya thuntshwane’ e e ‘jalwang’ mo boalông - motshotelô. Se tlhakanngwa le motshotelô ka seelô sa 8 litres go tone nngwe le nngwe kgotsa 0.5% ka bokete. Motshotelô o o tlhakantsweng le spawn morago o katelwa mo dikgetsaneng, makiding kgotsa mo dishelofong go thuthufatswa kgotsa ‘kgolô ya spawn’.
Kgolô ya spawn, mmogo le jalô, e diragala ka mo gare ga diphaposi tsa bojalo kgotsa megorogoro, tse di thibilweng sentle le go lokelwa thulaganyo ya tshwaro-mowa. Mowa o tlhoka go ka tlhotlhwa go thibela bacteria le mouta go ka tsena mo diphaposing tsa bojalo. Mo godimo ga fao; mowa, themphoritšhara le bometsi di laolwa ka kelotlhôko go laola tsamaiso ya kgolô.
Translated by Nchema Rapoo