Temô ya mahupu mo Afrika Borwa ke bodirelo jo boša fela jo bo golang, mme ka bogolo bo tsepametse mo tlhagisong ya mahupu a mantsho a Fora a a golaganngwang le ditlhare tsa ouku. Ke kgwebo ya temô ya botegeniki jo bo kwa godimo e e tlhokang bosa jo bo rurufetseng, ditlhare tsa ouku tse di tsentsweng, bopelotelele le dinja tsa bodupi tse di katisitsweng.
Go lema mahupu go ikaega ka thekenoloji e e leng teng go tsenya ditlhare tsa baamogedi ka dikapeo tsa mouta wa mahupu, selo se se diragalang ka fa tlase ga maemô a a laolwang ka go gagamala.
Go tlhogisa mahupu le go tlhoma karolwana ya lefatshe e mahupu a tlhogelang mo go yona, bosa bo tshwanetse go nna matshwanedi. Mo Afrika Borwa, mahupu a ka tlhogiswa fela kwa dikgaolong tse di tsididi mo go lekaneng; themphoritšhara bogareng ya motshegare le bosigo (mariga) e tshwanetse go nna 8°C. Dikgaolo tse di matshwanedi di akaretsa dikarolo tsa Kapa Bophirima, KwaZulu-Natal Midlands, Dullstroom/Machadadorp le go dikologa Clarens.
Mofuta ofe kgotsa ofe wa mmu o siametse mahupu, fela ga gona puisano fa go tliwa mo moselengmetsi o o siameng. pH ya mmu e tlhoka go ka fetofetolwa goya go 7.9 mme nosetsô (e e lokelwang pele ga jalô) e tlhoka go tlaleletsa pula goya go palogotlhe ya metsi a a leng teng e e dirang 4 000 goya go 6 000 m3 ka ngwaga.
Matlhogela a ditlhare tse di rileng (tse di golaganngwang le mefuta e e rileng ya mahupu a a tlileng go mediswa mo kgaolong) a tsenngwa dikapeo tsa mahupu, tse eleng 'dipeo' tsa mouta. Matlhogela morago a letlwa go ka gola mo segodising se se tlhwekileng.
Dikgwedi di ka nna 18 morago ga tsenyô, 'ditlhare tsa mahupu' di a jalololwa le goya go jalwa mo ditshimong, mme bobotlana go tlile go feta dingwaga tse dingwe di le nne pele mahupu a ka kotulwa gaufi le medi ya ditlhare.
Mo Afrika Borwa, ditlhare tsa ouku ya Engelane le ya motalafelaruri di diriswa mo temông ya mahupu. Go ya ka Volker Miros gotswa kwa Woodford Truffles, ditlhare tsa hazel ga di sa tlhole di diriswa. 'Le fa di tlhagisa mahupu go sale gale, tsamaiso ya go ntsha digôpi (matlhogela a a melang ka go tsepama gotswa mo thitong ya kutu) e baka tiro e ntsi.'
Ka setlwaedi, dithobô tsa mahupu kwa Yuropa e ka nna magareng ga 28 le 39 kg mo hekethareng nngwe le nngwe, fela ka mekgwa-temô le bolaodi tse di tokafetseng, dithobô di ka nna kwa go fitlheng 120 kg/ha.
Ditshimo tsa Afrika Borwa tsa mahupu di santse di le diša mme difopholetso di kwa tlase. Dithobô tsa mahupu tse di solofetsweng le dithobô tse di fetileng gantsi ga nke di begwa, fela molemi mongwe wa mahupu wa Afrika Borwa o begile fopholetso ya gagwe ya 100 kg ya 2020. Seno se ka dira mo go ka dirang 5 - 10 kg mo hekethareng nngwe le nngwe.
Mahupu a kotulwa ka palo e e kwa tlase dingwaga di ka nna nne morago ga jalo ya ditlhare, fela go na le matlhajana a bodirelo go khutswafatsa nako e, go dumela Rre Miros. 'Kotulô ya 90 goya go 120 kg/ha mo ngwageng wa bolesome e kaiwa fa e siame thata le go nna le lotseno'.
Mahupu a mantsho a Périgord a kotulwa magareng ga Seetebosigo le Phatwe mo Afrika Borwa. Mahupu a butswitse le go siamela kotulô fa ale mantsho le go nna bokakana kwa ntle, mme a na le mateng a a ditshikatshika a sedifetse mme a tletsetletse dikapeo tse di ntsho.
Nja e e katisitsweng e iswa kwa tshimong mme e tsamaiswe go thulana le phefo gore e nkgelele mahupu, a a ntshang monkgo o o tlwaelegileng wa umami o o tlhatlhogang gotswa mo mmung. Mo malobeng, dikolobe di ne di diriswa, fela seo ga e sa tlhole ele mokgwa-tiriso o o tlwaelegileng ka ge di rata go ja mahupu.
Mahupu morago a epololwa ka seatla gotswa mo mmung. Mahupu a fitlhelwa kwa boteng jo bo fitlhang go 40 cm mo mebung e e motlhaba mme gape le fela fa tlase ga boalô mo mebung ya letsopa, go bua Volker Miros wa Woodford Truffles kwa Hout Bay.
Batlhagisi ba mahupu mo sephatlofatsheng sa borwa (jaaka Afrika Borwa, Chile le Australia) ba romela-ntle goya kwa Yuropa ka motsi wa selemo sa sephatlofatshe sa bokone, fa ditlamelo tsa mahupu tsa Yuropa di le kwa tlase.
Fa a bolokilwe ka 4°C, mahupu a a foreshe a tlile go nna sebaka sa go fitlha go malatsi ale 18. Fela a latlhegelwa ke bogolo jwa tatsô ya ona ya umami fa nako e ntse e tsamaya.
Mahupu a jewa gantsi ale matala; a bêotswe ka bosesane fa godimo ga pasta, mo pizza'eng, mo risotto'ng kgotsa go tlaleletsa disosô le dijo tse di bothitho. Mahupu a selemo a Burdundy/mantsho a gaisa fa a jewa a apeilwe.
Badirisi ba gakololwa go buisa setshwao sa ditlhagiswa tse di nang le mahupu. Fa se re 'tatsô ya mahupu' ke mokokotelo. Mahupu ga a kgone go itshokela phetodi ya khemikhale ka jalo fa setshwao se supa gore 'tatsô ya tlhagô ya mahupu' go raya gore tatsô e gamotswe gotswa mo motsweding wa tlhagô jaaka dithuntshwane tsa shiitake.
Translated by Nchema Rapoo