Jalô ya Tapole

© Louise Brodie

Jadisô

Jadisô e dirwa ka ditapole tsa peo kgotsa digwere.

Mokgwa wa Jalô

Jalô e ka dirwa ka seatla kgotsa motšhine wa jalô. Jala ditapole tsa peo kgotsa digwere mo boteng jwa 150 mm. Fa dijalo di setse di goletse kwa boleeleng jwa 25 goya go 30 cm, dijalo di ka direlwa ridging go sireletsa thitô kgatlhanong le letsatsi mme kgatlhanong le disenyi go digwere tse di kwa tlase ga mmu.

Ridging ke fa mmu o o dikaganyeditseng dijalo tse diša tsa tapole o diriswa go aga mmotwana kgotsa totoma e digwere di tlileng go tlhogela mo go yona. Seno se ka dirwa ka motšhine kgotsa seatla.

Katoganô

Dijalo di tshwanetse go katoganngwa ka sekgala sa 20 goya go 30 cm mo meleng e e katoganeng ka sekgala sa 80 goya go 100 cm.

Nako ya Jalô

Mo dikgaolong tse di senang segagane ditapole di ka jalwa go simolola ka Phatwe go fitlha go sale gale ka Seetebosigo mo ngwageng o o latelang. Mo dikgaolong tse segaganeng se nnang teng gantsi jalô e botoka fa e dirwa mo dikgweding tsa Phatwe go fitlha Sedimonthole le go tsenelela ka tshimologo ya Ferikgong.

Paka ya Kgolô

Malatsi ale 110 goya go 150 morago ga jalô.

Kumiso

Ka motsi wa jalô, tshela go ka nna 1000 kg ya 2:3:4 (30). Tshela go ikala le mela ya jalô. Dibeke di le thataro morago ga jalô tshela 500 kg ya LAN. Go na le menontsha ya tlhokakhabone e e siameng thata e e dirang sentle ka ditapole.

Nosetsô

Mmu o tshwanetse go metsifala ka motsi wa jalô mme o se nne metsi metsi. Nosetsa gabedi mo bekeng, ka nosetsô ya magareng ga 30 le 40 mm ka beke. Fa dithemphoritšhara di le kwa godimo thata mme mebu e e motlhaba e omelela ka bonako, seno se ka ya go fitlha go 60mm ka beke ka nosetsô-tsheko tse 3.
Simolola go fokotsa nosetsô fa dijalo di simolola go swaba fa kotulo e atumela.

Translated by Nchema Rapoo