Taolô-Jalô ya Nawa e Tala

© Louise Brodie

Tikoloso ya Sejalo

Dijalo tsa dinawa tse tala ka go eletsega di tshwanetse go ka dikoloswa le dijalo tse dingwe tsa monawa go efoga tshwaetsano ya malwetse a a jaaka Fusarium-Wilt, Anthracnose le Bacterial Blight.

Thôbô (di-tonne mo hekethareng)

E e lekanetseng: Di-tonne di le thatato
E e magareng: Di-tonne di le robedi
E e siameng: 12+ tonnes

Kotulo

Simolola go kotula mo dibekeng di le lesome. Boeletsa kotulo malatsi ale mabedi goya go ale mararo morago ga fao, go rotloetsa makukunya a maša, gore ntshô-tlhagisô e oketsege. Morago ga fao kotulo ya tsatsi le tsatsi e ka dirwa go tshwara diphotlwa fa di santse di le diša le boleta, ka ntlha ya fa dinawa di butswetsa ka bonako, segolo thata fa bosa bo thuthafalela mo selemong.
Kotula dinawa tse tala go sale gale mo mesong fa go santse go rurufetse, ka ge dinawa di ka oma le go swaba mo maêmông a a bothitho. Go botlhokwa gore o ise dinawa kwa felong-polokelo e e rurutseng pele diura di le pedi di feta.

Poloko

Boloka dinawa mo themphoritšhareng ya bone goya go botlhano jwa °C mo bontsing jwa malatsi ale supa, go netefatsa fa o rebola setlhagiswa se se boleng. Ka keletso, bongôla jo bo kwa godimo ga 90% bo tshwanetse go tsholwa mo lefelong la polokelo.

Taolô ya Disenyi le Malwetse

Go botlhokwa gore motlhagisi a bone maele gotswa go bothati jwa selegae kgotsa moitseanape o mongwe wa dikhemikhale tsa taolô ya disenyi le malwetse.

Disenyi

Nematodes, bothata jo bo tlwaelegileng thata eleng Root Knot Nematodes, e tshwanetse go alafiwa ka go tshela dibolayamegare mo mmung pele go ka jalwa. American bollworm, aphids pumpkin fly, Red Spider Mite le Thrips ke dingwe tsa disenyi tse di tlwaelegileng mo ntshô-tlhagisông ya Dinawa tse Tala.

Malwetse

Mangwe a malwetse a a tlwaelegileng a a amang ntshô-tlhagisô ya Nawa e Tala ke Rusu, Mogare wa Nawa wa Mosaic, Fusarium Root Rot, Anthracnose, Bacterial Blight le Sclerotinia.