Tillage, Temô le Egelelo

Tillage

Tlhaloso ya boammaruri ya tillage e kaya paakanyo nngwe le nngwe ya mmu o o tlileng go lengwa. Seno se akaretsa temô, egelelo kgotsa tilling. Tseno di ka dirwa ka seatla (ka sepete) kgotsa ka motšhine, ka didiriswa tse di bontshitsweng fa tlase. Tilling ya mmu gape ka tlwaelô e kaya tokiso ya boalô jwa peo le go petwa ga bogodimo jwa 20 goya go 30cm jwa mmu, jo bo bitswang mmu-godimo.

Temô

©Roger de la Harpe
Temô ke phetolophetolo kgotsa pitikololo ya mmu goya kwa boteng. Seno se ya ka sejalo se se tlileng go jalwa, boteng jwa kgolô ya medi ya sejalo le popegô ya mmu.Temô ka kakaretso e dirwa fa go na le dikganedi mo mmung tse di tlileng go kganela kgolô ya medi le tsamao ya metsi. Fa mmu o kitlane temô gape e repisa kitlanô. Fa monontsha, monontsha wa botswatsheding, motshotelo, mosutele kgotsa lime di tlhoka go tlhakanngwa mo karolong ya medi mo mmung, seno se fitlhelelwa ka go di lemelela mo mmung. Seno gantsi se dirwa kwa boteng jo bo gongwe le gongwe magareng ga 30 le 100cm.

Egelelo

©Roger de la Harpe
Go na le mefuta ele mmalwa ya diege, fela tse di tlwaelegileng thata ke ege ya papetlatsheko, diege tsa lomaô le spring tooth. Ege ke sediriswa se se diriswang ke balemi go lekalekanya le go baakanya boalô jwa peo gore go jalwe dipeo kgotsa matlhogela mo go jona. Ege e dirisetswa go thuba magogo a mmu le go roba mofero kgotsa masaledi a dijalo mo mmung le mo godimo ga mmu-godimo.
Seno se bopa gape popegô e e tshwanang ya mmu-godimo, go dira gore go nne bonolo go medi e meša go ka gola morago ga go mela.

Translated by Nchema Rapoo