Swiss Chard

©Louise Brodie
Leina la Bonetetshi: Beta vulgaris var. cicla
Leina la Tlwaelô: Swiss chard

Tlhalosô ya Sejalo

Sejalo se se matlhare ka matlhare a a phatsimang a a gautsegang a mmala o o botala jo bo setlhafetseng kgotsa jo bo fifetseng, a boleele jwa 25 goya go 40cm le bophara jwa 15 goya go 20cm. Matlhare a simolola a tlhamaletse fa a sale maša fela jaaka a gola a nna matsutsuba. Mefuta ka go farologana e na le mebala ele mentsi e e farologaneng ya thitô, e e dirang ditshono tsa papatso tse di kgatlhisang le dipontsho tsa barekisi le baapei. Sejalo se ka rojwa dingwaga di le pedi ka go segwa fa matlhare a tlhoga.

Ditiriso

Matlhare a jewa a apeilwe mme matlhare a maša a jewa gape ale matala mo disalateng. Matlhare gape a dirwa matute. Sejalo se na le seelo se se kwa godimo sa Vitamin A mme se humile ka di-folate. Se na le itakenelo e kgolo mo phepông ya bana.

Ditlhokegô le Paakanyô ya Mmu

E ka jalwa mo mefuteng ka bontsi ya mmu fela sejalo se dira go gaisa mo mebung ya serokwa e e motlhaba e e tswang metsi sentle mme e na le pH ya magareng ga 6 le 7. Sejalo ga se kgone mebu e e esiti ka jalo tshêlô ya Dolomitic Lime e ka tlhokega go isa mmu kwa pH e e kwa godimo ga 6.

Bosa

Swiss chard ke sejalo sa bosa jo bo rurufetseng mme e ka diragatsa bontle mo motseletseleng wa themphoritšhara o o atologang magareng ga 8 le 25°C. Sejalo ga se kgone go itshokela botsididi jo bo tseneletseng jo bo kwa tlase ga 5°C kgotsa mogote o o kwa godimo ga 28°C. Le fa sejalo se kgona go falola segagane sa paka-kutshwane, ga se kgonane le segagane ka gotlhelele. Dithemphoritšhara tse di kwa godimo di kganela kgolô ya matlhare.

Dijadi

Magenta Sunset, Fordhook Giant, Canary Yellow, Lucullus, Flamingo Pink, Red Rhubarb le Barese go umaka di le mmalwa.

Translated by Nchema Rapoo