Temô-Somaredi le Tlhagiso ya Dithoro

© Glenneis Kriel

Temogo e e golang ka ga botlhokwa jwa mmu o o itekanetseng e isitse kwa palong e e golang ya balemirui ba ba dirisang mekgwa-tiriso ya temô-somaredi. Tsela eno e bopetswe mo dipilareng di le tharo, eleng temôlelo-potlana, dijalo-khurumetsa le tikoloso-jalô.

Temôlelo-Potlana

©Glenneis Kriel

Temôlelo-somaredi kgotsa temôlelo-potlana e tsentswe tirisong kwa USA ka seêlô se se golo ka bo-1970 mme gotswa fao ya phatlhalelela goya kwa dinageng tse dingwe, go akaretsa Afrika Borwa. Ka temôlelo ya setlwaedi, mmu o a lengwa, o gomiwa ka papetlatsheko kgotsa o a petekwa, mme seno se kgoreletse popegô ya mmu mme fa nako e ntse e tsamaya go ise kwa kgotlhêgông le kgogolegong ya mmu. Seno gape se na le ditlamorago tse di sa siamang mo bokgoning jwa mmu jwa go tshola metsi mme se golaganngwa le polao ya ditshidinyana tse di dipoêlô tsa mmu.

Ka temôlelo-somaredi, mmu o kgoreletswa ka bobotlana jo bo kgonagalang. Ka motsi wa jalô, didiriswa tsa jalô tse di kgethegileng tsa bosomaredi di tlile go gotlha kgotsa go epa mmu go se nene mo moleng wa jalô, kwa boteng jo bo tlhokwang. Jalô le kumisô di ka dirwa ka nako ele esi.

Go efoga kgogolego, balemirui ba bosomaredi ba ba maikaelelo ba tlile go tsaya kgatô-tlaleletso mme ba dirise GPS technology go netefatsa fa didiriswa tsotlhe tse di diriswang mo tlhagisong, ngwaga mongwe le mongwe, di tsamaya mo ditselaneng di le dingwe mo mmung. Temôlelo e e seng teng ke mokgwa o o tseneletseng wa temôlelo-potlana, mo phatlhana e tshesane e dirwang mo moalông wa kobelo mo mmung fa peo le monontsha di tlileng go bewa teng.

Dijalo-Khurumetsa

©Roger de la Harpe

Balemirui mo malobeng ba katswa ba fisitse lefatshe morago ga kotulo go ntsha mefero. Balemirui ba bosomaredi ga ba fise mafatshe a bona, fela ba tlogela masaledi a sejalo mo lefatsheng, mokgwa-tiriso o o kaiwang jaaka tshadiso ya masaledi. Tshadiso ya masaledi e na le dipoêlô tse di farologaneng. E ka:

Kgoreletsa kgogolego ka ntlha ya phefo le metsi
Oketsa tsenelelo ya metsi le bokgoni jwa tsholo-metsi jwa mmu
Fokotsa mowafalo
Oketsa botswatshiding mo mmung
Sireletsa ditshidinyana tsa mmu kgatlhanong le maêmô a bosa a a masisi
Dira jaaka bodulo le dijo go ditshidinyana tse di dipoêlô

Tikoloso-Jalô

Go na le gore go jalwe sejalo se le esi, mo sejalo se le sengwe se jalwang ngwaga mongwe le mongwe mo karolong ele esi ya lefatshe, balemirui ba bosomaredi ba dirisa tikoloso-jalô. Ba tlile go sekaseka dijalo tse di farologaneng tse di siametseng tlhagiso ka fa tlase ga tikologo ya tlhagiso ya bona mme ba dikolose dijalo tseno ka tse dingwe.

Kwa Kapa Bophirima, ka sekai, dijalo tse di jaaka korong, canola, barley, lupines, medics le lucerne ke dikai tsa dijalo tse di ka tsenngwang mo thulaganyong ya tikoloso. Moremogolo ke gore go se jalwe sejalo sa ngwaga gotswa mo lolapeng lo lo lengwe mo lefatsheng le le lengwe sebaka sa go feta dingwaga di le pedi. Thulaganyo ya tikoloso ga e a tshwanela go nna yona yona goya go ile, fela e tshwanelwa ke go lejwa jaaka thuso ya bolaodi. Balemirui ba ka e diragatsa fa go tlhokega, sekai ke fa go runya bothata jwa mofero kgotsa bolwetse.

Maitlhomo a tikoloso-jalô ke go kgaola ditiko-lwetse tse di golaganngwang le jalô ya sejalo se le esi. Ditshidinyana tse di totileng le malwetse a a totileng a golaganngwa le dijalo tse di totileng, ka jalo fa o jala fela dijalo tseno go tlile go isa kwa go agegeng ga ditshidinyana tseno. Ka go jala sengwe se sele, ditshidinyana tseno di tlile go gakega ntle le motswedi wa dijo, mme seno se ise kwa go nyeleleng ga tsona.

Tikoloso-jalô e letla balemirui go dirisa mefutafuta e e anameng ya dibolayamefero go tshola mathata a mofero mo sakeng, selo se kwa morago se thusang go thibela go bopega ga kganetso ya dibolayamefero. Dibolayamefero tsa bojang, ka sekai, di ka se diriswe fa korong e jadilwe ka ge di tla bolaya korong. Fela, balemirui ba ka dirisa dibolayamefero tseno tsa bojang fa go jadilwe dijalo tsa letlhare le le sephara. Seno se dira gape go dibolayamefero tsa letlhare le le sephara. Di ka se diriswe mo dijalong tsa letlhare le le sephara, fela di ka diriswa mo tlhagisong ya korong.

Fa o dirisa dibolayamefero, sela morago ditaelô ka metlha mme o dikolose ditlhagiswa tsa ditswakwa tse di farologaneng go thibela kganetso ya dibolayamefero.

Translated by Nchema Rapoo