Tlhagiso ya Mahupu mo Lefatsheng

©Woodford Truffles

'Dithuntshwane' tseno tse di monkgo monate tsa ka fa tlase ga mmu di beilwe tlhwatlhwa e e kwa godimo mo lephateng la dijo tsa maemô a a kwa godimo. A fitlhelwa kwa sekgweng mo meding ya mefuta e e rileng ya ditlhare, mahupu gape a ka lengwa mme a tlhoka bosa jo bo tsididi le mefuta ya alkaline ya mmu e e ntshang metsi sentle.

Ke Eng Mahupu

©Woodford Truffles

Mahupu ke mebele e e ntshang maungo ya mouta wa mycorrhizal o o ka fa tlase ga mmu gaufi le medi ya ditlhare tse di rileng, tse di jaaka ouku, poplar le phaene. Go sa tshwane le dithuntshwane tse dingwe jaaka thuntshwane ya konopo (mefuta ya Agaricus) e e melang mo boalông jwa motshotelô, mahupu a bopa botsalano jwa tshedisano-tshedi le medi ya ditlhare. 

Mahupu ga a lebege jaaka dithuntshwane fela a lebega jaaka matlapa a a kgolokwe, ale mapôbê kgotsa okare dikakana mme ale mmala o o borokwana/borokwa jo bo sedifetseng, borokwa jo bo fifetseng kgotsa mmala yo montsho. 

Mahupu a na le monkgo o o tseneletseng wa mmu ka bontlhanyana jwa monkgo wa cheese, garlic, nako dingwe musk, manôkô kgotsa leungo, go ikaegile ka mofuta. Monkgo ono o lemogiwa ke dinja tsa bodupi tse di katisitsweng mme tse di tlileng go isa motshwari wa tsona kwa mahupu a ka epololwang teng.

Mefuta ya Mahupu

Go na le mefuta e e fetang 40 ya mahupu, fela ke ale mmalwa a a nang le boleng kwa mmarakeng, fa mangwe ale teng fela kwa sekgweng. Mahupu ale mabedi a a tlotlomatswang thata ke mahupu a masweu le a mantsho. Mahupu a masweu (Tuber magnatum) a itsagale gape jaaka Alba mme a fitlhelwa kwa kgaolong ya leina leo. Mahupu a masweu a sewelo mme a tlhwatlhwa-godimo go feta mahupu otlhe. 

Mahupu a mantsho a mariga (Tuber melanosporum) a mela go ralala Yuropa Bophirima yotlhe, segolobogolo kwa kgaolong ya Périgord kwa France, mme gantsi a bitswa mahupu a Périgord. A na le monkgo o tseneletseng go feta wa mahupu a masweu. 

Mahupu a mangwe a a lengwang (ntle le mahupu a masweu le a mantsho) a akaretsa mahupu a Mariga (Tuber brumale), mahupu a Selemo (Tuber aestivum var. aestivum), mahupu a Burgundy (Tuber aestivum var. uncinatum), ga mmogo le mahupu a Oregon a mantsho le a masweu. Mahupu a mabedi ano a Oregon a fitlhelwa le go lengwa kwa USA mme a na le ditatsô tse di boleta tsa boboatsatsi ka bontlhanyana jwa setorooberi. Mahupu a Oregon gantsi a kopanngwa le di-dessert. 

Mo Afrika Borwa, mahupu a Périgord (mahupu a mantsho a mariga) ke ona a tlhagisiwang go gaisa, fela balemi bangwe ba mahupu ba sweeditse ka Tuber aestivum and Tuber brumale. Aestivum ke mahupu a selemo mme Brumale ke mahupu a mangwe a mariga.

Dinaga tse di Tlhagisang Mahupu

Ka ntlha ya boleng jo bo golo jwa mahupu, khupamarama e kgolo e farafere tlhagiso ya mahupu mo lefatsheng. Go fopholetswa gore Spain ga jaana e eteletse pele tlhagiso ya mahupu ka fopholetso ya 60 tonnes (ka 2018) mme go latele Italy (30 tonnes) le France. Fa e sale ka 1999, tlhagiso ya mahupu kwa Australia e goletse kwa seelông se se tshwanang le sa France. 

Batlhagisi ba mahupu ba bangwe ba sephatlofatshe sa borwa ke New Zealand, Tasmania, Chile le Afrika Borwa.

Translated by Nchema Rapoo