Thulaganyo ya Oli ya Motlhware

© SA Olive

Oli ya motlhware e ntshwakuno go tswa kwa metlhwareng e e gataketsweng ka botlalo. Ditlhare tsa metlhware di fitlhelwa ka tlhago kwa tikologong ya Watlelegare fao mariga a leng a a boleta le dilemo di leng tse di telele tsa di omileng mme di le bolelo. Metlhware, le fa go le jalo, e ka jalwa gongwe kgotsa gongwe kwa maemo a bosa a a tlhokango segagane, mmu o o gamolotsweng sentle le nosetso kgotsa pula ya palogotlhe, ka palogare, 800 mm ka ngwaga.

Metlhware e a gatakelwa mo diureng tsa thobo, di thubagantswe le go aroganywa go tswa go tse di tiileng le matute pele fa di ka tsenngwa mo mabotlolong.

Thobo ya Metlhware

©SA Olive

Metlhware e ka robiwa ka seatla kgotsa ka metšhene, Thobo ya seatla, gantsi e tswalana le tshenyo e e fokotsegileng mo metlhwareng le boleng bo bo kwa godimo ba oli, e na le seabe thata mo ditshenyegelong tsa ntshokuno - mo Aforika Borwa, go fitlha go 40% ya palogotlhe ya ditshenyegelo.

Thobo ya motlhware mo Aforika Borwa e simolola kwa mafelelong a Tlhakole kgotsa kwa tshimologong ya Tlhakole, le metlhware ya tafole, mme e felele ka Phatwe, ka dijalo tsa oli tsa mafelelo a morago ga nako.

Metlhware ya tafole e kgethwa ka seatla kwa dibolokelong le oli ya metlhware e a apolwa (kgotsa ‘di a gamiwa’) mo matloweng mo fatshe kwa tlase ga ditlhare.

Nako ya thobo e ka netefatsa mmala, mmala wa tatso ya oli ya mafelelo, botshelo mo šelefong le dikarolo tsa boitekanelo. Mo mefutafuteng e mengwe ya motlhware, e e kwa fatshe ka diteng tsa khemikhale e e leng mo veineng e khibidu, go simolola thobo kgwedi morago ga nako go ka fokotsa botshelo ba oli mo šelefong ka dikgwedi di le nne. Ka fao, boleng bo bo tlhokegang ba oli bo netefatswa ke letlha la thobo.

Metlhware e metala (e e sa butswang) e abela boforeše, gape e bonwa jaaka bojang, le dinoutse tse di babang mo metswakong ya bofelelo ya oli. Metlhware e metala e kwa godimo ka dikhemikhale tseo di leng mo veineng e khibidu (maokane a a thibelang okisitšiene) le dikarolo tse dingwe, ka fao oli e e dirilweng ka metlhware e e sa butswang e na le lobaka lo lotelele la botshelo ba šelefo, ka ntlha ya diboloki tsa tlhago.

Metlhware e e robilweng ka mebala e e fetolelang go tswa kwa botaleng go ya ya kwa bokhibidung - bopereseng) e simolola go tlisa ditatso tsa boungo. Oli ke ye serolwane jaanong mme e na le dintlha tse di fitlhegileng tse boungo le bosukiri. Poelo ya oli ya metlhware mo nakong ya go butswa - bokhibidu e gaufi le botlalo go ya ka bokete ba go oma.

Jalo ka fa metlhware e butswa, letlalo le a fetoga go tloga go boperese go ya kwa bontshong. Dioli tse, go tloga kw aleungong la ka nako ya kwa morago ya thobo, ke tsa bogauta ka mmala, e e babang ka bonolo, fela di ka senyega bonolo mo nakong ya thobo le go nna le botshelo bo bo khutswane mo šelefong. Poelo ya oli ke e e kwa godimo.

Oli e e gaisang e dirwa go tswa mo metlhwareng e bonnye e e butswitsweng go ya kwa maemong a go butswa-bokhibidu.

Ka Moo Oli ya Motlhware e Dirwang

©Marinda Louw

Boleng bo bo gaisang ba oli bo dirwa, metlhware e tshwanetse go gatikelwa mo diureng tse 24 tsa thobo. Morago ga thobo, matlakala le dikalana di a tloswa mme metlhware e a tlhatswiwa go e phepafatsa mo go dibolayasenyi, lerole le marathana a mangwe. Metlhware jaanong e tsewa ka lepanta la tsamaiso ya kwa tshilong, fao di gatikelwangg go nna sekgomaretsi. Go kolobetsa sekgomaretsi metsotso e ka bang e 20 - 45 go a latela.

Go kolobetswa ga sekgomaretsi go akaretsa go tswakanya sekgomaretsi go letlelela marothodi a oli go aroganya go tswa mo diteng tsa oli le go tlhakanya marothodi a magolwane. Mo kgatong e e latelang, oli e a arogantshwa go tswa mo diteng tsa motlhware le metsi ka maatla a go tswa mo bogareng. Jaanong oli e tlogelwa mo ditankeng go tswela pele ka thulaganyo eo e bitswang ‘go haraka’. Oli e ka tlhotlwa pele e tsenywa mo mabotlolong.

Dithulaganyo tse dingwe tseo di ka tlhokegang go tokafatsa boleng ba oli di akaretsa go fokotsa boesiti le go tokafatsa tatso, go sweufatswa - go fokotsa setalafatsi, dibolayasenyi, jalojalo. le sa go dira monkgo.

Go fisa tšhotlho ya motlhware go ka oketsa poelo ya oli. Le fa go le jalo, go ya ka tlhopho ya go ‘ntshiwa ka botsididi’, e seng themperetšha e e kwa godimo go feta 28℃  mo nakong ya thulaganyo ya go ntsha go dumeletswe.

Dioli tse di phepafaditswgn jaanong di bolokwa mo ditankeng tsa tshipi e e tlhokang sepatso se se bewang kwa tlase ga 28℃ go fitlhela fa di tsengwa mo mobotlelong ka boemo bo bo rileng. Boleng ba oli ya motlhware bo bolokwa go gaisa mo tankeng go feta jaaka ntshokuno e e tsentsweng mo mabotlelong.

Mefutafuta ya oli go tswa kwa mefutafuteng ya bongwe e tla latswa pele e tswakiwa go netefatsa tatso e e tlhokegang ya setshwantsho sa tatso le botshelo ba šelefo.

Botshelo ba Šelefo ba Oli ya Motlhware

Oli e foreše e na le mesola ya tsa boitekanelo thata. Ka go ya ga nako, oksiteišene e a direga, eo e tlholang tlhatlhamololo ya ditlhakanyaditho tse di nang le mosola jaaka diesete tsa mafura tse di botlhokwa.

Oli ya motlhware e e so bulweng e na le botshelo ba šelefo ba dikgwedi tse 18 go ya go 24, fela ge e butswe, oli e tshwanetse go dirisiwa mo gare ga malatsi a 30 le 60. E boloke kgole le marang, mo thempheretšheng ya phaposi go thibela oksiteišene. Go bolokwa mo setsidifatsing go ka feletsa ka go nna mouwane mo gare ga lebotlelo; mathata a metsi a ama boleng ba oli.

Translated by Lawrence Ndou