Taolô ya Lefatshe la Richtersveld

Seêmô sa Poelo-morago

©Nigel J Dennis
Kgakala kwa Richtersveld, bothibelelo jwa Kuboes jwa baanamisa-tumelo bo ne bo okangwe ke Reverend Hein, wa kereke ya Rhenish. Morafe o ne o bopiwa ke Nama, Khoikhoi, Bushmen bangwe le malapa a Baster ale mmalwa (ba kgale ba neng ba itsagale jaaka Bastaards). Lefelo-bodulo le ne le laolwa ke Groot Raad (kgotla-kgolo), e e neng e bopiwa ke baemedi ba ba tlhophilweng ke morafe mme e dulwasetulo ke tlhogo ya boanamisa-tumelo.
Pegelo ya nakwana e kaya gore ‘baagi ba Richtersveld ba dira fela malapa ale 47,a a akareditseng batho ba le 380, mme e ka nna palo yotlhe ya bona e e leng ba-Hottentot, mme Paul Links, morwa wa ga Mokapotene Paul Links yo o tlhokafetseng, e ne ele tlhogo ya bona: leruo la bona le ne le akaretsa dipitse di le 50, dikgomo tsa manaka di le 560, ga mmogo le dinku le dipodi di le 3,200. Bontsi jwa bona ba humanegile thata, mme ke tshaba gore ba mo seêmông sa poelo-morago.’

Groot Raad

Groot Raad e ne e okametse mekgaphe ya tsatsi le tsatsi ya morafe. Yona e ne e akaretsa ‘tlhokomelo ya tolamo, tharabololo ya dikgotlhang le kabo ya magae le ditshwanelo tsa phulô’. Fela, thulaganyo eno e ne e sa tlhoke bakgadi, mme Mission Stations and Communal Reserves Act e e umakilweng fa godimo e pateleditse kgaoganyo ya bolaodi jwa morafe le jwa sedumedi, mme ya tsenya boto ya Bogakolodi kgotsa Bolaodi e e sa amaneng le tsa sedumedi (e e bopilweng ke batswantle ba basweu).
Melelwane ya nnete ya bothibelelo jono jwa baanamisa-tumelo (mme, ka nnete, mathibelelo ka bontsi a baanamisa-tumelo mo Afrika Borwa) e ne e sa tlhapa. Fela ka dingwaga tsa bo-1890, batho ba Richtersveld ba ne ba kopa tlhaloso mo temeng eno ka ge lefatshe la bona le ne le thopiwa ke matsholo a a farologaneng a bokoloniale. Kwa bofelong ba ne ba supa kgaolo ya bogolo jo bo ka etsang 700 000 morgen (600 000 hectares) jaaka lefatshe la bona la mafulo, mme ba lopa thekete ya semmuso ya bodudi go netefatsa ditshwanelo tsa bona. Fela Rre S. Melvill, Second Assistant Surveyor-General, o ne a na le dikakanyo tse dingwe.

Mo pegelong ya gagwe kwa Palamenteng ‘ka ga mafatshe a a dulwang ke baagi ba selegae kwa Ditheong tsa Baanamisa-Tumelo tse di rileng le mafelo a mangwe kwa Namaqualand ‘, Mevill o kaile gore kopo ya go busetsa lefatshe e ne ele kgolo thata. O ne a tshitshinya go fokotswa ga lefatshe go nna 450 000 morgen (385 600 hectares), ka go duedisa bogolo jwa lefatshe le le ungwileng go ikala le dintshi tsa Orange ga mmogo le kgaolo ya lobopo, e e ka dirisetswang temôthuo kgotsa botshwara-tlhapi. Mo tiragatsong, ga go sepe se se dirilweng ka ditshitshinyo tseno, mme ga go thekete ya bodudi e e rebotsweng ka ge batho ba ne ba kaiwa fa ba tshela segologolo thata go ka itlhokomela.
Le fa ntswa go na le ketsaetsego ya tsa semolao, dipolase di le 5 mo lobopong di ne tsa adingwa balemirui ba basweu ka 1904. Ka 1919, molemirui yo o bitswang Cloete o ne ebile a leka go tshwaya Richtersveld yotlhe jaaka ya gagwe, selo se se bakileng tsibogo gotswa go Rev. Hein yo a rileng ‘Richtersveld ke ya morafe, ga gona motho yo a ka e dirang ya gagwe’. Morago, fa monyakaladi wa taemane o runya ka bo-1920, lefatshe le le dikaganyeditseng molomo wa Noka ya Orange le ne la adingwa badupi, le fa leno le lona e ne ele karolo ya kopo ya pusetso lefatshe la Richtersveld ya kwa tshimologong.

Translated by Nchema Rapoo