Tlhagiso ya Nama ya Pidipidi

©Ramon Velasquez

Bolemirui jwa pidipidi ya nama ke mmaraka o o itlhaotseng mo Afrika Borwa ka dipolase-potlana di le mmalwa tsa free-range tse di tlamelang marekisetso a dijo le dinô, mabenkele mangwe, mebaraka ya balemirui le ka tlhamalalo go setšhaba. 

Fela, bontsi jwa nama ya pidipidi e e jewang mo Afrika Borwa e lerwe mo nageng gotswa kwa Thailand, Hungary, China le Brazil. Direkwa-ntle tseno, le fa di le tlhwatlhwa-tlase fa go bapisiwa le nama ya pidipidi ya Afrika Borwa, ga di kaiwa fa di na le boleng jo bo tshwanang le jwa dipidipidi tsa free-range tse di godisiwang le go tlamelwa ke balemirui ba pidipidi ba Afrika Borwa. 

Dipidipidi gape di ruelwa mae, bobowa-tlase le mafofa ga mmogo le tlhagiso ya foie gras - eleng dibete tse di dirilweng mafura tsa dipidipidi (gantsi) le dihudi tse di fepiwang ka pateletso. Tlhagiso ya foie gras ga e ka fa molaong mo Afrika Borwa fela go reka-ntle go ka fa molaong.

Batlhagisi ba Nama ya Pidipidi ba Lefatshe

Bontsi jwa nama ya pidipidi (go feta 80%) bo tlhagisiwa kwa Asia, mme China ke motlhagisi yo mo golo go gaisa wa nama ya pidipidi mo lefatsheng. Fela, China ke fela moreka-ntle wa nama ya pidipidi wa boraro ka bogolo. Seno se kaya gore China ke moji wa tlhagiso ya nama ya pidipidi ya gagwe. 

Bareka-ntle ba nama ya pidipidi ba ba golo mo lefatsheng ba le bararo ke Saudi Arabia, Germany le France. Afrika e tlhagisa mo go ka dirang 2% ya nama ya pidipidi mo lefatsheng, mme batlhagisi ba ba bonagalang ke Egypt le Madagascar.

Matsopa a Pidipidi

©CreativeCommons by Gnuckx

Matsopa a pidipidi a a botlhokwa thata go tlhagiso ya nama ke Pekin, Muscovy, Aylesbury le Rouen. 

Pidipidi ya Pekin, e e tlholegileng kwa China, ke pidipidi e tshweu ka molongwana o o mmala wa namune o o galalelang le mokgwa wa go ema e tlhamaletse. E golela ka bonya go se nene go feta Aylesbury fela ke letsopa le le kwa godingwana mo tlhagisetsong-kgwebo ya nama lefatshe ka bophara, go akaretsa le mo Afrika Borwa. Dipidipidi tsa Pekin di boitshoko go gaisa mme di tshomarelo-tlhwatlhwa go ka godiswa go na le tsa Aylesbury. Pekin e beela go fitlha go mae ale 160 ka ngwaga mme e ka diriswa jaaka letsopa la ditiro di le mmalwa - go tlhagisa mae le nama (‘Peking’ ke leina la dijo tse di tumileng). 

Pidipidi e kgolo ya Aylesbury gotswa England e na le mmele o moleele o o sephara ole boteng ka molongwana o o pinki e e sedifetseng le mafofa a masweu. Kwa tshimologong e ne e bitswa ‘White English’, Aylesbury e tsadisetswa nama ya yona e tshweu le bobowa-tlase jwa yona jo bo sweu. Nama ya Aylesbury ga e na mmala ka ntlha ya mmele wa yona o o mafofa a masweu gotlhe. Aylesbury ke nonyane ya nama e e tumileng e e ka beelang mae a a fitlhang go 110 ka ngwaga. 

Muscovy (e e bitswang gape pidipidi ya Barbary) ke pidipidi e e tlholegileng kwa Amerika Borwa mme e bontsha phetolo e e manontlhotlho ya sefepi-go-nama. Muscovy e na le mafofa a masweu le a a bontsho/bosetlha ka moêtsê o o bohibidu jo bo galalelang go dikologa matlho le molongwana wa yona. Dipidipidi tseno ke dinopi tse di siameng, ga di modumo thata, ga di tshabalelwe ke malwetse mme letsopa le tlwaela bonolo maemô a a tsididi. Muscovy e beela mae a a ka fitlhang go 100 ka ngwaga. 

Pidipidi e ntle ya Rouen e tswa kwa France mme e lebega jaaka pidipidi ya Mallard kgotsa e e tlhaga ka tebego ya yona e e dipatsopatso, mmele o mosetlha le mokokotlo le molala tsa mmala o mo tala. Melongwana ya dipidipidi tsa Rouen e sephara ka mmala wa namune ka dikolokolo tse ntsho. Dipidipidi tseno tse kgolo di na le mmele o o khutlonne mme ke dinopanopi tse di matsetseleko, fela di golela ka bonya. Di ka beela go fitlha mae ale 100 ka ngwaga. 

Dipidipidi tsa Mule le tsona di dirisetswa tlhagiso ya nama le sebete se se mafura (foie gras). Mule ke letsopa-tswako la Muscovy le mefuta e mengwe ya pidipidi go tlhagisa pidipidi e moopa. Pidipidi ya Mule e tlhagisa nama e tshesane mme e rategile mo maphateng a a tsayang-tsia itekanelo. 

Indian Runners le Khaki Campbells ke dibeela-mae tse di kwa setlhoeng mme gantsi di dirisetswa tlhagiso ya mae.

Ke eng Pidipidi ya Peking

©Lunghaiu Wandloa

'Pidipidi ya Peking' ke leina la letsopa la pidipidi e e dirisetswang tlhagiso ya nama, fa 'Pidipidi ya Peking' ele leina la dijo. 

Pidipidi ya Peking e dirwa ka go pompela mowa mo magareng ga letlalo le nama pele go apewa. Pidipidi morago e a beswa mme letlalo le nama tse di gautsêgang di tsholwa ka go kgaogana. Nama ya pidipidi e tsholwa le hoisin sauce mme e dikoloswe ka eiye ya spring go dira dipanekuku tse di sesane.

Translated by Nchema Rapoo