Temô ya Cherry

©Mabru Marais Photography

Di-cherry tse di tswina (Prunus avium) di tlholega kwa dikarolong dingwe tsa Yuropa, Turkey, Afrika le Asia. Kumako ya ntlha-ntlha e e itsiweng ya di-cherry e ne ele ka 372 goya go 272 BC; go supa fa di-cherry tsa ntlha di katswa di lemilwe kwa Greece ya bogologolo tala. 

Di-cherry tse di botlha tse di bohibidu jo bo fifetseng goya go bontshonyana kgotsa di-cherry tse di botšarara, Prunus cerasus, tse di melang mo ditlhareng tse nnyenyane, gantsi di jalelwa go apaya kgotsa go beikha. Di-cherry tse di botlha go begwa fa di le dikotla go feta di-cherry tse di tswina mme di humile thata ka melatonin. 

Mo Afrika Borwa, ke fela di-cherry tse di tswina tse di tlhagisiwang, ka mokoa wa tlhagiso gotswa kwa dikgaolong tse di tsididi gaufi le toropo ya Ceres. Fela, ke toropo ya Free State ya Ficksburg e e tumileng go gaisa ka tlhagiso ya yona ya di-cherry tse di phatsimisitsweng, le Cherry Festival ya ngwaga le ngwaga e e tshwarwang ka Ngwanatsele.

Temô ya Cherry mo Afrika Borwa

Ka go ikaega ka dipegelo tsa hisetori, tshingwana ya ntlha ya cherry mo Afrika Borwa e ne e jadilwe kwa Gydo Pass kwa ntle ga toropo ya Kapa Bophirima ya Ceres, ka 1890. Fela, tlhagisetso-kgwebo ya ntlha ya di-cherry mo Afrika Borwa e simolotse ka 1904, gaufi le Clocolan kwa Porofenseng ya Free State. Mo kgaolong eno, diheketara di ka nna 5 tsa cherry di ne tsa jalwa ke Harry Pickstone, ka thuso ya baanamisa-tumelo ba Majeremane. 

Temô ya cherry fa e sale e ntse e gola go tloga ka motsi oo. Mo sebakeng fela sa ngwaga, magareng ga 2017 le 2018, jalô ya cherry e oketsegile ka 25% goya go palogotlhe ya 388 ha. Go na le matlhigisetso a a ka nnang 30 a cherry mo Afrika Borwa, mme a laolwa ke batlhagisetsa-kgwebo ba le 23, ka palogotlhe ya tlhagiso-cherry e e fetang ditone di le 1 000 ka setlha sa 2018/19.

Go ntse le koketsego ya 76% mo tlhagisong ya cherry magareng ga 2013 le 2018, seno ka bogolo ke ka ntlha ya tshegetso ya matlole ka letlole la jalô-phapano la lefapha la temôthuo la Kapa Bophirima. Matlole a thusitse koketsego ya go nna teng ga medi-jalô ya setlhare sa cherry, kwadiso ya dikhemikhale tse di matshwanedi go ka diriswa mo ditlhareng tsa cherry, le kokoanyo ya tshedimosetso ya cherry mo Afrika Borwa. Dipatlisiso gantsi di dirwa ke South African Cherry Growers Association (SACGA) le Hortgo. Dipatlisiso tsa sešweng di akaretsa dipatlisiso ka ga tlwaelo, go fitlhelela botlwaelo jwa cherry mo dikgaolong tsa bosa tse di farologaneng. 

Temô ya cherry e dirwa fela kwa dikgaolong tse di rileng ka ntlha ya ditlhokegô tsa bosa tsa sejalo seno se se amegang bonolo. Di-cherry di tlhoka selemo se se sa tsenelelang le mariga a maleele a a tsididi, ka botsididi jo bo lekaneng go bona paka e telele ya go sa gole ga sejalo e e kwa tlase ga 7°C. Mabaka ano a kganela temô ya cherry go nna fela kwa dikgaolong tse di duletseng kwa godingwana go dikologa Ceres kwa Kapa Bophirima, ga mmogo le Free State, Bokone-Bophirima le dikarolo tse di potlana kwa diporofenseng tsa Limpopo, Gauteng le Mpumalanga. 

Di-cherry ke dijalo tse di butswetsang ka bonako, ka fela malatsi ale 55 goya go 70 gotswa go tulafatso goya go kotulô, go ikaegile ka sejadi. Kotulô ke tiro e e bokete; di-cherry di tlhoka go kgetlwa ka seatla go tshola kalana ele mo leungong. Di tshwanetse go ka rurufatswa ka potlako go nna 0.5°C go netefatsa tshelo-poloko le botshwanedi jwa thomelo-ntle goya kwa UK - mmaraka-mogolo, Botlhaba-Gare, Yuropa le Russia.

Dijadi tsa Cherry

©Mabru Marais Photography

Temô ya cherry e e tswina mo Afrika Borwa e simolotse ka jalô ya dijadi tsa cherry tse di jaaka Early River, Early Red Five, Giant Heidelfinger le Bing. Mo go tseno, Bing e kgolo e e bohibidu jo bo fifetseng le Giant Heidelfinger e ntsho-khibidu di santse di jalwa. Go na le palo e kgolo ya mefuta e e jalwang mo Afrika Borwa, yona e akaretsa Royal Hazel, Royal Dawn, Royal Lynn, Royal Edie le Royal Helen. Mefuta e e jaaka Van le Sweet Ann e diriswa jaaka medulafatso-magareng. Sejadi sa go sale gale ke Royal Tioga mme setlha sa cherry se wetsa ka Staccato. 

Sejadi sa cherry e e botšarara se se tumileng go gaisa (kwa USA) ke Montmorency. 

Jaaka go rekegetswe mo pegelong ya Cherry Industry Overview ya Phukwi 2019 e e mo Hortgro, mofuta-mogolo wa cherry mo Afrika Borwa o o jalwang ke motlhagisi ka bonosi ke motlabošeng o mohibidu o o tletseng tatsô, Royal Hazel. 

O ke mofuta o o nang le tshelo-poloko e ntle; o siametse go ka tsamaisiwa mme o setse o bopa 10% ya palogotlhe ya jalô ya Afrika Borwa, e e fela ka fa tlase ga dihekerata di le 390 ka 2019. Dijadi tse dingwe tsa cherry tse le tsona di jadilweng ka bontsi di akaretsa Royal Edie le Royal Helen.

Translated by Nchema Rapoo