Tapole

© Louise Brodie

Leina la Bonetetshi: solanum tuberosum
Leina la Tlwaelô: Tapole

Tlhalosô ya Sejalo

Sejalo se na le matlhare a a sa lekalekaneng a dikalana fa godimo ga mmu a a sa jegeng, le digwere ka fa tlase ga mmu tse di dirang motswedi wa dijo o mogolo mo sejalong. Digwere di ka nna kgolokwe mme tse dingwe di mo sebopegong sa lee.

Ditiriso

E jewa e apeilwe jaaka motswedi wa di-carbohydrates. Gape go rothiswa metsi a tsona mo tlhagisong ya nnôtagi. Di a gatsetswa go dira di-chips. Setatšhe sa tapole se diriswa mo bodirelong jwa boapei jaaka sekitlanyi.
Mme di diriswa jaaka digwere tsa peo go jalô ya setlha se se latelang.

Ditlhokegô le Paakanyô ya Mmu Soil

E siame thata fa e jalwa mo mebung ya kelometsi e e siameng, e e tsenwang ke mowa sentle mme e kgona go tshola metsi, e e nang le kungô e e kwa godimo. Mebu ya serokwa e e motlhaba ke yona e e gaisang; seêlo se se kwa godimo sa mmopa se baka matsapa a kotulo. E itshokela mmu o o esiti, pH 4.3 goya go 6.1. pH e e kwa godimo e rotloetsa bolwetse jwa legôgô.
Petapeta mmu mo boteng jwa 500 mm mme o thube mmu o o kitlaneng le o o itirileng boalô. Morago ga fao lemolola mmu o o fa bogodimong jwa 300 mm mme o netefatse fa mmu o repisitswe ka tshwanelo le gore dijalo tsa tlhokakhabone kgotsa masaledi a mofero di lemelelwa mo mmung. Mmu o tshwanetse o nne metsi ka motsi wa tsamaiso eno. Kwa bofelong lema mmu o o fa bogodimong jwa 150 mm ka mogoma wa papetlatsheko go netefatsa fa karolo ya jalô e repiseleditswe jalô ya peo ya ditapole.

Bosa

Seno ke sejalo sa mo boseng jo bo fodileng se se itemogelang thôbô ya sona e kgolô le boleng jo bo gaisang kwa dikgaolong tse di nang le bosa jo bo itekanetseng le boleele jwa letsatsi jo bo mo magareng ka paka ya kgolô. Malwetse, disenyi le kgatelelô ya metsi ka nako efe kgotsa efe fa ditapole di gola ke dikganedi tse kgolo tsa ntshô-tlhagiso. Ga e diragatse bontle mo dithemphoritšhareng tse di kwa godimo ga 28°C.

Dijadi

Dijadi tse di tumileng ke BP1, Up-to-Date, Vanderplank, Buffelspoort, Astrid, Hoëvelder, Mnandi.
Ka fa ele sejalo sa morogo se se botlhokwa, go dirwa ga dijadi go gontsi go ntse teng mme dijadi di le di ntsi tse diša di dirilwe.

Translated by Nchema Rapoo