Tlhagiso ya Avocado

© Bernard Dupont

Afrika Borwa ke mongwe wa batlhagisi ba avocado ba ba golo mo lefatsheng mme e gongwe mo maemông a bo-12, fela tlhagiso ya yona ya ngwaga le ngwaga ya magareng ga 80 000 le 120 000 tonnes e saletse morago thata go ya motlhagisi yo o kwa godimo Mexico ya 1.5 million tonnes.

Dipalopalo tsa Tlhagiso ya Avocado

Ponelopele ya ntshetso-ntle ya setlha sa 2019 go tloga ka Mopitlwe go fitlha ka Diphalane ke 14.5 million ya mabokoso a 4 kg, mme seno se dira 58 000 tonnes. Derek Donkin, CEO ya South African Subtropical Growers' Association (Subtrop) o uphuletsa gore palogotlhe ya ntshô ya 2019 e tlile go nna mo go ka nnang 110 000 tonnes. Seno se akaretsa tse di salang mo nageng, tse di romelwang ntle le maungo a a rekisetswang go phetolelwa go avocado e e sidilwêng le oli. 

Tlhagiso ya isago ya di-avocado mo Afrika Borwa e solofelwa go ka gola ka tlaleletsô ya 1000-ha – 1500-ha e e tlileng go ka jalwa ngwaga le ngwaga mo bobotlaneng jwa dingwaga tse di latelang di le 5, go tloga ka 2019 goya kwa pele. Thomelo-ntle e tlile go ka feta mabokoso ale 20 million ka seelô seno sa kgolô, mme e tlile go atologa fa fela bodirelo bo tswelela go gola. 

Mokoa wa dijalo tse diša mo Afrika Borwa ke di-avocado tsa Hass ya letlapi le le ntsho le mofuta wa Hass. Dijalo tse diša tsa di-avocado tsa letlapi le le tala di totisitswe mmaraka wa selegae wa go sale gale kgotsa wa thari. 

Pegelo e e tletseng tshedimosetso ya ‘Avocado Market - Growth, Trends, and Forecast’ ya 2019-2024 e bonela-pele koketsego mo go jeweng ga avocado kwa China. Kgabagare ka 2017, China e rekile-ntle 22% ya avocado go feta mo ngwageng o o fetileng. China e reka ka bontsi gotswa kwa Chile, Mexico le Peru; dinaga tsotlhe ka boraro di na le mabaka a kgwebisano a a dipoêlô le China.

Dikgaolo tsa Tlhagiso ya Avocado

©Photo courtesy of the California Avocado Commission

Tlhagiso ya di-avocado e kgobelane ka bontsi kwa dikgaolong tse di dipula di le mogote tsa diphefo tse di bongôla tsa Limpopo ka 59%, Mpumalanga ka 33% le dikarolo tsa KwaZulu-Natal ka 8%. Ka ge letlhôkô la boditšhabatšhaba le la bosetšhaba la go nna teng ga di-avocado ngwaga otlhe le oketsegile, le dijalo tsa dijadi tse diša tsa avocado di atologetse kwa diporofenseng tse dingwe, jaaka porofense ya Kapa Bophirima le ya Kapa Botlhaba.

Tlhagiso ya Lefatshe ya Avocado

Go ka nna 76% ya di-avocado go tlhagisiwa kwa Amerika, 11% mo Afrika, 9% kwa Asia mme 2% kwa Yuropa le Pacific Borwa. Mexico ke motlhagisi yo mogolo go gaisa mo lefatsheng wa di-avocado, ka mo go ka nnang 1.5 million tonnes gotswa mo tlhagisong ya lefatshe ya 3.2 million tonnes fa e sale ka 2018.

Amerika Borwa, Colombia, Brazil, Chile le Argentina ke batlhagisi-bagolo ba di-avocado, mme Peru e romela-ntle 60% ya seelô sa Amerika Borwa. Dijalo tsa kwa Colombia di gola ka lobelo lo lo bonako go feta lwa Afrika Borwa, ka 1 500 goya go 2 000-ha e e jadilweng ngwaga mongwe le mongwe. Colombia gape e fetogile moromela-ntle yo mogolo go gaisa wa di-avocado tsa Hass mo lefatsheng. 

Mo Afrika, batlhagisi ba avocado ba akaretsa Afrika Borwa ka 120 000 tonnes; Kenya e tlhagisa go ka nna 80 000 tonnes, Tanzania le Zimbabwe di tlhagisa 5000 tonnes mongwe le mongwe mme motlabošeng Mozambique o mo go 1000 tonnes. 

Dinaga tse dingwe tse di tlhagisang di-avocado di akaretsa Philippines, Australia, New Zealand, Madagascar, Mauritius, Madeira, Ditlhaketlhake tsa Canary, borwa jwa Spain le borwa jwa France ga mmogo le Sicily, Crete, Israel le Egypt.

Diromelwa-ntle tsa Avocado tsa Afrika Borwa

Magareng ga 45 le 50% ya di-avocado tsa Afrika Borwa e romelwa-ntle mme 10-15% e phetolelwa go nna oli le lemi. Tse di setseng di rekiswa fa gae. Dinaga tse di rekang di-avocado tsa Afrika Borwa ka bontsi ke tsa Yuropa - segolobogolo France le Spain, UK le dinaga tsa Baltic ka 95%. Dielô tse di potlana di romelwa kwa Afrika, Botlhaba-Gare le Hong Kong. 

Madirelo a Afrika Borwa le puso di buisanela go tsena mo mmarakeng wa kwa USA, nagakgolo ya China le Japan. Ga jaana, ditlhokegô tse di gagametseng tsa phytosanitary di kganetsa tsenelelô mo mebarakeng eno. Peru, jaaka motlhagisi yo mongwe wa sephatlo-fatshe sa borwa, ke mogaisani wa Afrika Borwa yo o thata go gaisa, ka seelô le ka dinako, mo tlamelong ya di-avocado go mebaraka ya sephatlo-fatshe sa bokone.

Translated by Lawrence Ndou