Tema ya Lefatshe la Richtersveld

Lefatshe le le Kgaotsweng

©David Fleminger
Ka go tsenngwa mafolofolo ke go runya ga meepo ya taemane, puso ya Afrika Borwa kwa bofelong e kgonne go rarabolola tema ya lefatshe la Richtersveld. Ka jalo, magareng ga 1925 le 1926, komišini e ne ya tlhongwa go fana ka ditshitshinyo, mme ba ne ba sweetsa gore tekanyetso-kabo e e tshitshintsweng ke Melvill e ne e santse ele kgolo thata.
143 000 morgen (122 500 hectares) e nngwe e ne ya segwa mme bogolo kwa bofelong jwa lefatshe la Richtersvelders bo ne bo feta fela 300 000 morgen, kwa tlase ga halofo ya lefatshe le ba kopileng go le busetswa. Mo letlhakoreng le le ntle, bontlhabongwe jono jwa lefatshe le ne la dumelelwa-semolao go ka diriswa ke ‘Hottentots le Bastaards’, ka fa tlase ga bookamedi jwa Letona la Merero ya Batho ba Selegae. Kwa bofelong, ka 1930, thekete ya semmuso ya bodudi (kgotsa peelo-thoko) e ne ya rebolwa ke Letona la Mafatshe - le fa lefatshe sentle sentle le nee santse le le mo diatleng tsa mmuso.
Tsamaiso e e tshwanang le eno e diragetse kwa mathibelelong a baanamisa-tumelo a maloba a mangwe go ralala naga. Dikema tse di tlhamilweng morago ga fao di ne tsa itsagale jaaka ‘mafelo a a beetsweng bammala’ kgotsa ‘dikgaolo tsa metse-selegae tsa bammala’. Kwa Namaqualand, ale matlhano a mafelo ano a ne a tlhongwa: Richtersveld, Steinkopf, Leliefontein, Komaggas le Concordia. E ne ele mangwe a mafelo a mofuta ono a magolo mo nageng, ka palagotlhe ya lefatshe e e fetang 1.5 million hectares.

Mafelo a a Beetsweng Bammala

Makgotla le diboto tsa bolaodi di ne tsa tsholwa jaaka bookamedi jwa sepolotiki mo mafelong ano a a beetsweng bammala. Di ne di sweetsa ka ga gore ke mang a tshwanelang ke ‘boagi’ mo mafelong mme ka jalo le gore ke mang a tshwanelwang ke ntlo, mafulo, ditshwanelo tsa go tlhopha lekgotla jalo le jalo. Melawana e e kgethegileng e ne ya direlwa bywoners (eleng balemirui ba ba hirileng kgotsa baipei - ba ba neng ba dira jaaka badisa, balemi ba ba duelang rente ka bontlhabongwe jwa kotulo kgotsa malata) ga mmogo le vreemdelinge (batswantle kgotsa basaitsiweng - ba ba neng ba akaretsa baanamisa-tumelo, bagwebi, barutabana, tota le balemirui bangwe ba basweu).
Ditlhopha tse pedi tseno di ne di tshwanelwa ke go bona tetla gotswa kwa lekgotleng go bona ntlo le/kgotsa mafulo a nakwana mme ba duele ka neo, setlotlomatsi kgotsa bodiredi go morafe. Mo nakong e, ditlhopha tsa matso a a farologaneng tse di tshetseng kwa Namaqualand di setse di kopakopane le go nyalelana ka bogolo. Le fa seno se raya gore go ne go na le tshedisano e e kagiso magareng ga baba ba maloba, kgopolo ya boitshupo jwa Nama kgotsa Khoikhoi jo bo itshupileng e ne ya nyatswa mo go masisi. Maikutlo ano a ‘bosetšhaba’ a ne a gatakelwa pele ke botsenwa jwa kwadiso ya motsi wa tlhaolele e e neng ya tlhaola merafe eno yotlhe jaaka ‘bammala’.

Groups Areas Act

©Jaques Marais
Ka tshwanelo, basters ba ntse le karolo e e kwa godingwana mo botshelong jwa sepolotiki jwa mafelo a bammala a Namaqualand. Ba ne, ka bogolo, ba tshela botoka mme ba le ba ntsi fa go bapisiwa le setšhaba sa baKhoiKhoi se se setseng, mme gape ba ne ba na le dipoêlô tsa thuto e e tsweleditsweng mo diatleng tsa baanamisa-tumelo.
Kwa Richtersveld go nna teng gono go ne ga tiiswa ke kgorogo ya Bosluis Basters ka 1949.

Setlhopha seno se se ntšhwa sa ‘bastaards’ se ne se pateleditswe go suta kwa legaeng la sona kwa sedikeng sa Pofadder sa Bushmanland ka ntata ya Groups Areas Act, e e dirilweng molao semmuso ka 1950.
E ne ele bontlha jo bo bosula jwa molaotheo jo bo neng bo gatelela gore ditlhopha tsotlhe tsa semorafe di tshwanelwa ke go ka kgaoganngwa ka semorafe.
Molao o (katoloso ya Land Act ya maloba ya 1913) e ne ele sebaki sa motseletsele wa go sutisa batho ka dikgoka le go tsenya naga mahutsana ka bo-1950 (go akaretsa Sophiatown, District 6, South End, jalo le jalo).

Batho ba ba Senang Seriti

Mme ka jalo, fa puso ya tlhaolele ya ga D.F. Malan e letsa sebepi, Bosluis Basters (ba ba dirwang ke malapa a ka nna 68) ba ne ba sena boitlhophelo fa ese fela go paka merwalo ya bona mo kariking le go bolola go feta 300 kms go kgabaganya mafatshe a lenyora mo patlong ya legae le le ntšhwa. Lefelo-boyo la bona e ne ele naga e e kgakala ya Richtersveld, e e neng e kaiwa fa ele lefelo la tatlhelo la batho ba ba sa batliweng le/kgotsa batho ba ba senang seriti.
E ne e tota e ka nna loeto lo lo letsapa, fela ba ne ba thusiwa ke boeteledipele jo bo bomolemô jwa moruti wa bona, Reverend Eksteen, yo a saleng a dula le morafe ka 1945. Kwa bofelong, lefelo le ne la tlhophiwa mo dintshing tsa motswedi yo monnye, mo gare ga lefela. Kereke e ne ya agiwa morago mme lefelo-bodulo le le ntšhwa le ne la theiwa Eksteenfontein, go tlotlomatsa moeteledipele pele wa bona wa semowa.
Fa ke konosetsa, ntetle go supa gore Group Areas Act e ne e sega ditsela ka bobedi. Ka bo-1950, malapa a ka nna robongwe a balemirui ba basweu (ba ka motsi oo ba neng sentle sentle ba ipeile mo lefelong le le beetsweng ba mmala) a ne a sutisiwa gotswa kwa Richtersveld. Ona a akareditse: lolapa lwa Avenant lo lo neng lo lema kwa De Hoop kwa Richtersveld National Park ya gompieno (mabitla a bana ba le mmalwa ba Avenant a santse a ka bonwa fa o itse gore o ka lebelela kae); boVan Rensburg ba ba neng ba na le logae kwa Grasdrif; lolapa lwa Graff kwa Gelykwerf; barwa ba ga Vries ba ba neng ba lema kwa setlhoeng sa Vandersterrberg le kwa Koeskop; le lolapa lwa Bosman lo lo neng lo dula kwa Stinkfontein (Eksteenfontein ya gompieno).

Translated by Nchema Rapoo